Dirisa Nako ya Gago ka Tsela e e Nang le Matswela
1 Rotlhe re na le nako e e lekanang beke nngwe le nngwe. Karolo ya nako e re e dirisang go bolela dikgang tse di molemo e botlhokwa thata ka gonne ke nako e re e dirisang mo tirong ya go boloka matshelo. (Bar. 1:16) Re bontsha gore re anaanela seno ka go baakanyetsa sentle fa re ya tirelong, ka go fitlha ka nako kwa dipokanong tsa tirelo le go se senye nako fa re ya kwa tshimong. Go botoka go rera go na le go senya nako o letile. E re ka Jehofa a re rutile gore “sengwe le sengwe se na le motlha wa sone,” re tlhoka go dira gore nako e re e beetseng kwa thoko go dira bodiredi e dirisiwe ka tsela e e nang le matswela thata.—Mor. 3:1.
2 Rulaganya Nako ya Gago ka Botlhale: Re nna le masego a le mantsi fa re tshwarelela ka nitamo thulaganyo e e re thusang go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Re ka lebelela gore matswela a a molemo a re nnang le one mo bodireding a tshwanetse a lekana le nako e re e dirisang mo tirelong. Fa re ka dira diphetogonyana tse dinnye mo thulaganyong ya rona, a re ka kgona go dirisa nako e e oketsegileng mo tirelong ya tshimo? Ka sekai, morago ga tiro ya dimakasine ka Matlhatso, a re ka dirisa nakonyana e e oketsegileng re dira maeto a le mmalwa a go boela? Fa re nnile mo bodireding jwa tshimo lobakanyana ka Sontaga, a re ka se dirise nako e e rileng gape go dira maeto a go boela kana go tshwara thuto ya Baebele? A re ka kgona go oketsa tiro ya rona ya ntlo le ntlo ka go neela bosupi mo mmileng? Ka ditsela tseno kana tse dingwe, re ka kgona go tokafatsa tirelo ya rona.
3 Fa re le mo bodireding, re ka latlhegelwa ke nako ya botlhokwa fa re sa nne kelotlhoko. Gone ke boammaaruri gore fa maemo a legodimo a sa itumedise, go ikhutsa go sekae go ka re lapolosa le go re thusa go tswelela pele. Le fa go ntse jalo, o se ka wa feteletsa dilo ka gonne go ikhutsa ka tsela eno ga se ka dinako tsotlhe go tlhokegang.
4 Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ntse go nna thata go fitlhela batho kwa gae. Go dirisana le boemo jono, bontsi jwa baboledi bo dira bosupi jwa bone jwa ntlo le ntlo ka dinako tse di farologaneng mo letsatsing. Ke ka ntlha yang fa o sa leke go neela bosupi thapama kana maitseboa?
5 Go molemo gore re se ka ra nnela go tsaya dikgang ka nako ya fa re le mo tirong ya mmila. Go na le moo, katoganang mme lo atamele batho gore lo buisane le bone. Ka go dira jalo lo tla dirisa nako sentle mme lo tla bona boipelo mo tirong ya lona.
6 Dirisa Ditshono Tsa go Rera: Fa mong wa ntlo mongwe a ne a re ga a kgatlhege, Mosupi mongwe o ne a mmotsa gore a go na le mongwe gape mo ntlong yo a neng a ka tlotla le ene. Seno se ne sa dira gore a tlotle le rre wa mo ntlong, yo o neng a ntse a lwala ka dingwaga di le dintsi mme a tlhola a robetse ka metlha. Tsholofelo e e mo Lefokong la Modimo e ne ya dira gore a kgatlhegele botshelo gape. Ka bonako fela o ne a fola, a nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi mme a bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya gagwe e a sa tswang go nna le yone!
7 Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o ne a dirisa kakantsho ya go dira tirelo ya tshimo ura pele ga Thuto ya Buka ya Phuthego. Mo ntlong ya ntlha, o ne a kopana le mosetsana mongwe wa dingwaga di le 13 yo o neng a reeditse ka kelotlhoko a bo a tsaya le buka. Letsatsi le le latelang kwa sekolong, kgaitsadi yono yo mosha o ne a bona mosetsana yono gape. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a ithaopa go ithuta Baebele le ene mme mosetsana yono o ne a dumela.
8 E Dire Nako e e Molemo Thata: Go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo go re thusa go nna le bokgoni mo go neeleng dikgang tse di molemo. A o ka tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go simolola motlotlo mo ntlong ka go dirisa matseno a a atlegang thata? A o ka nna morutisi yo o setswerere thata fa o tshwere thuto ya legae ya Baebele? Ka go dira jalo, o ka dirisa nako ya gago mo tirelong ka tsela e e mosola mme wa dira gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela a a molemo thata.—1 Tim. 4:16.
9 E re ka “nako e e setseng e khutshwafetse,” matshelo a rona a tshwanetse a tlala ka ditiro tsa Bokeresete. (1 Bakor. 7:29) Go beela nako e e rileng kwa thoko go rera go tshwanetse ga tla kwa pelepele mo dilong tse o di dirang. A re nneng le seabe ka botlalo, ka tlhoafalo mo bodireding. Nako ke selo sa botlhokwa thata se Jehofa a re fileng sone. Ka metlha e dirise ka botlhale le ka tsela e e nang le matswela.
[Box on page 4]
Akanyetsa Dikakantsho Tseno:
◼ Goroga ka nako kwa dipokanong tsa tirelo.
◼ Fa go kgonega, rerang ka ditlhopha tse dinnye.
◼ Tilang go senya nako fa lo ya kwa tshimong.
◼ Dirang mo tshimong fa go na le batho ba bantsi mo magaeng.
◼ Dira o le mongwe ka dinako dingwe fa go se kotsi go dira jalo.
◼ Dira maeto a go boela a a fa gaufi le fa lo tsamayang ka ntlo le ntlo gone.
◼ Nna o tshwaregile mo tirelong fa ba bangwe ba setlhopha sa lona ba diegile mo ntlong.
◼ Nako le nako fa go kgonega, go ikaegile ka maemo, dirang lobaka lo lo fetang ura.