“A Lesedi la Lona le Phatsime”
1 Lefatshe le le re dikologileng le mo lefifing mo boitsholong le mo semoyeng. Lesedi la boammaaruri le senola ‘ditiro tse di sa ungweng’ tsa lefifi gore dikgopi tseno tse di kotsi di kgone go tilwa. Ka ntlha ya seno, moaposetoloi Paulo o ne a kopa Bakeresete jaana: “Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi.”—Baef. 5:8, 11.
2 “Maungo a lesedi” a farologana thata le lefifi la lefatshe. (Baef. 5:9) Gore re kgone go ungwa maungo ano re tshwanetse go nna dikao tse di tlhomologileng mo botshelong jwa Bokeresete, re nne mofuta wa batho ba Jesu a ba amogelang. Gape re tshwanetse go bontsha dinonofo tsa go dira ka pelo yotlhe, go nna peloephepa, le go nna matlhagatlhaga mo boammaaruring. Re tshwanetse go bontsha maungo ano mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi le mo bodireding jwa rona.
3 Phatsimang ka Sebaka Sengwe le Sengwe: Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho.” (Math. 5:16) Fa re etsa Jesu, re phatsimisa lesedi la ga Jehofa ka go rera ka Bogosi jwa Modimo le ka maikaelelo a gagwe. Re phatsima jaaka masedi fa re etela magae a batho le fa re bolela boammaaruri kwa tirong, kwa sekolong, mo baagelaning ba rona le gongwe le gongwe fela fa re bulegelwang ke sebaka gone.—Bafil. 2:15.
4 Jesu o ne a bolela gore bangwe ba ne ba tla tlhoa lesedi. (Joh. 3:20) Ka jalo ga re kgobege marapo fa batho ba bantsi ba gana gore “go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete” go ba phatsimele. (2 Bakor. 4:4) Jehofa o bona se se mo dipelong tsa batho mme ga a batle gore batho ba ba dirang bosula ba nne mo gare ga batho ba gagwe.
5 Fa re latela ditsela tsa ga Jehofa mme re ipelela lesedi la semoya, re ka le phatsimisetsa ba bangwe. Fa ba lemoga ka boitshwaro jwa rona gore re ‘ruile lesedi la botshelo,’ le bone ba ka nna ba tlhotlheletsega go dira diphetogo tse di tlhokegang gore ba tle ba nne batshodi ba lesedi.—Joh. 8:12.
6 Ka go phatsimisa lesedi la rona, re baka Mmopi wa rona e bile re thusa batho ba ba dipelo di phepa gore ba mo itse le gore ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (1 Pet. 2:12) E re ka re tshotse lesedi, a re le dirisetseng go thusa ba bangwe gore ba bone tsela e ba ka tswang ka yone mo lefifing la semoya mme ba ungwe ditiro tsa lesedi.