A o Batla go Dira mo go Oketsegileng?
1 Jesu o ne a tshwantsha Bogosi le matlotlo a a tlhwatlhwakgolo. (Math. 13:44-46) Tiro ya go anamisa dikgang tsa Bogosi le yone ke letlotlo le le tlhwatlhwakgolo. Bodiredi jono bo tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona, le fa go nna le seabe ka botlalo mo go jone go batla gore motho a ithontshe dilo dingwe. (Math. 6:19-21) A o batla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya Bogosi?
2 Sekaseka Dilo Tseno Tse di Botlhokwa: Go na le dilo dingwe di le mmalwa tse di tlhokegang gore re kgone go oketsa seabe sa rona mo bodireding: (1) go iketleetsa go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong (Math. 6:33); (2) go dumela mo go Jehofa le go ikaega ka ene (2 Bakor. 4:1, 7); (3) go batla thuso ya ga Jehofa ka go rapela ka tlhoafalo le ka metlha (Luke 11:8-10); (4) go dira tumalanong le dithapelo tsa rona.—Jak. 2:14, 17.
3 Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Rona: Rotlhe re ka ipeela mokgele wa konokono wa go nna le seabe ka metlha mo bodireding kgwedi nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, a o kile wa akanyetsa le go dirisa sebaka sengwe le sengwe go neela bosupi ka tsela e e seng ya tlwaelo, o lwela go dira gore dipuisano tsa gago di solegele batho molemo thata, o dira gore maeto a gago a go boela a nne le matswela a magolo le go leka ka natla go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di gatelang pele? A o ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang kana wa ka metlha kana go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone? Fa o le mokaulengwe yo o kolobeditsweng, a o ka dira ka natla gore o tshwanelegele go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane? (1 Tim. 3:1, 10) A o ka oketsa bodiredi jwa gago ka go tsenya kopo ya go direla kwa Bethele, go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi kana go thapisediwa go nna morongwa kwa Sekolong sa Gileade?—Luke 10:2.
4 Mokaulengwe mongwe yo o neng a bereka tiro ya nako e e tletseng e bile a dirisa nako e ntsi thata mo ditirong tsa metshameko o ne a kgothalediwa go nna mmulatsela wa ka metlha. O ne a simolola e le mmulatsela yo o thusang mme moragonyana a baakanya maemo a gagwe gore a tsenele bodiredi jwa nako e e tletseng. Moragonyana o ne a ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, se se neng sa mo thusa go ipaakanyetsa kabelo ya gagwe ya ga jaana ya go nna molebedi wa potologo. O itumelela thata go bo a ile a tsibogela kgothatso e a neng a e newa, mme o dumela a sa belaele gore tshwetso ya gagwe ya go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya Bogosi ke yone e e mo leretseng boitumelo jo bogolo jaana.
5 Jehofa o segofatsa batho ba ba ithaopang gore a ba dirise. (Isa. 6:8) O se ka wa letlelela sepe se go thibela go oketsa seabe se o nnang le sone mo bodireding le go bona kafa bo ka dirang gore o ipelele kgotsofalo le tapologo e kgolo thata ka teng.