Karolo 11: Go Thusa Baithuti go Dira Maeto a go Boela
Go Tshwara Dithuto Tse di Gatelang Pele Tsa Baebele
1 Fa motho yo re ithutang Baebele le ene a simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera, o tla kopana le batho ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo. Re ka thusa mmoledi yo mosha jang gore a dire maeto a go boela a a nang le matswela le go godisa kgatlhego ya batho ba a kopanang le bone?
2 Loeto lwa go boela lo baakanyediwa ka nako ya fa motho a le mo loetong lwa ntlha mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Kgothaletsa moithuti go bontsha ba a buang le bone gore o a ba kgatlhegela. (Bafil. 2:4) Mo thapise kgato ka kgato gore a nne le bokgoni jwa go dira gore mong wa ntlo a itlhalose, a reetse dikarabo tsa mong yoo wa ntlo a bo a ele tlhoko gore ke eng se a amegileng ka sone. Fa motho a kgatlhega, dira gore mmoledi yo mosha a kwale tshedimosetso e e botlhokwa ka ene. Dirisa tshedimosetso eo go mo thusa go baakanyetsa metlotlo e lo tlileng go e tshwara le ene mo nakong e e tlang.
3 Go Baakanyetsa Loeto Lwa go Boela: Boeletsang dintlha dingwe tse lo neng lwa di tlotla le mong wa ntlo mo loetong lwa ntlha o bo o bontsha moithuti gore a ka tlhopha jang puisano nngwe ya molaetsa wa Bogosi e e tla kgatlhang mong wa ntlo. (1 Bakor. 9:19-23) Baakanyetsang mmogo puisano nngwe e khutshwane e e nang le temana e le nngwe fela le serapa se le sengwe fela mo bukeng e lo e ithutang le ene. Gape, baakanyetsang potso e lo tlileng go e botsa kwa bokhutlong jwa motlotlo wa lona e le go baakanyetsa loeto lo longwe gape lwa go boela. Bontsha mmoledi yo mosha gore a ka thusa mong wa ntlo jang go oketsa kitso ya Lefoko la Modimo e a nang le yone fa a ntse a mo etela gagwe le gape.
4 Go botlhokwa gore gape o rute mmoledi gore a dirise matseno a a sa raraanang. Fa a sena go dumedisa mong wa ntlo, a ka nna a re: “Ke ile ka itumelela motlotlo wa rona mo nakong e e fetileng, mme ke boile go tla go tlotla le wena ka tshedimosetso e nngwe gape e e tswang mo Baebeleng, e e buang ka [umaka kgang e o tlileng ka yone].” O ka nna wa tshwanelwa ke go bontsha mmoledi yo mosha gore a reng fa a fitlhela go na le motho mongwe o sele mo ntlong.
5 Tlhagafalela go Dira Maeto a go Boela: Kgothaletsa motho yo o ithutang le ene gore a tlhome sekao se se molemo sa go boela ka bonako kwa go botlhe ba ba kgatlhegang. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o tseye matsapa a go boela gantsintsi gore o fitlhele go na le batho kwa gae. Bontsha moithuti gore a ka beelana nako le bone jang, o bo o mo thuse go bona botlhokwa jwa go boela kwa go bone jaaka a ba solofeditse. (Math. 5:37) Ruta mmoledi yo mosha gore a nne pelonomi, a bontshe go akanyetsa ba bangwe le go ba tlotla fa a ntse a dira tiro ya go batla batho ba sekadinku le go godisa kgatlhego e ba nang le yone.—Tito 3:2.