Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
1, 2. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka dibuka tsa rona, mme seno se tsosa potso efe?
1 “Ke sa le ke ntse ke bala dikgatiso tsa lona go tloga ka 1965. Ke dirisa Baebele fa ke di bala, mme sengwe le sengwe se se mo dikgatisong tsa lona se dumalana le Baebele. Ke bogologolo ke ntse ke batla go itse boammaaruri ka Modimo le Jesu, mme ke kgona go bona dikarabo tse di boammaaruri ka go dirisa dikgatiso tsa lona le Baebele.” Eno ke tsela e monna mongwe a neng a kwala ka yone, a kwalela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa. Mo lekwalong leo la gagwe, o ne a bo a kopa gore a rutiwe Baebele.
2 Jaaka monna yo o itumetseng yono, batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba rata dibuka tsa rona tse di ba thusang go ithuta Baebele tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Ngwaga le ngwaga, go gatisiwa dibuka di le dintsi thata tsa go thusa batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang gore “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Re ka dirisa jang ka botlhale dikgatiso tseno tsa rona, tse di theilweng mo Baebeleng?
3. Re ka dira jang gore re se ka ra senya ka dibuka tsa rona?
3 O se Ka wa Senya ka Tsone: Fa nako e ntse e tsamaya, go ka direga gore dibuka tse re neng re batla go di tsamaisa di koelane. Re ka dira eng gore re se ka ra senya ka dibuka tsa rona tse di botlhokwa? Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re tsaya di le kana kang gore re di tsamaise fa re le kwa bodireding. Mo boemong jwa gore re tseye dibuka di le dintsi tsa kgatiso e e tsamaisiwang, re ka nna ra tsaya e le nngwe fela kgotsa di le pedi re bo re boa re tla go tsaya tse dingwe fa tse re di tsereng di fedile. Seno se tla dira gore go se ka ga nna le dibuka di le dintsi tse di koelanang kwa magaeng a rona. Ka tsela e e tshwanang, fa re na le dimakasine di le dintsi tse re sa kgonang go di tsamaisa, go ka nna molemo gore re fokotse palo e re kopileng gore re e newe.
4. Ke eng se se ka dirwang fa phuthego e na le dibuka tse dintsi go feta selekanyo mo setokong?
4 Setoko se Sentsi go Feta Selekanyo: Fa phuthego e na le dibuka dingwe tse dintsi go feta selekanyo mo setokong, mookamedi wa dibuka a ka nna a rata go bona gore a diphuthego dingwe tse di gaufi le ya gagwe di ka rata go dirisa dingwe tsa dibuka tseno. Baboledi ba ka nna ba tsamaisetsa ba malapa a bone ba e seng Bakeresete dibuka tseno tsa bogologolo, batho ba ba ithutang Baebele le bone le ba bangwe. Batho ba ba sa tswang go kopanela le phuthego ba ka nna ba rata go nna le dibuka tseno tsa bogologolo gore ba tle ba di tsenye mo laeboraring ya bone ya dibuka tseno tsa rona.
5. Re ka bontsha jang gore re anaanela dibuka tsa rona?
5 Re batla gore dibuka tsa rona di dirisediwe boikaelelo jwa tsone, e leng go thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang gore ba ithute go le gontsi ka maikaelelo a mantle a ga Jehofa. Fela jaaka Jesu a se kile a senya ka dijo tse di neng di setse fa a sena go fepa boidiidi ka kgakgamatso, boikaelelo jwa rona e tshwanetse gore e nne go dirisa ka tsela e e molemo dibuka tseno tsa rona tse di botlhokwa tse di theilweng mo Baebeleng. (Joh. 6:11-13) Molaetsa o o bolokang botshelo o dibuka tsa rona di nang le one ga o ka ke wa ama dipelo tsa batho ba ba ratang tshiamo fa di beilwe fela mo dishelofong tsa rona kgotsa mo teng ga dibeke tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya dibuka tse di re lekaneng sentle tse re batlang go di dirisa kwa bodireding mme re di dirise ka botlhale gore di solegele batho ba bangwe molemo.—Bafil. 4:5.