Buka ya Baebele e Ruta Eng?—Buka ya Konokono E re E Dirisang go Ithuta Baebele
1 Re ile ra itumelela go amogela buka ya Baebele e Ruta Eng? kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Ikobela Modimo”! Batlakopanong ba ne ba itumelela go amogela buka eno kwa bofelong jwa lenaneo la Matlhatso. Buka eno e ntšha e re tlileng go e dirisa go ruta e tla dirisiwa jang? E diretswe gore e nne buka e re e dirisang go ithuta Baebele. Le fa buka eno e ntšha e tla tsamaisiwa la ntlha ka June, baboledi ba kgothalediwa go simolola go e dirisa ka bonako go simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara.
2 Dithuto Tsa Gone Jaanong Tsa Baebele: Baboledi ba ba tshwarang dithuto tsa Baebele ka buka ya Kitso kgotsa ka boroutšhara jwa Re Direng ba tshwanetse go dirisa temogo fa ba dira ditshwetso tsa gore ba tshwanetse go simolola go dirisa buka eno e ntšha jang le gone leng fa ba ithuta. Fa thuto e sa tswa go simololwa, o ka nna wa simolola kwa buka eno e ntšha e simololang gone. Fa o le kwa pelenyana mo bukeng ya Kitso, o ka nna wa tswelela ka thuto mo kgaolong e e tsamaisanang le yone mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Fa o le gaufi le go fetsa buka ya Kitso, o ka nna wa swetsa go e feleletsa.
3 Kwantle ga pelaelo rotlhe re itse batho ba le bantsi ba ba tla solegelwang molemo ke go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng? Ke ka ntlha yang fa o sa tshwarele mongwe le mongwe wa bone thuto ya Baebele mo bukeng eno e e rutang boammaaruri jwa Baebele kgato ka kgato? Ka sekai, batho ba ba ithutileng boroutšhara jwa Re Direng kgotsa buka ya Kitso mme ba sa gatela pele go fitlha ba ineela le go kolobediwa ba ka nna ba rata go simolola go ithuta ba dirisa buka eno e ntšha. Batsadi ba ka nna ba rata go dirisa buka eno go ruta bana ba bone kitso ya boammaaruri ya thato ya Modimo.—Bakol. 1:9, 10.
4 Go Ithuta Buka ya Bobedi: A go na le thulaganyo ya gore moithuti wa Baebele a ithute buka ya bobedi fa a sena go fetsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Ee. Fa go bonala gore moithuti o gatela pele, mme fela e le gore o bonya, e bile o anaanela se a se ithutang, thuto ya Baebele e ka tswelela pele go dirisiwa buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri. Re solofela gore buka ya Baebele e Ruta Eng? e tla nna sedirisiwa se se maatla se re nang le sone fa re ntse re diragatsa thomo ya go dira barutwa.—Math. 28:19, 20.