LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/06 ts. 4-5
  • Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Latela Keresete ka go Bontsha Seriti
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Baka Jehofa mo Phuthegong e Kgolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 9/06 ts. 4-5

Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa

1. Setlhogo sa kopano sa reng, mme ke ka ntlha yang fa se tshwanela?

1 Isaia o ne a kwala jaana: “Jehofa ke Modimo wa katlholo. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” (Isa. 30:18b) Go na le dipego di le dintsi tsa Baebele tsa Modimo a diragatsa katlholo mo babeng ba gagwe le go golola batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ke dithuto dife tse baobamedi ba ga Jehofa gompieno ba ithutang tsone mo dipegong tseno? Re ka dira eng gone jaanong go ipaakanyetsa “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa”? (Joele 2:31, 32) Kopano ya rona e e tlang ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” e tla re tlhotlheletsa go akanya ka dipotso tseo le go itlhatlhoba. E tla re thusa go nna re lebeletse Jehofa.

2. Re ka bontsha jang gore re anaanela kopano ya rona ya kgaolo?

2 A o setse o dirile dithulaganyo tsa go nna gone le go solegelwa molemo ke thulaganyo ya malatsi otlhe a mararo a kopano? Ka sekai, a o setse o kopile mothapi wa gago go go rebola go ya kwa kopanong? O se ka wa tlogelela dilo motsotso wa bofelo. Rapela ka kgang eno. Morago ga moo kopa mothapi. (Neh. 2:4, 5) Gape, ga re a tshwanela go busetsa morago dithulaganyo tsa sepalanngwa, tsa marobalo le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Go rulaganya dilo jalo ka tsela e e molemo go bontsha gore re anaanela thata thulaganyo ya ga Jehofa ya semoya. Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba thusa ba ba tlhokang thuso ya go rulaganyetsa kopano, segolobogolo batho ba ba godileng mo phuthegong.—Bagal. 6:10.

3. Ke dinonofo dife tse di tshwanetseng go bonala mo bathong ba ga Jehofa mo motseng wa kopano?

3 Boitshwaro jo bo Molemo bo Tlotla Modimo: Fa re kokoana ka bontsi kwa dikopanong, boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo neela bosupi mo bathong. Seno se tlhoka gore re dire eng? Fa re le kwa dihoteleng, diresetšhurenteng le kwa mafelong a mangwe a kgwebo mo lefelong la kopano, ba re dirisanang le bone ba tshwanetse go kgatlhiwa ke dinonofo tsa rona tsa Bokeresete, tse di jaaka bopelotelele, bonolo le tekatekano. (Bagal. 5:22, 23; Bafil. 4:5) Rotlhe re tshwanetse go bontsha lorato lo ‘lo sa itshwareng ka tsela e e sa tshwanelang, lo lo sa ipatleleng melemo ya lone fela, lo lo sa gakatsegeng.’ Tota le fa mathata kgotsa maemo a a sa itumediseng a tlhaga, re tla batla go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’—1 Bakor. 10:31; 13:5.

4. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go itshwara ka tsela e e galaletsang Jehofa?

4 Morago ga kopano nngwe, manejara mongwe wa hotele o ne a kgatlhilwe thata ke boitshwaro le kafa basha ba rona ba neng ba lebega ka gone mo e leng gore o ile a re o eletsa gore “ka dinako tsotlhe Basupi ba ga Jehofa ba robale mo hoteleng ya gagwe.” A bo seo se itumedisa jang ne! Seno se bontsha thapiso le kaelo e e molemo tse lona batsadi lo di neelang bana ba lona. Go tla bo go se botlhale gore batsadi ba letlelele bana ba bone go nna mo kamoreng ya hotele ba sa tlhokomelwa ke ope. Bana ba tshwanetse gore ba tlhokomelwe ka dinako tsotlhe. (Dia. 29:15) E kete boitshwaro jwa bone jo bo molemo bo ka galaletsa Jehofa le go ipedisa pelo ya gagwe!—Dia. 27:11.

5. Re ka tlotla Jehofa jang ka moaparo wa rona le ka tsela e re ipaakanyang ka yone mo mmeleng?

5 Go Apara le go Ipaakanya mo Mmeleng ka Tsela e e Siameng: Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa gore kopano e itumedise ka go tila mekgwa ya go apara le ya go ipaakanya e e feteletseng, e e sa tshwanelang kgotsa e e botlhaswa. Seno se akaretsa le fa re ya kwa motseng wa kopano le fa re boa, fa re thusa go baakanya lefelo la kopano le fa re reeditse thulaganyo. Mo go rona batlhanka ba Modimo, selo sa ntlha se re amegileng ka sone ke leina la ga Jehofa le kafa a itsegeng ka teng, e seng dilo tse re di ratang. Ditlhogo tsa malapa di na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore tsela e ba malapa a bone ba lebegang ka yone e bontsha boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo ka dinako tsotlhe.—1 Tim. 2:9.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re lebega ka tsela e e nang le seriti ka nako ya go iketla fela jaaka ka nako ya thulaganyo ya kopano?

6 Go botlhokwa gore re nne re lebega ka tsela e e nang le seriti le ka nako ya go iketla kwa dihoteleng, kwa mabenkeleng le kwa diresetšhurenteng. Go a tshwanela go apara diaparo tsa rona tsa kopano fa re ya go ja kwa diresetšhurenteng morago ga lenaneo. Go tsenya dibetšhe tsa rona tsa kopano go dira gore re nne le ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo.—2 Bakor. 6:3, 4.

7. Re ka thusa jang gore dilo di tsamaye ka thulaganyo le ka tsela e e itumedisang kwa kopanong? (Bona “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo.”)

7 Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Jehofa o tla nna a lebeletse go lo bontsha kamogelo, mme ka jalo o tla ema a lo bontsha kutlwelobotlhoko.” (Isa. 30:18a) Go leboga bopelotlhomogi jwa ga Jehofa le bopelonomi jo bo sa tshwanelang go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go mo tlotla ka boitshwaro jwa rona le tsela e re lebegang ka yone fa re phuthegile mmogo kwa dikopanong tsa rona. E kete Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” e ka galaletsa Modimo wa rona le go re thusa go nna re mo lebeletse!

[Box on page 5]

Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo

◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mo malatsing otlhe a mararo, thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. Metsotso e le mmalwa pele thulaganyo e simolola, modulasetulo o tla bo a ntse mo seraleng fa go ntse go tshameka mmino wa Bogosi o o gatisitsweng. Re kopiwa gore rotlhe re nne fa fatshe ka nako eo gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla khutla ka 4:25 p.m. ka Labotlhano, ka Matlhatso ka 4:15 p.m., mme ka Sontaga, e tla khutla ka 3:20 p.m.

◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a mo go one re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la teng la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Re tla letlwa go phaka mo lefelong leno fa re tsentse dibetšhe tsa rona tsa kopano. E re ka gantsi go se na lefelo le legolo go le kalo la go phaka dikoloi, go ka nna molemo gore re tlatse dikoloi tsa rona go na le gore tse dingwe di tle di na le motho a le mongwe kgotsa ba le babedi fela.

◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe.

◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya kafa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.

◼ Meneelo: Go baakanyetsa kopano ya kgaolo go ja madi a a seng kana ka sepe. Re ka bontsha gore re anaanela go baakanyediwa ga yone ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya rona ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa gore leina la akhaonto ke mang mo Komiting ya Kopano.

◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso a gore mongwe a lwale thata mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi mongwe yo o fa gaufi, mme ene o tla bolelela Lefapha la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lefapheng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kae le go thusa kafa go tlhokegang ka gone.

◼ Didirisiwa Tsa go Rekota: Didirisiwa tsa go rekota tsa mofuta ope fela ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya digodisamantswe kgotsa ya motlakase mme di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e ka se kang ya itaya ba bangwe tsebe.

◼ Go Tsaya Ditshwantsho: Fa e le gore o tlile go tsaya ditshwantsho fa thulaganyo e sa ntse e tsweletse, tsweetswee o se ka wa dirisa khamera e e nang le foleshe.

◼ Di-pager le Difouno Tsa Selula: Di-pager le difouno tsa selula di dirwe gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe.

◼ Diforomo Tsa go Boela Gape: Re tshwanetse go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tseno di tla bo di le gone le kwa Lephateng la Dibuka kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka romelwa kwa Lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2005, ts. 5.

◼ Kwa Diresetšhurenteng: Go tlwaelegile gore mo mafelong a le mantsi motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15, go ya ka se ba mo diretseng sone.

◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale go opela dipina tse di tla bong di dirisiwa kwa kopanong.

Dipina tsa Labotlhano: 91, 40, 59, 38, 74, le 92.

Dipina tsa Matlhatso: 71, 85, 204, 106, 43, le 195.

Dipina tsa Sontaga: 19, 207, 8, 14, 181, le 212.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela