Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
1. Go tsoga potso efe malebana le bodiredi jwa ntlo le ntlo mme ka ntlha yang?
1 “Batho ba ba nang le maitemogelo a go anamisa Boammaaruri ka ditsela tse di farologaneng ba tla dumela gore letsholo la go rera ka ntlo le ntlo ba tsamaisa buka ya MILLENNIAL DAWN ke tsela e e nang le matswela go gaisa tsotlhe ya go rera Boammaaruri, mo motlheng wa gompieno.” Mafoko ao a makasine wa Zion’s Watch Tower wa July 1, 1893, a ne a gatelela botlhokwa jwa bodiredi jwa ntlo le ntlo. Batho mo lefatsheng lotlhe ba leba bodiredi jono e le letshwao le le tlhaolang Basupi ba ga Jehofa. A mokgwa ono o sa ntse o na le matswela, e re ka go le thata go fitlhela batho kwa gae mo dinageng dingwe?
2. Lebaka la Dikwalo la go bo re neela bosupi ka ntlo le ntlo ke lefe?
2 Bo Theilwe mo Dikwalong e Bile bo Botlhokwa: Go neela bosupi ka ntlo le ntlo go theilwe mo Dikwalong. Jesu o ne a laela barutwa ba le 70 go ya ka bobedi le bobedi kwa matlong a batho. (Luke 10:5-7) Fa Jesu a sena go swa, Baebele e bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo.” (Dit. 5:42) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a ruta ka tlhoafalo ka ntlo le ntlo.—Dit. 20:20.
3. Melemo mengwe ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo ke efe?
3 Go neela bosupi ka ntlo le ntlo e sa ntse e le mokgwa o o botlhokwa wa go anamisa dikgang tse di molemo gompieno. O re thusa go ‘batlisisa’ ba ba tshwanetseng ka tsela e e rulaganeng sentle. (Math. 10:11) Gantsi batho ba a bo ba iketlile fa ba le mo gae. Go buisana le bone re lebane difatlhego—go utlwa lentswe la bone, go bona tebego ya sefatlhego sa bone le go bona tikologo ya bone—go re thusa go lemoga dilo tse ba di ratang le tse ba tshwenyegileng ka tsone. Gantsi re nna le tshono e e molemo ya go buisana le bone ka nako e telele.
4. Re ka dira jang gore go neela bosupi ka ntlo le ntlo go nne le matswela?
4 Go Dira Diphetogo Dingwe: Moaposetoloi Paulo o ne a iketleeleditse go dira diphetogo “ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” (1 Bakor. 9:23) Gongwe re ka fetola thulaganyo ya rona ka go rera fa batho ba le bantsi ba le gone mo magaeng a bone, ka sekai moragonyana mo letsatsing, ka mafelobeke kgotsa ka malatsi a boikhutso. Kwala matlo a a se nang batho mme o boele gape ka letsatsi le sele la beke kgotsa ka nako e sele.
5. Batho ba ba nang le mathata a botsogo ba ka akarelediwa jang mo tirong ya ntlo le ntlo?
5 Tota le batho ba ba nang le mathata a botsogo ba ka kgona go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Gongwe re ka rulaganya go tsamaya le batho bano kwa matlong a go leng motlhofo go ya kwa go one, re ba letlelele go bereka ka tsela e ba ka kgonang ka yone. Kgaitsadi mongwe o ne a na le bothata jwa go hema mme o ne a kgona go etela ntlo e le nngwe fela mo halofong nngwe le nngwe ya ura. Le fa go ntse jalo, o ne a itumetse e bile a kgotsofetse tota fa a sena go nna le seabe mo tirong ya go rera le setlhopha!
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore go neela bosupi ka ntlo le ntlo e nne karolo ya ka metlha ya bodiredi jwa rona?
6 Batho ba le bantsi ba sekadinku ba sa ntse ba bonwa mo tirong ya ntlo le ntlo. Mmoledi mongwe o ne a kokota mo kgorong nngwe mme a bolelelwa jaana: “Tsena. Ke a itse gore ke wena mang. Ke ntse ke rapela Modimo go romela mongwe go tla go nthusa mme ke ne ka utlwa mongwe a kokota fa kgorong. Modimo o nkutlwile mme o go rometse.” Matswela a re nnang le one a bontsha gore Jehofa o segofatsa mokgwa ono wa go rera. (Math. 11:19) Ikemisetse go dira gore go neela bosupi ka ntlo le ntlo e nne karolo ya ka metlha ya bodiredi jwa gago.