A o Buelela Lefoko la Modimo?
1 Mo lefatsheng le gantsi le sa dumeleng Baebele, Bakeresete ba boammaaruri ba buelela Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. E re ka re tlhatswegile pelo gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo,” re dumalana le Jesu Keresete, yo o neng a supela seno fa a ne a rapela Jehofa: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (2 Tim. 3:16; Joh. 17:17) Re ka buelela Lefoko la Modimo jang ka tsela e e nang le matswela?
2 Ithute Dikwalo: Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. Seno se ne sa mo thusa go ruta go tswa mo Dikwalong mo bodireding jotlhe jwa gagwe. (Luke 4:16-21; 24:44-46) Re ka dira jang gore re gakologelwe ditemana di le dintsi? Re dira jalo ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi mme morago ga moo re tlhatlhanye ka temana e re bonang e kgothatsa tota kgotsa e ka nna mosola thata mo bodireding. Fa re baakanyetsa dipokano, re tshwanetse go bula ditemana tse di umakilweng le go di bala ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng mme gongwe re baakanyetse go akgela ka tsone. Fa re le mo dipokanong, re tshwanetse go tsamaisana le sebui ka go leba mo Dibaebeleng tsa rona fa se ntse se bala ditemana. Go ithuta ditemana tsa Baebele go tla re thusa go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’—2 Tim. 2:15.
3 A Baebele e Ipuelele: Fa re le mo bodireding, re tshwanetse go letla Baebele e ipuelele. Ka sekai, fa maemo a letla, re tshwanetse go leka go bala temana le go e tlhalosetsa mong wa ntlo. Fa a botsa potso kgotsa a ganetsa, go molemo go mo araba ka Baebele. Fa mong wa ntlo a tshwaregile, re sa ntse re ka kgona go gatelela se Baebele e se buang ka go re, “Pele ga ke tsamaya, ke kopa gore ke go balele temana eno e le nngwe.” Mo go kgonegang gone, bala ka tlhamalalo mo Baebeleng, o dire gore moreetsi a bone temana e o e balang.
4 Fa mong wa ntlo mongwe a ne a bontshiwa ditemana tse di ganetsang thuto ya Tharonngwe, o ne a re, “Ke tsene kereke botshelo jwa me jotlhe, mme ke ne ke sa itse gore Baebele e bua seno!” O ne a amogela thuto ya Baebele ka bonako. Jesu o ne a re dinku tsa gagwe di ne di tla reetsa lentswe la gagwe. (Joh. 10:16, 27) Tsela e e molemo ya gore batho ba ba peloephepa ba lemoge boammaaruri ke go bo bona ka tlhamalalo mo Baebeleng. Ka jalo a re bueleleng Lefoko la Modimo la boammaaruri!