Gomotsa ba ba Hutsafetseng
1. Ke eng fa batho ba ba hutsafetseng ba tlhoka go gomodiwa?
1 Go swelwa ke mongwe yo o mo ratang ke selo se se utlwisang botlhoko, segolobogolo mo bathong ba ba se nang tsholofelo ya Bogosi. (1 Bathes. 4:13) Gantsi batho ba le bantsi ba ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Ba ya kae fa ba sena go swa? A ke tla tsamaya ke bona moratiwa wa me gape?’ Fa tlase fano go na le dikakantsho tsa kafa re ka gomotsang ka teng batho ba re kopanang le bone mo tirelong ya tshimo ba ba hutsafaditsweng ke loso lwa mongwe wa losika kgotsa tsala.—Isa. 61:2.
2. Fa mong wa ntlo a re bolelela gore o mo khutsafalong, a ka metlha re tshwanetse go nna lobaka lo loleele re mo neela bosupi?
2 Ka Ntlo le Ntlo: Mong wa ntlo a ka re bolelela gore o sa tswa go swelwa ke mongwe mo lapeng. A o fuduegile maikutlo? A go tletse ba losika ba ba hutsafetseng mo ntlong? Mo maemong a a ntseng jalo, go botlhale gore re se ke ra nna sebaka mo ntlong eo. (Mor. 3:1, 7) Gongwe re ka bontsha go mo tlhomogela pelo, re bo re mo naya pampitshana, makasine kgotsa boroutšhara jo bo tshwanelang seemo seo, re bo re tsamaya. Go tswa foo re ka nna ra boa ka nako e e siameng gore re mo neye kgomotso e e oketsegileng go tswa mo Baebeleng.
3. Fa maemo a letla, re ka bontsha mong wa ntlo yo o mo khutsafalong ditemana dife?
3 Mo maemong mangwe, re ka lemoga gore re tlhoka go bua le mong wa ntlo lobakanya mo loetong lwa ntlha. Le fa eno e se nako ya go ganetsa dikgopolo tsa gagwe tse di phoso, re ka nna ra kgona go mmalela temana ya Baebele e e buang ka tsholofetso ya tsogo. (Joh. 5:28, 29) Kgotsa re ka nna ra mmontsha se Baebele e se buang ka boemo jwa baswi. (Mor. 9:5, 10) Go umaka pego nngwe ya Baebele e e buang ka tsogo le gone go ka mo gomotsa. (Joh. 11:39-44) Sengwe gape se o ka se dirang ke go mmontsha mafoko a a bontshang go ikanya Jehofa a a neng a buiwa ke Jobe yo o ikanyegang. (Jobe 14:14, 15) Pele ga re tsamaya, re ka mo tlogelela boroutšhara jwa Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, kgotsa ra mo tlogelela boroutšhara kgotsa pampitshana e e tshwanelang. Kgotsa re ka nna ra mo naya buka ya Baebele e Ruta Eng?, ra mo kopa go leba kgaolo 6 mme ra rulaganya go tlotla go ya pele ka kgang eo fa re boela kwa go ene.
4. Re na le ditshono dife tse dingwe tsa go gomotsa batho?
4 Ditshono Tse Dingwe: Fa e le gore tirelo ya phitlho e tla tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi, a go tla bo go na le batho ba e seng Basupi? Ba ka nna ba abelwa dikgatiso tse di ka ba gomotsang. Magae mangwe a phitlho a anaanela thata go nna le dikgatiso dingwe tse di tshwanelang tse di ka abelwang ba lelapa ba ba hutsafetseng. Ka dinako dingwe, dikitsiso tsa batho ba ba tlhokafetseng tse di kwalwang mo makwalodikgannyeng di buletse bangwe tshono ya go kwalela ba ba tlhokafaletsweng molaetsa o o gomotsang. Mo tiragalong nngwe, moswagadi mongwe le morwadie ba ne ba ya kwa ntlong ya mmoledi mongwe fa ba sena go amogela lekwalo le le neng le patilwe ke dipampitshana dingwe, mme ba mmotsa jaana: “A ke lona lo nthomeletseng lekwalo leno? Ke batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele!” Monna yono le morwadie ba ne ba dumela go rutwa Baebele mme ba simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.
5. Ke eng fa re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng go dirisa ditshono tsa go gomotsa ba ba hutsafaditsweng ke go swelwa?
5 Moreri 7:2 ya re: “Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete.” Gantsi motho yo o hutsafetseng o mo maemong a a molemo go ka reetsa molaetsa wa Lefoko la Modimo go na le motho yo o leng mo monateng. Rotlhe re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng go dirisa ditshono tse di tshwanelang tsa go gomotsa batho ba ba hutsafaditsweng ke go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang.