LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/09 ts. 5-7
  • A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Malatsi a Mararo a a Lapolosang Semoyeng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Latela Keresete ka go Bontsha Seriti
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Dikopano Tsa Rona Tsa Kgaolo—Bosupi jo bo Maatla Jwa Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 8/09 ts. 5-7

A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?

1. Go tlhokega dipaakanyetso tse di ntseng jang fa go dirwa moletlo?

1 O tlhoka go dira mo gontsi go baakanyetsa moletlo. Go tshwanetse ga rekwa dijo, di apewe monate mme go tswa foo di bo di tsholwa. Go tshola dijo tseno go tlhoka thulaganyo. Mo godimo ga moo, lefelo le dijo di tla jelwang mo go lone le tshwanetse go baakanngwa. Baeng le bone ba tshwanetse go ipaakanyetsa, segolobogolo fa e le gore ba tla tsamaya sekgala se setelele go ya koo. Le fa e le tiro e ntsi, ga se matsapa a bophiri fa e le gore o tla itumelela dijo tse di monate tse di nang le dikotla le ditsala le ba lelapa. Go ise go ye kae Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tla kopana ka ditlhopha tse dikgolo le tse dinnye go itumelela moletlo wa semoya o ba sa bolong go o letela—Kopano ya Kgaolo ya “Nnang lo Disitse!” Go setse go dirilwe tiro e kgolo go baakanyetsa thulaganyo eno le gore dilo di siame. Rotlhe re laleditswe. Gore re tle re nne teng le go solegelwa molemo thata, le rona ka namana re tlhoka go ipaakanyetsa.—Dia. 21:5.

2. Go tlhokega eng gore re nne teng go ja sengwe le sengwe mo moletlong ono wa rona wa semoya?

2 Dira Gore o Solegelwe Molemo Thata: A o setse o feditse go dira dithulaganyo tsa gago gore o tle o nne teng go ja sengwe le sengwe mo moletlong ono wa semoya? Fa go tlhokega, bua le mohiri wa gago go mmolelela gore o tla nna teng kwa thulaganyong yotlhe ya kopano e o yang kwa go yone, go akaretsa le letsatsi la ntlha. A o setse o feditse go dira dithulaganyo tsa sepalangwa le marobalo? Bagolwane ba tshwanetse go tlhomamisa gore batho ba ba godileng le ba ba bokoa le ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka thuso ba thusitswe.—Jer. 23:4; Bagal. 6:10.

3. Ke eng fa re sa tshwanela go ya kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e re sa lalediwang kwa go yone?

3 Mo mafelong mangwe go tla bo go na le dikopano tsa ditšhabatšhaba. Gakologelwa gore go laleditswe diphuthego tse di rileng le baemedi ba dinaga di sele go nna teng mo dikopanong tseno. Fa ofisi ya lekala e ntse e dira dithulaganyo tseno, e ile ya lekanyetsa ka kelotlhoko gore e tshwanetse go laletsa batho ba le kae, e akantse ka manno le dikamore tsa dihotele tse di leng teng. Batho ba tla nna bantsi thata fa baboledi ba ka ya kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba tse ba sa lalediwang kwa go tsone.

4. Ke dikgakololo dife tse di tla re thusang go nna re ipaakanyeditse go simolola thulaganyo letsatsi le letsatsi?

4 Ipaakanyetse go fitlha kwa kopanong go sa le gale letsatsi le letsatsi gore o bone manno pele ga thulaganyo e simolola. Dirisa metsotso e se kae pele ga thulaganyo e simolola go sekaseka thulaganyo ya kopano e e gatisitsweng. Seno se tla go thusa gore o baakanye pelo ya gago go amogela tshedimosetso e e tla bong e neelwa. (Esera 7:10) Fa modulasetulo wa thulaganyo a itsise gore mmino o a simolola, itumelele go o reetsa mme o ipaakanyetse go nna le seabe mo pineng e e simololang le mo thapelong.

5. Malapa a rona a ka solegelwa molemo thata jang ke thulaganyo?

5 Fa ba malapa ba nna mmogo ka nako ya kopano, batsadi ba tla kgona go tlhomamisa gore bana ba bone ba reetsa thulaganyo ka kelotlhoko. (Dute. 31:12) Botlhe ba kgothalediwa go lebelela mo Dibaebeleng tsa bone fa go balwa ditemana. Go kwala dintlha tse dikhutshwane go tla go thusa go reetsa ka kelotlhoko. Moragonyana, dintlha tse o di kwadileng di tla go thusa go gakologelwa dintlha tsa konokono tsa dipuo. Lwantsha thaelo ya go batla go bua go sa tlhokege fa thulaganyo e ntse e tsweletse kgotsa go tswa mo mannong a gago. Fa e le gore o na le founo ya selula, o se ka wa dira gore e iteye wena kgotsa ba bangwe tsebe ka nako ya thulaganyo. Morago ga thulaganyo ya letsatsi le letsatsi, ke eng o sa tlotle le ba bangwe ka dintlha tse o di itumeletseng mo thulaganyong?

6. Ke eng se e leng karolo e e tlhomologileng ya dikopano tsa rona tsa kgaolo mme re ka e itumelela jang ka botlalo?

6 Kwa kopanong ya kgaolo, re na le tshono ya go itumelela botsalano jo bo gaufi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona jo bo seyong mo lefatsheng. (Pes. 133:1-3; Mar. 10:29, 30) Ke eng o sa dire maiteko a go ikitsise mo go ba ba dutseng gaufi le wena o bo o tlotla le bone ka nako ya dijo tsa motshegare? Eno ke nngwe ya melemo ya go tla le dijo tse di motlhofo le go nna kwa lefelong la kopano go na le go ya kwa ntle kwa resetšhurenteng. Tlhomamisa gore o se ka wa fetwa ke tshono eno ya go kgothatsana.—Bar. 1:11, 12.

7. Re tshwanetse go dira dithulaganyo dife malebana le diaparo tse re tla di aparang?

7 Moaparo: Go botlhokwa go ela tlhoko gore Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba dire makantsa mo dintlheng tsa diaparo tsa bone, mme ba tsenye thapo e e bobududu mo godimo ga makantsa a seaparo. (Dipa. 15:37-41) Seno e ne e le segopotso se ba neng ba tla se bona sa gore ke batho ba ba tlhaoletsweng go obamela Jehofa. Gompieno, diaparo tsa rona tse di nang le seriti, tse di bori tse re di aparang kwa kopanong di re tlhaola mo lefatsheng. Ke bosupi jo bo nonofileng mo bathong ba ba re lebileng tota le ka nako ya fa re ile go ja kwa diresetšhurenteng morago ga thulaganyo. Ka jalo, akanyetsa ka kelotlhoko diaparo tse o tla di aparang.

8. Re ka neela jang ba bangwe bosupi fa re ntse re le kwa toropong e kopano e tshwaretsweng kwa go yone?

8 Neela Bosupi: Fa re ka itirela dithulaganyo, re ka kgona go neela batho bosupi fa re ntse re le kwa toropong e kopano e tshwaretsweng kwa go yone. Mokaulengwe mongwe yo o neng a ya kwa resetšhurenteng le mosadi wa gagwe morago ga kopano, o ne a bontsha weitara betšhe ya gagwe ya kopano fela mme a mmotsa jaana: “A o bone batho ba le bantsi ba tsentse dibetšhe tseno?” Weitara e ne ya bolela gore o ba bone mme o ne a ipotsa gore ke tsa eng. Seno se ne sa dira gore ba nne le motlotlo mme mokaulengwe o ne a laletsa weitara go tla kopanong.

9. Re ka bontsha jang kanaanelo ya rona mo Molaletsing wa rona e bong Jehofa?

9 Le fa gone e le bakaulengwe ba rona ba ba tla neelang dipuo, ba nna le dipotsolotso le go dira dipontsho, ke Rrarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa yo e leng Motlamedi yo o lorato wa moletlo ono wa semoya wa ngwaga le ngwaga. (Isa. 65:13, 14) Re bontsha Molaletsi wa rona gore re anaanela dilo tse a re direlang tsone ka go nna gone letsatsi le letsatsi, re itumelela thatanyana nngwe le nngwe ya dijo tsa semoya tse re di newang. A o setse o feditse go dira dithulaganyo tsa go dira jalo?

[Box on page 6]

Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo

◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Dinako tsa thulaganyo ya kopano ya kgaolo ke tse di latelang: Labotlhano 9:00 a.m. go ya go 4:15 p.m., Matlhatso 9:00 a.m. go ya go 4:30 p.m., mme Sontaga 9:00 a.m. go ya go 3:30 p.m. Dinako tsa thulaganyo ya kopano ya ditšhabatšhaba ke tse di latelang: Labone 1:20 p.m. go ya go 4:30 p.m., Labotlhano 9:00 a.m. go ya go 4:40 p.m., Matlhatso 9:00 a.m. go ya go 4:15 p.m., mme Sontaga 9:00 a.m. go ya go 3:50 p.m. Fa mmino o simolola rotlhe re tshwanetse go nna fa fatshe gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti.

◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a mo go one re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la teng la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. E re ka gantsi mafelo a go phaka dikoloi a tla bo a se mantsi, go tshwanetse ga tsamaiwa mmogo mo dikoloing fa go ka kgonega.

◼ Marobalo: Diforomo tsa Room Request di gone fa baboledi ba ba batlang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la July 15, 2009, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.

◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe.

◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya ka fa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.

◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela go baakanyediwa ga kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa gore leina la akhaonto ke mang mo Komiting ya Kopano.

◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Ba tirelo ya maemo a thuso ya potlako ba amogela dikopo tse dintsi tsa thuso ka difouno tsa selula ka malwetse a a sa reng sepe. Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso a gore mongwe a lwale thata mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi, mme ene o tla bolelela Lephata la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lephateng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kana kang le go thusa kafa go tlhokegang ka gone.

◼ Ditlhako: Ngwaga le ngwaga go nna le dikgobalo tse di amanang le ditlhako tse re di rwalang. Go botoka go tlhopha ditlhako tse di bori tse di go lekanang sentle tse di ka go letlang go tsamaya ka pabalesego mo ditepising, mo diforeming tsa tshipi tse di fa fatshe, jalo le jalo.

◼ Didirisiwa Tsa go Rekota: Didirisiwa tsa mofuta ope fela ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya digodisamantswe kgotsa ya motlakase mme di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e ka se kang ya kgoreletsa ba bangwe.

◼ Diporema Tsa Bana le Ditulo Tsa Llono: Diporema le ditulo tsa llono ga di a tshwanela go tsenngwa mo holong. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga tsa batsadi di a amogelesega.

◼ Dinkgisamonate: Dikopano dingwe tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha bopelonomi fa re ka fokotsa go dirisa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka tsosetsang batho mathata a go hema.—1 Bakor. 10:24.

◼ Diforomo Tsa go Boela Gape: Re tshwanetse go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo eno e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 2005, ts. 6.

◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la ga Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Go tlwaelegile gore mo mafelong a le mantsi motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15, go ya ka se ba mo diretseng sone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela