Kafa re ka Baakanyetsang Pokano ya Tirelo ka Teng
1. Boikaelelo jwa Pokano ya Tirelo ke bofe mme ke eng se se ka re thusang gore e re solegele molemo thata?
1 Pokano ya Tirelo e diretswe go re thusa go nna le matswela a a molemo mo bodireding. Mme e gatelela thata go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi, go dira barutwa le go bolelela batho ba bangwe ka go diragadiwa ga katlholo ya Modimo e e tlang. (Math. 28:19, 20; Mar. 13:10; 2 Pet. 3:7) Re solegelwa molemo thata ke pokano e e botlhokwa eno fa re ipaakanyeditse sentle gore re nne le seabe.
2. Re ka baakanyetsa jang go reetsa puo?
2 Puo: Gantsi tshedimosetso e e dirisediwang go neela puo e bontshiwa mo ditaelong tsa sebui. O ka nna wa sekaseka tshedimosetso e o e abetsweng go akaretsa le ditemana tse di umakilweng mme o bo o akanyetsa kafa o ka dirisang tshedimosetso eo mo bodireding jwa gago.
3. Re ka dira eng go baakanyetsa motlotlo wa dipotso le dikarabo?
3 Motlotlo wa Dipotso le Dikarabo: Puo eno e tla tshwarwa fela jaaka go dirwa ka thuto ya Tora ya Tebelo, mme go dirwa matseno a makhutshwane le konelo. Thalela dintlha tsa konokono mo serapeng sengwe le sengwe mme o bo o ipaakanyetsa go neela dikakgelo tse dikhutshwane tse di mosola.
4. Re ka baakanyetsa jang puo ya motlotlo le bareetsi?
4 Motlotlo le Bareetsi: Karolo eno e tla neelwa jaaka puo, mme sebui se tla kopa bareetsi go nna le seabe. Fa o thalela dintlha tsa konokono mme o bo o lebelela ditemana tse di umakilweng, o ka kgona go akgela fa go bodiwa dipotso. Mokaulengwe yo o tshwereng karolo eno o tla dira maiteko go dira gore bareetsi ba akgele ka dintlha tsa konokono.
5. Ke eng se se tla re thusang go solegelwa molemo thata ke dipontsho?
5 Dipontsho: Dikarolo dingwe di tla akaretsa dipontsho tse di mosola tse di bontshang kafa tshedimosetso e e sekasekiwang e ka dirisiwang ka teng mo tshimong ya rona. Bagolwane kgotsa baboledi ba ba nang le maitemogelo kgotsa babulatsela ba tla kopiwa go dira dipontsho tseno. Go baakanyetsa karolo eno go ka nna ga akaretsa go akanyetsa kafa karolo eno e tla neelwang ka teng. Fa go dirwa dipontsho tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi, akanya ka kafa o ka e bayang ka teng le kafa o ka e fetofetolang ka teng mo go beng ba matlo ba ba farologaneng. Tlhomamisa gore o tshwere kgatiso kgotsa makasine o o tla dirisiwang go dira pontsho. Ka nako ya maitseboa a lona a Kobamelo ya Lelapa, o ka nna wa fitlhela go le mosola go ikatisetsa dingwe tsa dipontsho tseno.
6. Re na le mabaka mangwe afe a go baakanyetsa Pokano ya Tirelo?
6 Pokano ya Tirelo e monate thata fa re ipaakanyeditse le fa re akanya ka taelo e e molemo e e tla neelwang. Fa re ka dirisa dikakantsho tseno go tla dira gore re kgothatsane ka tsela e kgolwane. (Bar. 1:11, 12) Fa re ipha nako ya go baakanyetsa Pokano ya Tirelo, re tla bo re tlhomeletse botoka go diragatsa taelo e re e neilweng.—2 Tim. 3:17.