A o Ka Oketsa Tirelo ya Gago?
1. Ke eng se se potlakileng mo bodireding jwa tshimo mme ka ntlha yang?
1 Fa Jesu a ne a bona batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba “[kope] Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) E re ka re le mo nakong ya bofelo ya paka ya thobo, tiro ya rona e potlakile le go feta. Seno se raya gore re tshwanetse go akanyetsa ka thapelo gore re ka dira jang gore re oketse seabe sa rona mo bodireding jwa tshimo.—Joh. 14:13, 14.
2. Bangwe ba ile ba tsibogela jang boikuelo jwa gore go nne le badiri ba ba oketsegileng mo tshimong?
2 Ditsela Tsa go Oketsa Tirelo ya Rona: Ka kaelo le thuso ya ga Jehofa, ba le bantsi ba kgonne go simolola tirelo ya bobulatsela. (Pes. 26:2, 3; Bafil. 4:6) Bangwe ba ile ba dira maiteko a a kgethegileng gore ba nne babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kgotsa dikgwedi tse di oketsegileng mo ngwageng. Eno e nnile tsela e e molemo ya gore ba oketse bodiredi jwa bone. Boitumelo jo ba nnileng le jone ka ntlha ya go nna babulatsela ba ba thusang bo dirile gore ba le bantsi ba bone ba akanye ka go nna babulatsela ba ka metlha.—Dit. 20:35.
3. Fa e le gore o kile wa nna mmulatsela, ke eng se o ka nnang wa rata go se akanyetsa gone jaanong?
3 A o Ka Kgona go Boela Gape mo Tirelong ya Bobulatsela?: Fa e le gore o kile wa nna mmulatsela, ga go na pelaelo gore fa o akanya ka tirelo ya nako eo o itumela thata. A o ile wa akanyetsa ka thapelo kgang ya gore o boele gape o nne mmulatsela? Maemo a a ka tswang a dirile gore o se ka wa tlhola o nna mmulatsela a ka tswa a sa tlhole a go kgoreletsa. E ka tswa e le nako ya gore o itumelele tshiamelo e e kgethegileng eo gape.—1 Joh. 5:14, 15.
4. Ke tshono efe e e tlhomologileng e e re bulegetseng rotlhe?
4 Tiro ya thobo e ntse e tsweletse mme e tla tloga e wediwa. (Joh. 4:35, 36) E kete rotlhe re ka sekaseka maemo a rona gone jaanong go bona gore a re ka kgona go fetola dithulaganyo tsa rona tsa letsatsi le letsatsi gore re tle re kgone go oketsa seabe sa rona mo tshimong. Kgotsa fa e le gore tota re bona gore ga re kgone go oketsa tirelo ya rona, a re ka batla ditsela tse ka tsone re ka nnang le matswela a magolwane? (Mar. 12:41-44) A bo e le tshiamelo jang ne mo go botlhe ba gone jaanong maemo a bone a ba letlang gore Jehofa a ba dirise mo tirong eno e e tlhomologileng!—Pes. 110:3.