LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/11 ts. 7
  • Di mo Boemong Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Di mo Boemong Bofe?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O Tsaya Dibuka tsa Rona di le Botlhokwa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Dirisa ka Botlhale Dikgatiso Tsa Rona Tse di Theilweng mo Baebeleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 10/11 ts. 7

Di mo Boemong Bofe?

Eno ke potso e e molemo e re tlhokang go ipotsa yone ka kgatiso nngwe le nngwe e re ikaelelang go e tsamaisa. Kgatiso nngwe le nngwe e e nang le ditsebe tse di menegileng, e e fetogileng mmala, e le leswe kgotsa e gagogile e ka senya leina la phuthego ya rona e bile e ka dira gore mong wa ntlo a se ka a reetsa molaetsa o o itumedisang, o o bolokang matshelo o o mo dikgatisong tsa rona.

Re ka boloka dikgatiso tsa rona jang di le bothakga? Baboledi ba le bantsi ba fitlhetse go thusa go rulaganya dikgetsana tsa bone tsa tshimo gore dikgatiso tse di tshwanang di nne golo go lo gongwe. Ka sekai, ba na le mo ba tsenyang gone dibuka, dimakasine, diboroutšhara, dipampitshana, jalo le jalo. Fa ba busetsa Baebele ya bone le kgatiso epe fela mo dikgetsaneng tsa bone tsa tshimo ba dira jalo ka kelotlhoko gore di se ka tsa senyega. Baboledi bangwe ba boloka dikgatiso tsa bone mo difaeleng kgotsa mo dikgetsaneng tse di bonaletsang tsa polasetiki. Le fa re ka tswa re dirisa mokgwa ofe, ga re batle go naya ope lebaka la go bona bodiredi jwa rona molato ka go mo naya dikgatiso tse di senyegileng.—2 Bakor. 6:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela