MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 39-43
Jehofa o Tla go Duela Go ya Ka Ditiro Tsa Gago
Sedekia ga a ka a reetsa Jehofa fa a ne a mo laela gore a ineele mo Bababeloneng
Bomorwawe Sedekia ba ne ba bolawa a ntse a lebile. Ene ba ne ba mo foufatsa, ba mmofa ka ditshipi a bo a isiwa kwa kgolegelong kwa Babelona go fitlha a tlhokafala
Ebede-meleke o ne a ikanya Jehofa e bile o ne a tlhokomela moporofeti Jeremia
Jehofa o ne a solofetsa Ebede-meleke gore o tla mo sireletsa fa Juda e senngwa
Jeremia o ne a rera ka bopelokgale ka lobaka lo loleele pele Jerusalema e senngwa
Jehofa o ne a sireletsa Jeremia ka nako ya fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe ke baba e bile o ne a rulaganya gore Bababelona ba mo golole