LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 September ts. 2-7
  • ‘Bitsa Bagolwane’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Bitsa Bagolwane’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE TSHWANETSE GO ‘BITSA BAGOLWANE’ LENG?
  • GORENG RE TSHWANETSE GO BITSA BAGOLWANE?
  • BAGOLWANE BA RE THUSA JANG?
  • BOIKARABELO JO RE NANG LE JONE
  • Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Phuthego e Rulagantswe Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Bakaulengwe, a lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Bagolwane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Badisa ba ba Direlang Batho ba ga Jehofa Dilo Tse di Molemo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 September ts. 2-7

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 36

PINA 103 Badisa​—Dimpho Tse di Molemo

‘Bitsa Bagolwane’

“A a biletse bagolwane ba phuthego kwa go ene.”​—JAK. 5:14.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore ke eng fa go le botlhokwa go kopa bagolwane gore ba re thuse fa re tlhoka thuso.

1. Jehofa o bontshitse jang gore batlhanka ba gagwe ba botlhokwa thata mo go ene?

JEHOFA o rata batho botlhe ba ba mo direlang e bile o a ba tlhokomela fela jaaka modisa yo o pelonomi a tlhokomela dinku tsa gagwe. O ba rekile ka madi a ga Jesu e bile o ba neile bagolwane gore ba ba tlhokomele. (Dit. 20:28) Jehofa o tlhomile Jesu gore e nne tlhogo ya phuthego. Ene le Jesu ba batla gore bagolwane ba tshware batlhanka ba gagwe sentle. Ka jalo, bagolwane ba latela kaelo e Jesu a ba nayang yone e bile ba thusa batlhanka ba ga Jehofa gore ba tswelele ba atamalane le ene.​—Isa. 32:1, 2.

2. Ke bomang ba Jehofa a ba tlhokomelang ka tsela e e kgethegileng? (Esekiele 34:15, 16)

2 Jehofa o rata batlhanka botlhe ba gagwe, mme o amega ka bone thata fa botsala jwa bone le ene bo koafala. O dirisa bagolwane gore ba ba thuse. (Bala Esekiele 34:15, 16.) Mme gone, o batla gore re kope thuso fa re e tlhoka. Mo maemong ao, Jehofa ga a batle gore re rapele fela re mo kopa gore a re thuse, mme gape o batla gore re kope “badisa le barutisi” ba ba mo phuthegong gore ba re thuse fa re tlhoka thuso.​—Baef. 4:11, 12.

3. Go itse gore bagolwane ba thusa jang mo phuthegong, go ka thusa jang mongwe le mongwe wa rona?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta mo go oketsegileng gore Jehofa o dirisa jang bagolwane gore ba thuse ba botsala jwa bone le ene bo koafetseng. Re tlile go araba dipotso tseno: Re tshwanetse go kopa bagolwane leng gore ba re thuse? Goreng re tshwanetse go dira jalo? Mme ba ka re thusa jang? Tota le fa botsala jwa rona le Jehofa bo nonofile e bile gone jaanong re sa tlhoke gore bagolwane ba re thuse, go bona dikarabo tsa dipotso tseno go tla dira gore re lebogele le go feta tsela e Jehofa a dirisang bagolwane ka yone. Gape go tla re thusa gore re itse gore re tshwanetse go dira eng fa re ka tlhoka thuso mo nakong e e tlang.

RE TSHWANETSE GO ‘BITSA BAGOLWANE’ LENG?

4. Re itse jang gore Jakobe 5:14-16, 19 le 20 e bua ka motho yo botsala jwa gagwe le Jehofa bo koafetseng? (Bona le ditshwantsho.)

4 Morutwa Jakobe o ile a tlhalosa tsela e Jehofa a dirisang bagolwane ka yone go re thusa. O ile a re: “A go na le motho yo o lwalang mo go lona? A a biletse bagolwane ba phuthego kwa go ene.” (Bala Jakobe 5:14-16, 19, 20.) Fano Jakobe o bua ka motho yo o tlhokang go nonotsha botsala jwa gagwe le Jehofa. Ka sekai, Jakobe o laela motho yoo yo o lwalang gore a bitse bagolwane. Gape o tlhalosa gore motho yoo yo o lwalang o fola ka gonne a itshwaretswe maleo. Gore motho yo o lwalang a fole, o tshwanetse go ya ngakeng a bo a e bolelela gore o ikutlwa jang. Go tswa foo, o tshwanetse go dira se ngaka e reng a se dire. Ka tsela e e tshwanang, fa re tlhoka go nonotsha botsala jwa rona le Jehofa gape, re tshwanetse go ya kwa bagolwaneng re bo re ba bolelela bothata jwa rona. Go tswa foo, re tshwanetse go dirisa kgakololo e e tswang mo Baebeleng e ba re nayang yone.

Ditshwantsho: 1. Monna mongwe o tlhalosetsa ngaka gore legetla la gagwe le botlhoko. 2. Mokaulengwe mongwe o tlhalosetsa mogolwane mathata a gagwe ba ntse kwa ntle mo bankeng.

Fa re lwala, re ya ngakeng. Fa botsala jwa rona le Jehofa bo koafala, re kopa bagolwane gore ba re thuse (Bona serapa 4)


5. Re ka lemoga jang gore botsala jwa rona le Jehofa bo a koafala?

5 Mo go Jakobe kgaolo 5, Jakobe o re kgothaletsa gore re bue le bagolwane fa botsala jwa rona le Jehofa bo simolola go koafala. Go botlhokwa thata gore re dire jalo pele botsala jwa rona le Jehofa bo senyega. Baebele e re tlhagisa gore fa re se kelotlhoko, re ka nna ra akanya gore Jehofa o a re amogela, mme go sa nna jalo. (Jak. 1:22) Bakeresete bangwe ba kwa Saredisa le bone ba ne ba akanya jalo, mme Jesu o ile a ba bolelela gore botsala jwa bone le Jehofa bo ne bo koafetse. (Tshen. 3:1, 2) Tsela nngwe e re ka lemogang ka yone gore botsala jwa rona le Jehofa bo a koafala, ke ka go bapisa tsela e re neng re direla Jehofa ka matlhagatlhaga ka yone mo nakong e e fetileng le e re mo direlang ka yone gone jaanong. (Tshen. 2:4, 5) Re ka ipotsa go re: “A tsela e ke neng ke itumelela go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se ke se balang e fokotsegile? A ka dinako dingwe ga ke baakanyetse dipokano e bile ga ke nne teng kwa go tsone ka metlha? A ga ke sa tlhole ke le matlhagatlhaga mo tshimong jaaka pele? A gone jaanong ke akanya thata ka menate le madi go na le mo nakong e e fetileng?” Fa e le gore o araba nngwe ya dipotso tseno ka ee, seo se ka tswa se bontsha gore botsala jwa gago le Jehofa bo a koafala. Mme fa o sa dire sepe ka gone, dilo di ka nna maswe le go feta. Fa re sa kgone go nonotsha botsala jwa rona le Jehofa gape, kgotsa fa e le gore re setse re dirile sengwe se re itseng gore Jehofa ga a se amogele, re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse.

6. Batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi ba tshwanetse go dira eng?

6 Maleo mangwe a masisi thata mo e leng gore motho a ka tlosiwa mo phuthegong fa a sa ikwatlhaye. Fa e le gore re dirile boleo jo bo ntseng jalo, re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse. (1 Bakor. 5:11-13) Motho yo o dirileng boleo jo bo masisi, ga a ka ke a kgona go baakanya botsala jwa gagwe le Jehofa ka boene. Jehofa o tla re itshwarela maleo a re a dirileng fa fela re ‘dira ditiro tse di bontshang gore re a ikwatlhaya.’ (Dit. 26:20) Ditiro tseo di akaretsa go bolelela bagolwane boleo jo bo masisi jo re bo dirileng.

7. Ke bomang gape ba ba tlhokang bagolwane gore ba ba thuse?

7 Bagolwane ga ba thuse fela ba ba dirileng maleo a a masisi, gape ba thusa ba ba thatafalelwang ke go lwantsha dikeletso tse di sa siamang. (Dit. 20:35) Go ka nna thata tota gore o lwantshe dikeletso tse di sa siamang fa e le gore pele o nna Mokeresete o ne o tshwakgotswe ke diokobatsi, o lebelela ditshwantsho le dibidio tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kgotsa o dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme gone, ga o tlhoke go lebana le dilo tseno o le nosi. O ka bua le mogolwane yo o ikutlwang o phuthologile go bua le ene e bile o itse gore o tla go reetsa ka kelotlhoko, o tla go tlhalosetsa gore o ka dira diphetogo dife gore o lwantshe dikeletso tseo e bile o tla go tlhomamisetsa gore Jehofa o tla itumela ka gonne o tswelela o mo ikobela. (Mor. 4:12) Mme fa e le gore o kgobegile marapo ka gonne o tlhorontshiwa ke dikeletso tse di sa siamang, mogolwane yoo o tla go gopotsa gore Jehofa o itumelela gore o kopile thuso, e leng sengwe se se bontshang gore o tsaya botsala jwa gago le Jehofa bo le botlhokwa le gore o boikokobetso.​—1 Bakor. 10:12.

8. A re tshwanetse go bolelela bagolwane phoso nngwe le nngwe e re e dirang? Tlhalosa.

8 Ga re tlhoke go bolelela bagolwane ka phoso nngwe le nngwe e re e dirang. Ka sekai, ka dinako dingwe o ka nna wa bua sengwe se se ka utlwisang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi botlhoko kgotsa o ka nna wa galefa thata. Go na le gore o ye go kopa mogolwane mongwe gore a go thuse, o ka dirisa kgakololo e Jesu a re nayang yone ya gore o ye go bua le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yoo mme o mo kope gore a go itshwarele. (Math. 5:23, 24) O ka dira dipatlisiso ka dinonofo tse di jaaka bonolo, bopelotelele le boikgapo go bona gore o ka di bontsha jang mo nakong e e tlang. Mme fa e le gore ga lo kgone go rarabolola bothata joo, o ka nna wa kopa mogolwane gore a lo thuse. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a ileng a le kwalela Bafilipi, o ile a kopa mokaulengwe yo o sa umakiwang ka leina gore a thuse Yudia le Sentike go rarabolola bothata jwa bone. Le lona mogolwane mongwe mo phuthegong ya lona a ka lo thusa.​—Bafil. 4:2, 3.

GORENG RE TSHWANETSE GO BITSA BAGOLWANE?

9. Goreng re sa tshwanela go letla go tlhabiwa ke ditlhong go re thibela go bitsa bagolwane? (Diane 28:13)

9 Fa re dirile boleo jo bo masisi kgotsa re akanya gore re ka se kgone go lwantsha keletso nngwe e e sa siamang, re tla tlhoka tumelo le bopelokgale go kopa thuso. Ga re a tshwanela go letla go tlhabiwa ke ditlhong go re thibela go bitsa bagolwane. Goreng? Ka gonne Jehofa o re neile bagolwane gore ba re thuse go nonotsha botsala jwa rona le ene. Ka jalo, fa re bua le bagolwane re bontsha gore re a mo tshepa le gore re a mo ikobela. Gape re a lemoga gore re tlhoka thuso gore re kgone go dira se se siameng. (Pes. 94:18) Ka jalo re ka tlhatswega pelo gore fa re dirile boleo jo bo masisi, Jehofa o tla re itshwarela fa re bolelela bagolwane ka jone re bo re tlogela go bo dira.​—Bala Diane 28:13.

10. Go ka direga eng fa re ka leka go fitlha maleo a a masisi a re a dirileng?

10 Fa re bolelela bagolwane maleo a a masisi a re a dirileng, Jehofa o tla re itshwarela e bile botsala jwa rona le ene bo tla nonofa gape. Mme fa re sa dire jalo, re tlile go gakatsa dilo. Fa Kgosi Dafide a ne a leka go fitlha maleo a a neng a a dirile, o ile a ngomoga pelo e bile o ile a utlwa botlhoko thata ka gonne a itse gore o sentse botsala jwa gagwe le Jehofa. (Pes. 32:3-5) Fa re lwala kgotsa re gobetse mme re bo re sa kope thuso, re tla nna mo ditlhabing le go feta. Ka tsela e tshwanang, fa re dirile boleo jo bo masisi mme re sa bolelele bagolwane ka jone, seo se tla senya botsala jwa rona le Jehofa le go feta. Jehofa ga a batle gore seo se direge, ka jalo o re kopa gore re bolelele bagolwane se re se dirileng, mme re “tlhamalatse dilo fa gare ga rona” le ene.​—Isa. 1:5, 6, 18.

11. Go fitlha maleo a a masisi go ka ama batho ba bangwe jang?

11 Fa re sa bolelele bagolwane boleo jo bo masisi jo re bo dirileng, seo se ka ama batho ba bangwe. Go ka dira gore Jehofa a se ka a naya phuthego moya wa gagwe o o boitshepo e bile seo se ka bakela bakaulengwe le bokgaitsadi mathata. (Baef. 4:30) Mme le fa boleo joo jo bo masisi bo dirilwe ke motho yo mongwe mo phuthegong mme re itse ka jone, re tshwanetse go mo rotloetsa gore a ye go bolelela bagolwane ka jone.a Fa re fitlha boleo jo bo masisi jo motho yo mongwe a bo dirileng, seo se tla dira gore le rona re nne molato. (Lef. 5:1) E re ka re rata Jehofa re tla bolelela bagolwane ka boleo jo bo masisi jo mongwe a bo dirileng. Go dira jalo go tla sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile go tla thusa motho yoo yo o dirileng boleo jo bo masisi gore a atamalane le Jehofa gape.

BAGOLWANE BA RE THUSA JANG?

12. Bagolwane ba thusa jang batho ba botsala jwa bone le Jehofa bo koafetseng?

12 Baebele e laela bagolwane gore ba thuse ba botsala jwa bone le Jehofa bo koafetseng. (1 Bathes. 5:14) Fa e le gore o dirile boleo, bagolwane ba ka nna ba go botsa dipotso gore ba kgone go tlhaloganya se o se akanyang le tsela e o ikutlwang ka yone. (Diane 20:5) Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore o bolelele bagolwane ka boleo jo o bo dirileng. Gongwe seo se ka direga ka ntlha ya tsela e o godisitsweng ka yone, ka gonne o le motho yo o ditlhong ka tlholego, kgotsa o tlhabisiwa ditlhong ke se o se dirileng. Mme gone, fa o ka ba bolelela o tla ba thusa gore ba itse gore o lebane le eng. O se ka wa akanya gore se o se buang se tla dira gore bagolwane ba akanye gore o motho yo o buang fela a “sa akanye.” (Jobe 6:3) Go na le gore bagolwane ba go kgale, ba tla go reetsa ka tlhoafalo gore ba itse dintlha tsotlhe pele ba go naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng. (Diane 18:13) Ba a itse gore go naya motho kgakololo e e tla mo thusang go ka tsaya nako. Ka jalo, ga ba a lebelela gore bothata jwa gago bo rarabologe lekgetlo la ntlha fela fa ba sena go bua le wena.

13. Bagolwane ba ka re thusa jang ka go re rapelela le go re naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng? (Bona le ditshwantsho.)

13 Fa o bitsa bagolwane, ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba dira gore o ikutlwe molato le go feta. Go na le moo, ba tla go rapelela. Jehofa o tla reetsa dithapelo tsa bone tse di nang le “maatla a magolo.” Dithapelo tseo di tla go nonotsha e bile di tla go gomotsa fela thata. Gape bagolwane ‘ba tla go tlotsa ka leokwane ka leina la ga Jehofa.’ (Jak. 5:14-16) “Leokwane” leo le kaya boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo. Ka jalo, bagolwane ba tla tlotla le wena ka ditemana tsa Baebele tse di tla go kgothatsang le tse di tla go thusang gore o nonotshe botsala jwa gago le Jehofa gape. (Isa. 57:18) Kgakololo e bagolwane ba go nayang yone e e tswang mo Baebeleng e tla go thusa gore o tswelele o dira se Jehofa a reng o se dire. Bagolwane ba tla go thusa gore o utlwe lentswe la ga Jehofa le go raya le re: “Tsela ke e. Tsamaya ka yone.”​—Isa. 30:21.

Ditshwantsho: 1. Ngaka e e mo setshwantshong se se fetileng e tlhatlhoba monna yo o tshwerweng ke legetla. Mo loboteng go na le X-ray e e bontshang legetla la monna yoo. 2. Mogolwane yo o mo setshwantshong se se fetileng le mogolwane yo mongwe ba dirisa Baebele go kgothatsa mokaulengwe yoo kwa lelapeng la gagwe. Mokaulengwe yoo o reeditse bagolwane a itumetse.

Bagolwane ba dirisa Baebele go gomotsa le go kgothatsa ba botsala jwa bone le Jehofa bo koafetseng (Bona serapa 13-14)


14. Go ya ka Bagalatia 6:1, bagolwane ba ka thusa jang motho yo o tsereng “tsela e e phoso”? (Bona le ditshwantsho.)

14 Bala Bagalatia 6:1. Fa Mokeresete a tsaya “tsela e e phoso” o a bo a dira re se Jehofa a reng re se ka ra se dira. Tsela e e phoso e ka kaya tshwetso e e sa siamang kgotsa boleo jo bo masisi. E re ka bagolwane ba rata mokaulengwe wa bone, ba tla “leka go mmusetsa mo tseleng e e siameng ba dira jalo ka bonolo.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “busetsa” le ne le dirisiwa go tlhalosa tsela e ngaka e busetsang lerapo le le robegileng mo lefelong la lone gore le kgone go fola sentle. Ngaka e e nang le bokgoni e tla nna kelotlhoko thata fa e tlhamalatsa lerapo leo gore motho a se ka a utlwa botlhoko thata. Gape Baebele e laela bagolwane gore ba ‘nne ba ipeile leitlho.’ Fa ba thusa mongwe gore a dirise kgakololo e e tswang mo Baebeleng, ba tla nna ba gopola gore le bone ba dira diphoso. Ka jalo, ba tla nna kelotlhoko gore ba se ka ba itsaya ba le botoka go gaisa motho yo ba lekang go mo thusa. Go na le moo, ba tla nna boikokobetso e bile ba tla mo tlhomogela pelo.​—1 Pet. 3:8.

15. Re ka dira eng fa re na le bothata?

15 Re ka tshepa bagolwane. Jehofa o ba rutile gore ba se ka ba bolelela batho ba bangwe dikgang tsa rona. Gape ba rutilwe gore ba re neye kgakololo e e tswang mo Baebeleng, e seng se bone ba akanyang gore se siame. Mo godimo ga moo, ba rutilwe gore ba tshwanetse go nna ba re thusa ka mathata a re nang le one. (Diane 11:13; Bagal. 6:2) Le fa bagolwane ba na le botho jo bo sa tshwaneng, e bile bangwe ba bone ba ka tswa ba nnile bagolwane ka lobaka lo loleele go feta ba bangwe, re ka bua le mogolwane ope fela ka bothata jo re nang le jone. Mme gone, ga re a tshwanela go bua le bagolwane ba ba farologaneng fela ka gonne re batla mogolwane yo o ka dumalanang le se re batlang go se dira. Fa re dira jalo, re tla bo re tshwana le batho ba ba batlang gore “ditsebe tsa bone di tsikitliwe” go na le go amogela “thuto e e boammaaruri” e e tswang mo Lefokong la Modimo. (2 Tim. 4:3) Fa re kopa mogolwane gore a re thuse ka bothata bongwe, a ka nna a re botsa gore a re buile le bagolwane ba bangwe ka jone le gore ba re neile kgakololo efe. E re ka mogolwane yoo a le boingotlo, a ka nna a kopa kgakololo mo mogolwaneng yo mongwe.​—Diane 13:10.

BOIKARABELO JO RE NANG LE JONE

16. Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo bofe?

16 Bagolwane ba re naya kgakololo e bile ba a re thusa fa re na le mathata. Le fa go ntse jalo, ba ka se re bolelele gore re dire eng. Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go bontsha Jehofa gore o a mo rata le gore o batla go mo itumedisa ka se a se buang le se a se dirang letsatsi le letsatsi. Jehofa o tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng le gore re tswelele re ikanyega mo go ene. (Bar. 14:12) Go na le gore bagolwane ba re bolelele se re tshwanetseng go se dira, ba tla dirisa Baebele go re thusa go tlhaloganya se Jehofa a se akanyang ka kgang nngwe e e rileng. Go tswa foo, ke rona re tla itirelang tshwetso. Fa re akanya ka kgakololo e ba re nayang yone e e tswang mo Baebeleng e bile re e dirisa, re tla bo re katisa bokgoni jwa rona jwa go akanya gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng.​—Baheb. 5:14.

17. Jehofa o batla gore re dire eng?

17 Re leboga fela thata gore Jehofa o re tlhokomela ka lorato fela jaaka modisa yo o tlhokomelang dinku tsa gagwe! Jehofa o rometse Jesu yo e leng “modisa yo o molemo,” mo lefatsheng gore a re ntshetse botshelo jwa gagwe gore re kgone go tshelela ruri. (Joh. 10:11) Gape Jehofa o re neile bagolwane mo diphuthegong gore ba re tlhokomele fela jaaka a re solofeditse. O ile a re: “Ke tla lo naya badisa ba ba dirang go dumalana le thato ya me, mme ba tla lo fepa ka kitso le temogo.” (Jer. 3:15) Ka jalo, fa re lemoga gore tumelo ya rona kgotsa botsala jwa rona le Jehofa bo a koafala, ga re a tshwanela go okaoka go bitsa bagolwane gore ba tle go re thusa. Fa re dira jalo, thuso e Jehofa a re nayang yone a dirisa bagolwane, e tla re tswela mosola fela thata.

O KA ARABA JANG?

  • Re tshwanetse go ‘bitsa bagolwane’ leng gore ba tle go re thusa?

  • Goreng re tshwanetse go bitsa bagolwane?

  • Bagolwane ba re thusa jang?

PINA 31 Lo Tsamayeng le Modimo!

a Fa o mo neile nako ya gore a ye go bolelela bagolwane se a se dirileng mme a sa dire jalo, o tshwanetse go bolelela bagolwane se o se itseng ka gonne o batla go ikanyega mo go Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela