LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A O A Gakologelwa?
    Tora ya Tebelo—1991 | August 15
    • ne e se ka gonne a ne a tsaya gore go ja madi go diphatsa mo boitekanelong, mme e ne e le gore madi a ne a kaya sengwe se se kgethegileng.—6/15, ditsebe 8-9.

      ◻ Batsadi le basha ba Bakeresete ba ka tlhomamisa jang gore fa ngwana wa bone a gana go tshelwa madi go tla dirwa go ya kafa a kopang ka gone?

      Lemororo go ya ka molao e se mogolo, mosha wa Mokeresete o tshwanetse a bo a kgona go tlhalosa ka phepafalo ebile a nonofile lebaka la go bo a gana madi go ya ka bodumedi. Batsadi ba ka nna ba katisa ngwana mo go seo a ka nnang a se bua gore ba kgone go nna le boitemogelo jwa go tlhalosa dilo tseo ba tlhatswegileng pelo ka tsone.—6/15, tsebe 18.

      ◻ Basadi ba ne ba segofadiwa thata jang mo bodiheding jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng?

      Jesu o ne a simolola tiro e e neng e gomotsa basadi ba merafe yotlhe, e ba naya tsholofelo, le gore ba tlotliwe ka tsela e e sa tshwaneng le ya pele. O ne a ruta basadi boammaaruri jo bo boteng jwa semoya. (Yohane 4:7, 24-26) O ne a direlwa ke basadi fa a ntse a eta go ralala naga a le mo bodiheding. (Mareko 15:40, 41)—7/1, ditsebe 14-15.

      ◻ Ke mekgwa efe ya ga Jesu ya go ruta eo batsadi ba ileng ba e fitlhela e le mosola fa ba e dirisa mo baneng ba bone?

      Batsadi ba dira sentle go dirisa ditshwantsho go dira gore boammaaruri jwa Bokeresete bo ikuele mo dipelong tsa bana ba babotlana, mme ba ka dirisa dipotso tse di akanyeditsweng thata go bona gore bana ba bone tota ba akanya eng. (Bapisa Mathaio 17:24-27.)—7/1, tsebe 26.

      ◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le bopelonomi jo bo lorato ka metlha?

      Nonofo ya bopelonomi jo bo lorato e re dira gore re ratwe ke Modimo le ba bangwe. E dira gore re amogele baeng le go akanyetsa ba bangwe ka tsela e e oketsegileng. E nonotsha dikgolagano tsa lelapa le mo phuthegong ya Bokeresete. Mo godimo ga tsotlhe, bopelonomi jo bo lorato bo galaletsa Jehofa.—7/15, tsebe 22.

      ◻ Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a kgona go faposiwa mo tseleng fa go tla mo kgannyeng ya ditsala? (1 Bakorintha 15:33)

      Motho a ka nna a lebega a le botsalano ebile a sa ganetse, mme fa a sa amege ka tirelo ya ga Jehofa kana a sa dumele Bibela jaaka Bakeresete, ke tsala e e sa siamang. Ka ntlha yang? Gonne botshelo jwa gagwe bo laolwa ke melaometheo e e farologaneng, le dilo tse di leng botlhokwa mo Mokereseteng di ka tswa di sa ikuele thata mo go ene.—7/15, tsebe 23.

      ◻ Ke ka ntlha yang fa Letsatsi la Katlholo e le nako eo re ka nnang le tsholofelo mo go yone?

      Letsatsi la Katlholo ke lobaka lwa dingwaga di le sekete. Le tlile go okamelwa ke Modimo ka boone a na le Morwawe, Jesu Keresete, yoo Modimo o mo tlhomileng go nna Moatlhodi. Eno e tla nna nako ya go dira gore batho ba bone botshelo jo bo itekanetseng joo Adame a ileng a dira gore bana ba gagwe ba se ka ba bo bona. (1 Bakorintha 15:21, 22)—8/1, ditsebe 5-7.

  • A O Ganela Gore O Sekametse Thata mo go Direng Boleo?
    Tora ya Tebelo—1991 | August 15
    • A O Ganela Gore O Sekametse Thata mo go Direng Boleo?

      “ME YALO, ke hitlhèla go le molaō oa Modimo kaha bothuñ yoa kaha teñ: Me ke hitlhèla molaō o sele mo ditokololoñ tsa me, o o tlhabanañ le molaō oa pelo ea me, me o ntsenya mo kgolegoñ ea molaō oa boleo o o mo ditokololoñ tsa me.”—Baroma 7:21-23.

      Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoka go nna boikokobetso gore a kgone go dumela se se fa godimo seno. Lefa go ntse jalo, go dira jalo, go ne ga mo thusa go thibela dilo tse a neng a rata go di dira ka ntlha ya bosaitekanelang gore di se ka tsa mo fekeetsa.

      Go ntse fela jalo le ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno. Fa re ne re bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Bibela, re ne ra fetola tsela ya rona ya botshelo kafa go neng go tlhokega ka teng, re dira dilo tse Jehofa a di batlang. Lefa go le jalo, go rata go dira boleo gone go a sala, “ka go bo go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21) A re batho ba re nang le boammaaruri tota go dumela gore go na le dilo dingwe tse di kgethegileng tse di re gatelelang? Kana a re ganela gore re na le tsone, gongwe re konela ka go re, ‘Go na le ba dilo tseno e leng mathata mo go bone mme eseng nna’?

      Go itsietsa ka tsela eo go ka nna ga nna diphatsa. Setshwantsho sengwe se se thailweng mo Bibeleng se ka re thusa go lemoga botlhokwa jwa go dumela gore re sekametse thata mo go direng boleo le gore re tlhoka go go laola.

      Lebaka la Go Bo go Ganela go Le Diphatsa

      Metse e mentsi ya mo metlheng ya Bibela e ne e ageleditswe ka dithako. Dikgoro—tse gantsi di neng di dirwa ka logong—e ne e le karolo e e neng e ka nna ya tlhaselwa e e mo teng ga lorako lwa motse; ka gone, di ne di sirelediwa tota. Baagi ba ne ba dira dikgoro tse dintsi kafa ba neng ba di tlhoka ka teng ka nako ya fa go ne go na le kagiso. Dikgoro tsa logong gantsi di ne di khurumediwa ka tshipi, gore di se ka tsa sha motlhofo. Go ne go agiwa ditora mo lorakong gore ba kgone go tsenya ditlhodi tseo di neng di ka kgona go bona baba fa ba tla ba santse ba le kgakala mo teng ga tsone.

      Jaanong akanya fela: Go ne go tla diragala eng fa baagi ba motse ba ne ba ganela gore dikgoro tsa motse di ne di ka nna tsa tlhaselwa bonolo mme ka gone ba sa di sireletse ka tsela e e lekaneng? Masole a baba a ne a tla tsena motlhofo fela mo motseng, mme a o thopa.

      Go ntse fela jalo le ka rona. Jehofa o itse fa mongwe le mongwe wa rona a leng bokoa gone. “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” (Bahebera 4:13) Satane le ene a ka tswa a lemogile fa re sekametse thata mo go direng boleo, e ka tswa e le ka go sokamisa boammaaruri, re galefa ka bonako, re kgatlhegela boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, re rata dilo tse di bonalang, boikgogomoso, kana sepe fela se sengwe. Fa re ganela gore re sekametse mo go direng boleo, re dira gore Satane a kgone go tlhasela tumelo ya rona motlhofo. (1 Petere 5:8) Re ka nna ra fekeediwa ereka go eletsa dilo tse di phoso go tswelela go fekeetsa dilo tse re sekametseng go di dira mme go dira gore re leofe. (Yakobe 1:14, 15) Re tshwanetse go tshwana le Paulo, yo ka boammaaruri a neng a dumela gore ‘makoa’ a ka nna teng.

      Inonotshe!

      Go tla bo go sa thuse sepe go kgona go bona makoa o bo o tlogela fela o sa dire sepe ka one. Seno se tla tshwana le monna yo o itebang mo seiponeng, a bo a bona fa a tshwanetseng go baakanya teng, mme a bo a tsamaya fela a sa baakanye gope fa go tlhokegang. (Yakobe 1:23-25) Ee, re tshwanetse go tsaya kgato go itshireletsa gore go sekamela ga rona mo go direng boleo go se ka ga re fekeetsa. Re ka dira seno jang?

      Mo metlheng ya Bibela gantsi, ditoroponyana tse dinnye, kana “metse e e busiwang ke e mengwe,” e ne e sena dithako. (Dipalō 21:25, 32, NW; Baatlhodi 1:27; 1 Ditihalō 18:1; Yeremia 49:2) Baagi ba ditoropo tseno ba ne ba ka tshabela kwa motseng o o nang le dithako fa baba ba ne ba tlhasela. Metse e e ageletsweng ka gone e ne e ka nna botshabelo jwa batho ba ba mo tikologong.

      Bibela e tlhalosa Jehofa Modimo jaaka kago e e godileng, botshabelo, lorako leo re ka tshabelang kwa go lone. (Diane 18:10; Sekaria 2:4, 5) Ka jalo Jehofa ke ene a femelang batlhanka ba gagwe. O tshwanetse go rapelwa ka metlha. (1 Bathesalonia 5:17) Thuso e nngwe gape ke Bibela. Re tla bo re dira sentle go dirisa Lefoko la Modimo go ithuta dikarolo tse re leng bokoa mo go tsone ka tsela e e kgethegileng. Re ka nna ra beela kwa thoko ditlhogo dingwe tse di thailweng mo Bibelang tseo di buang ka ‘makoa’ ao e leng a rona ka namana gore re nne re di sekaseke kgapetsakgapetsa.

      Gape, jaaka ditlhodi kwa godimo ga kago e e kwa godimo, re ka kgona go bona mmaba a santse a le kgakala, jaaka go ne go ka tualo, mme ra tsaya kgato e e tshwanetseng. Jang? Ka go tila maemo a re ka nnang ra raelwa kana ra gatelelwa mo go one. Ka sekai, motho yo o batlang go lekalekanya go nwa dino tse di tagang o tla tlhopha ka botlhale go tila mafelo a dino di tletsetletseng mo go one kana koo a ka tlhotlheletsegang go nwa gone.

      Dilo tsotlhe tseno di tlhoka maiteko. Lefa go ntse jalo, fa e le gore moaposetoloi Paulo o ne a tshwanetse go “ikgōba mmele” gore a se ka a fenngwa ke go rata go dira go ya ka bosaitekanelang ga gagwe, a le rona ga re a tshwanela go dira maiteko a a tshwanang? Go nna re gakologetswe gore re sekametse mo boleong ka tsela e e ntseng jalo go tla supa gore re latela kaelo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwe lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.”—1 Bakorintha 9:27; 2 Petere 3:14.

      Dumela O Bo O Tseye Kgato

      O se ka wa kgobega marapo fa o ka re o ntse o dira maiteko wa bona dilo tse o ratang go di dira ka ntlha ya bosaitekanelang di sa nyelele. Fa fela re santse re sa itekanela, re tlile go nna re sekametse mo go direng diphoso ka selekanyo se se rileng, fela jaaka go ne go ntse jalo ka Paulo. Mme re tshwanetse go dira gore re di gatelele kwa tlase, re di tshware gore di se ka tsa re leofisa.

      Lefa go ntse jalo, nna o ntse o itse gore, go dumela fa o sa itekanela le go go itshokela ke dilo tse di farologaneng. Seo se ka nna sa tshwantshiwa le monna yo a nang le pelo e e bokoa mo sehubeng sa gagwe. O tshwanetse go itebaganya le seno ka go leka go boloka pelo ya gagwe e itekanetse ka tsela e a ka e batlang e nna ka yone. Ga a bolele fela gore ereka pelo ya gagwe e le bokoa, gone he a ka nna a se ka a ithiba mo go sepe mme lefa go ntse jalo a tshele fela kafa a batlang ka teng.

      Gape itse gore nonofo ya rona ga e a ikaega mo go ganeleng gore ga re a sekamela mo go direng boleo mme mo go dumeleng seo le go tsaya kgato kgatlhanong le gone. Ka jalo o se ka wa boifa go ipolelela fa go le jalo mmogo le go dumela seo mo go Jehofa ka dilo tseo o kgonang go tsiediwa le go gatelelwa motlhofo fela mo go tsone. Ka jalo o se ka wa ikutlwa o sa ithate sentle fa o dira jalo, kana gone gore lorato lo Jehofa a go ratang ka lone lo a fokotsega. Mme ebile fa o ntse o atamela Modimo o batla gore a go amogele ka tlhoafalo, o tla go atamela.—Yakobe 4:8.

      [Setshwantsho mo go tsebe 31]

      Setshwantsho seno sa Megido se supa dikgoro tse di neng di le thata le dithako tse di neng di sireletsa metse ya bogologolo

      [Motswedi wa Setshwantsho]

      Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela