LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gm kgao. 9 ts. 117-133
  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala
  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thopelwa kwa Babelona
  • Go Senngwa ga Ture
  • Sebaka sa ga Babelona
  • Go Gwanta ga Mebuso ya Lefatshe
  • Dipolelelopele tsa ga Daniele—A Di Ne Tsa Begwa Morago ga Gore di Diragadiwe?
  • Go Tla ga Yo O Tloditsweng
  • Polelelopele E E Neng ya Tlhotlhelediwa
  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 2
    Tsogang!—2012
  • Daniele—Buka E e Mo Tshekong
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
gm kgao. 9 ts. 117-133

Kgaolo 9

Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala

Batho ga ba kake ba bolelela pele isagwe ka tlhomamo ka gope. Gangwe le gape maiteko a bone a go bolelela pele a palelwa mo go maswe. Ka jalo buka e e nang le dipolelelopele tse di neng tsa diragala ka mmatota e tshwanetse ya gapa tlhokomelo ya rona. Bibela ke buka ya go nna jalo.

1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) Lebaka la go bo Bibela e bega dipolelelopele tseo di neng tsa diragala le bontsha eng?

DIPOLELELOPELE di le dintsi tsa Bibela di ile tsa diragala tsotlhe fela jaaka di ne di boleletswe pele mo e leng gore batshwaya-diphoso ba bolela gore di ne tsa kwalwa morago ga gore di diragadiwe. Mme dipolelo tsa go nna jalo ga di boammaaruri. Modimo, ereka e le mothatayotlhe, o kgona go bolelela pele ka botlalo. (Isaia 41:21-26; 42:8, 9; 46:8-10) Dipolelelopele tsa Bibela tseo di ileng tsa diragala ke bosupi jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo, eseng jwa gore e kwadilwe di sena go diragadiwa. Jaanong re tlile go lebelela dingwe tsa dipolelelopele tse di tlhomologileng tseo di neng tsa diragala—tseo di neelang bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Bibela ke lefoko la Modimo, eseng la motho fela.

Go Thopelwa kwa Babelona

2, 3. Ke eng seo se neng sa dira gore Kgosi Hesekia a bontshe baemedi ba ba tswang kwa Babelona mahumo otlhe a ntlo ya gagwe le a puso ya gagwe?

2 Hesekia e ne e le kgosi kwa Jerusalema mo e ka nnang ka dingwaga di le 30. Ka 740 B.C.E. o ne a bona fa moagelani wa gagwe yo o kafa bokone ebong Iseraele a ne a senngwa ke Baasiria. Ka 732 B.C.E. o ne a bolokwa ke Modimo ka maatla a one, fa ka maiteko ao a neng a dirwa ke Baasiria a go thopa Jerusalema a ne a palelwa, go go neng ga feleletsa ka matlhotlhapelo mo go bao ba neng ba e tlhasela.—Isaia 37:33-38.

3 Jaanong, Hesekia o amogela baemedi ba ba tswang kwa go Merodakebaladane, ebong kgosi ya Babelona. Ka mo go bonalang ka gone, baemedi bano ba tletse koo go ya go itumela le Hesekia ka ntlha ya go bo a fodile mo bolwetsing jwa gagwe jo bo botlhoko. Lefa go le jalo, ekete Merodakebaladane o bona Hesekia e le ene yo go ka kgonegang gore a dire kgolagano le ene kgatlhanong le puso ya lefatshe ya Asiria. Hesekia ga a dire sepe go leleka mogopolo oo fa a bontsha Bababelona ba ba etileng bao mahumo otlhe a ntlo ya gagwe le a puso ya gagwe. Gongwe, le ene, o batla bao a ka dirang kgolagano le bone gore ba nne kgatlhanong le Baasiria bao go bonalang ekete ba ka boa gape.—Isaia 39:1, 2.

4. Isaia o ne a bolelela pele ditlamorago dife tse di utlwisang botlhoko tsa phoso eo e e neng e dirilwe ke Hesekia?

4 Isaia ke ene moperofeti yo o tlhomologileng wa nako eo, mme ka bonako o lemoga boeleele joo jwa ga Hesekia. O itse gore mofemedi yo mogolo wa ga Hesekia ke Jehofa, eseng Babelona, mme o mmolelela gore tiro ya gagwe ya go bontsha Bababelona mahumo a gagwe e tla felela ka kutlobotlhoko. “Malatsi aè tla,” ga rialo Isaia, “a dilō cotlhe tse di mo tluñ ea gago, le tse borra eno ba nntseñ ba di baea, ba di boloka, go tla go hitlha mo letsatsiñ yeno, di tla isiwañ kwa Babelona ka aōna.” Jehofa o laotse jaana: “Ga go ketla go tlogèlwa sepè.”—Isaia 39:5, 6.

5, 6. (a) Jeremia o ne a reng fa a ne a tlhomamisa polelelopele ya ga Isaia? (b) Dipolelelopele tsa ga Isaia le Jeremia di ne tsa diragadiwa ka tsela efe?

5 Morago kwa ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., go ka nna ga bo go ile ga bonala ekete polelelopele eo ga e na e diragadiwa. Lefa go le jalo, dingwaga di le lekgolo moragonyana ga moo boemo bo ne jwa fetoga. Babelona e ne ya nna mmuso o o laolang lefatshe mo boemong jwa Asiria, mme Juda yone e ne e bodile, re bua go ya ka bodumedi, mo eleng gore Modimo o ne wa tlosa masego a gagwe mo go yone. Jaanong, moperofeti yo mongwe, ebong Jeremia, o ne a tlhotlhelediwa gore a boeletse tlhagiso ya ga Isaia. Jeremia o ne a bolela jaana: “Me ke tla ba lere [Bababelona] ba tla go tlhabana le lehatshe ye, le banni ba yeōna, . . . Me lehatshe ye yeotlhe le tla nna chwahalō, le kgakgamaco; me merahe e, e tla dihèla kgosi ea Babelona ka dinyaga di le mashomè a shupa.”—Yeremia 25:9, 11.

6 Mo e ka nnang ka dingwaga di le nne morago ga gore Jeremia a bolele polelelopele eo, Bababelona ba ne ba dira Juda karolo ya bogosi jwa bone. Dingwaga di le tharo morago ga moo, ba ne ba tsaya bangwe ba batshwarwa ba Bajuda, gammogo le mangwe a mahumo a tempele e e neng e le kwa Jerusalema, ba di isa kwa Babelona. Dingwaga di le robedi moragonyana ga moo, Juda o ne a tsuologa mme gape o ne a thopiwa ke kgosi ya Babelona, ebong Nebukadenesare. Ka nako eno, motse ono le tempele ya one di ne tsa senngwa. Mahumo otlhe a one, gammogo le Bajuda ka bobone, ba ne ba tsewa ba isiwa kwa Babelona e e kwa kgakala, fela jaaka Isaia le Jeremia ba ne ba boleletse pele.—2 Ditihalō 36:6, 7, 12, 13, 17-21.

7. Boithuta-marope bo supela jang go diragadiwa ga dipolelelopele tsa ga Isaia le Jeremia malebana le Jerusalema?

7 The Archaeological Encyclopedia of the Holy Land e tlhalosa gore fa Bababelona ba fetsa go tlhasela, “motse oo [Jerusalema] o ne o sentswe gotlhelele.”⁠1 Moithuta-marope W. F. Albright o tlhalosa jaana: “Go epa le go batlisisa fa godimo kwa Juda go ile ga bontsha gore metse ya Juda e ne ya seka ya senngwa fela ka mo go feletseng ke Bakaladea mo ditlhaselong tsa bone tse pedi, mme gape ga ya ka ya boa ya nnwa gape ka sebaka se seleele—gantsi ga go ise go ko go tsamaye go agiwe gape mo go yone mo hisitoring.”⁠2 Ka jalo, boithuta-marope bo tlhomamisa gore polelelopele eno e ne ya diragadiwa ka mo go gakgamatsang.

Go Senngwa ga Ture

8, 9. Esekiele o ne a bolela polelelopele efe kgatlhanong le Ture?

8 Esekiele e ne e le mokwadi yo mongwe wa bogologolo yo o neng a bega dipolelelopele tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo. O ne a perofeta go tloga kwa bokhutlong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. go ya go fitlha go la borataro—ke gore, mo dingwageng tse di neng tsa felela ka go senngwa ga Jerusalema mme morago ga moo ka masome a ntlha a dingwaga a go thopelwa ga Bajuda kwa Babelona. Tota le eleng le batshwaya-diphoso ba segompieno ba a dumalana gore buka eno e kwadilwe mo e ka nnang ka nako eno.

9 Esekiele o ne a bega kaga polelelopele nngwe e e kgatlhisang e e malebana le go senngwa ga moagelani yo o kwa bokone wa Iseraele ebong Ture, eo e neng e sa tlhole e le tsala ya batho ba Modimo mme jaanong e le mmaba wa bone. (1 Dikgosi 5:1-9; Pesalema 83:2-8) O ne a kwala jaana: “Ke gōna ka mouō go bua Morèna Modimo: a re, Bōna, ke tlhabana nau, wèna Tura, ke tla gu cosetsa merahe e le mentsi e tlè go gu tlhasèla, yaka lewatlè le tle le cose makhubu a yeōna. Me e tla senya dithakō tsa Ture, e tla rutla dikagō tse di godileñ tsa tlhabananèlō tsa gōna: ke bile ke tla gopa lorole mo go èna, ke mo ntsha lehika ye le borethe hèla. . . . Me mayè a gago, le dikgoñ tsa gago, le lorole loa gago, ba tla baea gotlhe hèla mo gare ga metse.”—Esekiele 26:3, 4, 12.

10-12. Polelelopele ya ga Esekiele e ne ya diragadiwa leng labofelo, mme jang?

10 A seno eleruri se ne sa diragala? Dingwaga di sekae morago ga gore Esekiele a bue mafoko a polelelopele eno, kgosi ya Babelona, ebong Nebukadenesare, o ne a dikaganyetsa Ture. (Esekiele 29:17, 18) Lefa go le jalo, go ne go se bonolo go e dikaganyetsa. Ture e ne e agilwe bontlhanngwe jwa yone bo le mo lefatsheng (eleng karolo e e neng e bidiwa Ture wa Bogologolo). Mme karolo e nngwe ya motse ono e ne e le mo setlhaketlhakeng mo e ka nnang dimitara di le 800 gaufi le lewatle. Nebukadenesare o ne a dikaganyetsa setlhaketlhake seno dingwaga di le 13 pele ga se ineela mo go ene.

11 Lefa go le jalo, e ne e le ka 332 B.C.E. fa kgabagare polelelopele ya ga Esekiele e ne e diragadiwa mme e diragadiwa ka botlalo. Ka nako eo, Alexander yo Mogolo, ebong yo o neng a fenya a tswa kwa Makedonia, o ne a thopa Asia. Ture, e bolokesegile mo lefelong la yone la setlhaketlhake, e ne ya gana go ineela mo go ene. Alexander o ne a sa batle go tlogela mmaba yono wa gagwe yo mogolo kwa morago, mme o ne a sa batle go senya dingwaga di le dintsintsi a dikaganyeditse Ture, jaaka fa Nebukadenesare a ne a dira.

12 O ne a rarabolola jang bothata jono jwa ntwa? O ne a aga leborogo la mmu, kana tsela e e kgabaganyang, gore e kgabaganyetse kwa setlhaketlhakeng seno, e le gore masole a gagwe a tle a kgone go tsamaya go le kgabaganya mme ba tlhasele motse ono wa setlhaketlhake. Lefa go le jalo, tlhokomela seo a neng a se dirisa go aga bokgabaganyo jono. The Encyclopedia Americana e bega jaana: “Ka masalela a karolo ya motse ono e e neng e le mo lefatsheng, eo a neng a e sentse, o ne a aga bokgabaganyo jo bogolo ka 332 gore a golaganye setlhaketlhake seno le lefatshe.” Morago ga go o dikaganyetsa ka nako e khutshwanyane fela, motse ono wa setlhaketlhake o ne wa senngwa. Gape, polelelopele ya ga Esekiele e ne ya diragadiwa ka botlalo. Tota le eleng ‘maye le dikgong le lerole’ tsa Ture wa Bogologolo di ne tsa ‘bewa mo gare ga metsi.’

13. Mojanala mongwe wa lekgolo la bo-19 la dingwaga o ne a tlhalosa jang lefelo la Ture wa bogologolo?

13 Mojanala mongwe wa lekgolo la bo-19 la dingwaga o ne a akgela ka seo se neng sa tlogelwa mo Ture wa bogologolo ka motlha wa gagwe, fa a ne a re: “Kaga Ture ya pele e e neng e itsewe ke Solomone le baperofeti ba Iseraele, ga go a ka ga sala le eleng le motlhala fa e se matlapa a mabitla mo matlhakoreng a dithaba, le dipota tsa yone tsa motheo fela . . . Tota le eleng le setlhaketlhake seo, seo Alexander yo Mogolo, ka nako ya fa a ne a dikaganyeditse motse ono, a neng a se fetola gore e nne karolo ya lefatshe e e tsenelelang mo lewatleng ka go katela metsi a a neng a le fa gare ga sone le lefatshe, ga se na masalela ape a a bonalang a nako ya pele fa e se a Batlhabanela-Tumelo fela. Motse wa segompieno, o o batlang o le mosha, otlhe fela o mo karolong e e kwa bokone ya seo e kileng ya bo e le setlhaketlhake seno, mme mo e ka nnang karolo yotlhe ya sone e e fa godimo e e setseng yone e khurumeditswe ke masalela a a se kakeng a kgethololwa.”⁠3

Sebaka sa ga Babelona

14, 15. Isaia le Jeremia ba ne ba bega dipolelelopele dife kgatlhanong le Babelona?

14 Morago kwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Isaia, ebong moperofeti yo o neng a tlhagisa Bajuda kaga lobaka loo lo neng lo tla lo ba neng ba tla nna kafa tlase ga Babelona ka lone, gape o ne a bolelela sengwe se se gakgamatsang pele: go fedisiwa gotlhelele ga Babelona ka boyone. O ne a bolelela seno pele ka phepafalo: “Bōnañ, ke tla ba cosetsa Bameda . . . Mme Babelona, kgalalèlō ea magosi, bontlè yoa pelahalō ea Bakaladea, o tla nna yaka ha Modimo o lo oa ribegetsa Sodoma le Gomora. Ga o ketla o tlhōla o nnwa ke batho gopè, le gōna ga go opè eo o tla agañ mo go ōna go cwa kokomaneñ, go ea kokomaneñ.”—Isaia 13:17-20.

15 Moperofeti Jeremia le ene o ne a bolelela go wa ga ga Babelona pele, go go neng go tla diragala dingwaga di le dintsi moragonyana. Mme o ne a tsenya ntlha eno e e kgatlhisang mo go yone: “Go leuba mo dinokeñ tsa gagwè, me di tla cha: . . . Digañka tsa Babelona di ithibile go tlhabana, di setse hèla mo dikagoñ tsa cōna tse di thata tsa phemèlō; thata ea bōnè e ñobetse.”—Yeremia 50:38; 51:30.

16. Babelona o ne a thopiwa leng, mme a thopiwa ke mang?

16 Ka 539 B.C.E., nako ya go busa ga ga Babelona jaaka mmuso o mogolo wa lefatshe e ne ya fela fa mmusi wa Peresia yo o senatla ebong Kurose, a patilwe ke masole a Media, ba ne ba gwantela kwa motseng ono. Lefa go le jalo, seo Kurose a neng a se bona se ne se boifisa. Babelona e ne e dikaganyeditswe ke dipota tse dikgolo mme di ne di bonala di ka seka tsa senngwa. Noka e kgolo ya Euferatese le yone, e ne e feta go ralala motse ono mme e ne e na le seabe sa botlhokwa mo go o sireletseng.

17, 18. (a) Go ne ga nna le ‘leuba mo dinokeng tsa [Babelona]’ ka tsela efe? (b) Ke ka ntlhayang fa ‘diganka tsa Babelona di ne di palelwa ke go lwa’?

17 Rraditiragalo wa Mogerika ebong Herodotus o tlhalosa ka moo Kurose a neng a rarabolola bothata jono ka gone: “O ne a baya karolo nngwe ya masole a gagwe mo lefelong leo noka eno e tsenang mo motseng ono mo go lone, mme setlhopha se sengwe a se baya kafa morago ga lefelo la koo e tlhagang gone, mme a ba laela gore ka bonako fela fa metsi a sa tlhole a le boteng thata, ba tsene mo motseng ono ka mathoko a noka eno . . . O ne a faposetsa Euferatese kwa mogobeng [eleng letsha le le itiretsweng leo le neng le epilwe ke mmusi wa pele wa Babelona] ka kanale, o ka nako eo o neng o le loraga, o metsi a neng a tsena mo go one go ya bokgakaleng jwa gore go bo go kgonege gore ba bo ba ka gobua mo nokeng eno. Mono Baperesia bao ba neng ba tlogetswe ka boikaelelo kwa thoko ga noka kwa Babelona, ba ne ba tsena mo nokeng eno, eo jaanong metsi a neng a ngotlegile mo go yone mo a neng a fitlha motho go isa mo seropeng, mme ka jalo ba kgona go tsena mo motseng ono.”⁠4

18 Ka tsela eno motse ono o ne wa wa, fela jaaka Jeremia le Isaia ba ne ba tlhagisitse. Mme a o ke o tlhokomele ka moo boperofeti jono bo neng jwa diragadiwa ka gone ka botlalo. Go ne ga nna le ‘leuba la tota mo dinokeng tsa gagwe, mme di ne tsa tšha.’ Seo se neng sa dira gore Kurose a kgone go tsena mo motseng ono e ne e le ka go bo metsi a Euferatese a ne a le kwa tlase. A ‘diganka tsa Babelona di ne tsa retelelwa ke go lwa,’ jaaka Jeremia a ne a ile a tlhagisa? Bibela—gammogo le borraditiragalo ba Bagerika ebong Herodotus le Xenophon—e bega gore Bababelona tota ba ne ba le mo moletlong fa Baperesia ba ne ba tlhasela.⁠5 Ditiragalo tsa ga Nabonidus, ebong Lekwalo la Mokwalo wa cuneiform la semolao, le bolela gore mephato ya ga Kurose e ne ya tsena mo Babelona “e sa lwe,” go bonala go raya gore ba sa lwe ntwa e kgolo e go lowang ka thata mo go yone.⁠6 Ka mo go bonalang ka gone, diganka tsa Babelona ga di a ka tsa dira go le gontsi go mo sireletsa.

19. A polelelopele ya gore Babelona e ne e se kitla e tlhola e “nnwa ke batho gopè” e ne ya diragadiwa? Tlhalosa.

19 Go tweng ka polelelopele ya gore Babelona ga e kitla e tlhola e “nnwa ke batho gopè”? Seno ga se a ka sa diragadiwa ka bonako ka 539 B.C.E. Mme polelelopele eno e ne ya diragala kwantle ga pelaelo epe. Morago ga gore Babelona a we, e ne e le lefelo leo le neng le tletse ka botsuolodi jo bo seng kana ka sepe, go fitlhelela ka 478 B.C.E. fa a ne a senngwa ke Xerxes. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bonè la dingwaga, Alexander yo Mogolo o ne a rulaganyetsa go mo tsosolosa gape, mme o ne a swa pele ga tiro eno e ya bokgakala bope. Go tloga ka nako eo go ya pele, motse ono o ne wa wa ka iketlo. Go ne go santse go na le batho bao ba neng ba tshela moo mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, mme gompieno sotlhe seo se tlogetsweng mo Babelona yono wa bogologolo ke thothobolo ya marope kwa Iraq. Tota le eleng lefa marope a gagwe a ka busediwa gape ka bontlhabonngwe, Babelona e ne e tla nna lefelo fela leo le etelwang ke bajanala go le bona, eseng motse o go tshelwang mo go one, o o tletseng botshelo. Lefelo la gagwe le le swafetseng le neela bosupi jwa tiragatso ya bofelo ya dipolelelopele tse di tlhotlheleditsweng tse di kgatlhanong le ene.

Go Gwanta ga Mebuso ya Lefatshe

20, 21. Ke polelelopele efe eo Daniele a neng a e bona e e malebana le go gwantela pele ga mebuso ya lefatshe, mme seno se ne sa diragadiwa jang?

20 Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., ka nako ya fa Bajuda ba ne ba thopilwe ke Bababelona, moperofeti yo mongwe, ebong Daniele, o ne a tlhotlhelediwa gore a bege diponatshegelo dingwe tse di gakgamatsang tseo di neng di bolelela ditiragalo tsa lefatshe tsa isagwe pele. Mo go nngwe ya tsone, Daniele o tlhalosa diphologolo di le mmalwa tsa tshwantshetso tseo di ntseng di tlosana mo lefatsheng. Moengele o tlhalosa gore diphologolo tseno di tshwantshetsa go gwanta ga mebuso ya lefatshe ya go tloga ka nako eo go ya pele. Fa a ne a bua ka dibatana tse pedi tsa bofelo, o bolela jaana: “Phelehu e u e bonyeñ e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Me phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika: me lonaka lo logolo lo lo ha gare ga matlhō a eōna ke kgosi ea ntlha. Me kaga lo lo rōbegileñ, lo dinaka di le nnè di emeñ mo boemoñ yoa lōna, magosi a le manè a tla èma a cwa mo morahiñ o le moñwe hèla, me e señ ka thata ea eōna kgosi euō.”—Daniele 8:20-22.

21 Ponelopele eno ya polelelopele e ne ya diragadiwa fela jaaka e ntse. Mmuso wa Babelona o ne wa menolwa ke Bameda le Baperesia, bao, dingwaga di le 200 moragonyana, ba neng ba sutela Mmuso wa lefatshe wa Gerika. Mmuso wa Gerika o ne o eteletswe pele ke Alexander yo Mogolo, ebong “lonaka lo logolo.” Lefa go le jalo, morago ga gore Alexander a swe, bomogenerala ba gagwe ba ne ba lwa ka bobone ba lwela go busa, mme kgabagare mmuso o mogolo ono wa thubega go nna mebuso e mennye e menè, “magosi a le manè.”

22. Mo polelelongpele eo e neng ya bolelwa ka ga go gwantela pele ga mebuso ya lefatshe, ke mmuso ofe o mongwe wa lefatshe o o neng wa bolelelwa pele?

22 Mo go Daniele kgaolo 7, pono e e batlang e tshwana le eno le yone e ne ya bonela isagwe pele thata. Mmuso wa lefatshe wa Babelona o ne o tshwantshediwa ke tau, wa Baperesia o ne o tshwantshediwa ke bera, mme wa Gerika o tshwantshediwa ke nkwe e e nang le diphuka tse nnè kafa mokwatleng le ditlhogo di le nnè. Morago ga moo, Daniele o bona sebatana se sengwe, “e le se se boitshègañ, se se nonohileñ, se le thata e e heteletseñ; . . . me sa bo se na le dinaka di le shomè.” (Daniele 7:2-7) Sebatana seno sa bonè se ne se emela Mmuso o o maatla wa Roma, o o neng wa simolola go nna gone mo e ka nnang makgolo a le mararo a dingwaga morago ga gore Daniele a bege ka polelelopele eno.

23. Sebatana sa bonè seo se neng sa bolelelwa pele ke Daniele e ne e le ‘se sele mo magosing a mangwe otlhe’ jang?

23 Moengele o ne a bolelela pele jaana malebana le Roma: “Setshedi sa bonè e tla nna bogosi yoa bonè mo lehatshiñ, yo bo tla nnañ bo sele mo magosiñ aotlhe, me bo tla shuputsa lehatshe yeotlhe, bo tla le gataka, bo le thubaganya.” (Daniele 7:23) H. G. Wells, mo bukeng ya gagwe ya A Pocket History of the World, o bolela jaana: “Bogosi jo bosha jono jwa Roma jo bo neng jwa tsoga mme jwa busa lefatshe la bophirima mo lekgolong la bobedi le la ntlha la dingwaga B.C. e ne e le jo bo farologaneng ka ditsela di le mmalwa le mebuso epe e megolo e go tla go fitlha ka nako eo e neng ya busa mo lefatsheng le le tlhabologileng.”⁠7 Bo simolotse e le repaboliki mme jwa tswelela jalo e le bogosi. Go farologana le mebuso ya pele ga jone, e ne e se jo bo simolotsweng ke mofenyi mongwe a le mongwe fela mme bo ne jwa nna jwa gola ka iketlo mo makgolong a dingwaga. Bo tseile lobaka lo loleele thata mme bo laola mafelo a mantsi thata go gaisa mebuso ya pele ga jone.

24, 25. (a) Dinaka tse di lesome tsa sebatana seno di ne tsa tlhagelela jang? (b) Daniele o ne a bonela bothata bofe pele magareng ga dinaka tsa sebatana?

24 Lefa go le jalo, go tweng ka dinaka di le lesome tsa sebatana seno se segolo? Moengele o ne a bolela jaana: “Me kaga dinaka tse shomè, dikgosi di le shomè di tla coga mo bogosiñ yo; me e ñwe e tla coga moragō ga cōna; me e tla nna e sele mo go tsa pele, me e tla gatèla dikgosi di le tharo.” (Daniele 7:24) Seno se ne sa diragala jang?

25 Fa Mmuso wa Roma o ne o simolola go felelwa ke maatla mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., ga wa ka wa tseelwa sebaka ke bogosi jo bongwe jwa lefatshe ka yone nako eo. Go na le moo, bo ne jwa thubega go nna magosi a le mmalwa, “dikgosi di le shomè.” Kgabagare, Mmuso wa Borithane o ne wa fenya mebuso e le meraro e e neng e gaisana le one ya Spain, Fora, le Netherlands mme ya nna mmuso o mogolo wa lefatshe. Ka jalo ‘lenaka’ le le tlileng bosheng le ne la gatelela “dikgosi di le tharo” jalo.

Dipolelelopele tsa ga Daniele—A Di Ne Tsa Begwa Morago ga Gore di Diragadiwe?

26. Batshwaya-diphoso ba tlhalosa gore Daniele o ne a kwalwa leng, mme ka ntlhayang?

26 Bibela e bontsha gore buka ya ga Daniele e ne ya kwalwa ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. Lefa go le jalo, go diragadiwa ga dipolelelopele tsa yone go opa kgomo lonaka mo eleng gore batshwaya-diphoso ba bolela gore e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa mo e ka nnang ka 165 B.C.E., ka nako ya fa dipolelelopele tsa yone di le mmalwa di ne di setse di diragaditswe.⁠8 Go sa kgathalesege ntlha ya go bo lebaka le le lengwe fela la mmatota la go bolela jalo ke gore dipolelelopele tsa ga Daniele di ne tsa diragadiwa, letlha leno la morago la go kwalwa ga ga Daniele le neelwa go twe ke ntlha e e tlhomameng ya boammaaruri mo dibukeng di le dintsi tsa tshupiso.

27, 28. Mangwe a mabaka ao a bontshang gore Daniele ga a kwalwa ka 165 B.C.E. ke afe?

27 Lefa go le jalo, re tshwanetse ra sekaseka kgopolo e e ntseng jalo re e bapisa le dintlha tse di latelang. Ya ntlha, buka eno e ne ya umakiwa mo dibukeng tsa Bajuda tseo di gatisitsweng ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., tse di ntseng jaaka buka ya ntlha ya Makabise. Gape, e ne ya akarelediwa mo thanolong ya Segerika ya Septuagint, eo e neng ya simololwa go ranolwa ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E.⁠9 Ya boraro, dikarolwana tsa dikaelo tsa ga Daniele di ne di le gareng ga dibuka tseo di neng tsa bonwa gangwe le gape mo Memenong ya Lewatle Le Le Suleng—mme dikarolwana tseno go dumelwa gore e ka nna tsa mo e ka nnang ka 100 B.C.E.⁠10 Ka mo go phepafetseng, ka bonako fela morago ga gore buka ya Daniele e kwalwe jaaka go akanngwa, e ne e setse e itsege thata ebile e tlotliwa: bosupi jo bo maatla jwa gore e ne ya kwalwa bogologolo pele ga letlha leo batshwaya-diphoso ba reng e kwadilwe ka lona.

28 Go ya pele, Daniele e na le dintlha tsa hisitori tseo di ka bong di se kile tsa itsiwe ke mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga. E e tlhomologileng mo go tsone ke kgang ya ga Beleshasare, ebong mmusi wa Babelona yo o neng a bolawa fa Babelona e ne e wa ka 539 B.C.E. Metswedi e megolo ya tshedimosetso eo e seng ya Bibela ya seo re se itseng kaga go wa ga ga Babelona ke Herodotus (wa lekgolo la botlhano la dingwaga), Xenophon (wa lekgolo la botlhano le la bonè la dingwaga), le Berossus (wa lekgolo la boraro la dingwaga). Ga go na ope wa bano yo o neng a itse kaga Beleshasare.⁠11 Abo ga go kgonagale jang ne gore mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga a bo a ne a na le tshedimosetso eo bakwadi bano ba pele ga gagwe ba neng ba sena yone! Pego e e malebana le Beleshasare e e mo go Daniele kgaolo 5 ke bosupi jo bo maatla jwa gore Daniele o ne a kwala buka eno ya gagwe pele ga bakwadi bano ba bangwe ba kwala tsa bone.a

29. Ke ka ntlhayang fa go sa kgonagale gore buka ya Daniele e kwadilwe morago ga gore dipolelelopele tse di mo go yone di diragadiwe?

29 Sa bofelo, go na le dipolelelopele di le mmalwa mo go Daniele tseo di neng tsa diragadiwa bogologolo morago ga 165 B.C.E. E nngwe ya tsone e ne e le polelelopele e e malebana le Mmuso wa Roma, oo o neng wa umakiwa pelenyana. E nngwe ke polelelopele e e gakgamatsang eo e neng e bolelela pele kaga go tla ga ga Jesu, ebong Mesia.

Go Tla ga Yo O Tloditsweng

30, 31. (a) Ke polelelopele efe ya ga Daniele eo e neng ya bolelela pele go tlhaga ga ga Mesia? (b) Re ka bala jang ngwaga o Mesia a neng a tshwanetse go bonala ka one, re theile seo mo polelelongpele ya ga Daniele?

30 Polelelopele eno e begilwe mo go Daniele, kgaolo 9, mme e balega jaana: “Batho ba ga eno le motse wa ga eno o o boitshepo, di beetswe dibeke di le masome a supa [tsa dingwaga, kana dingwaga di le kgolo a mane some a robonngwe].”b (Daniele 9:24, The Amplified Bible) Ke eng seo se neng se tshwanetse sa diragala mo dingwageng tseno tse 490? Re bala jaana: “Go tloga ka nako eo taolo e tswileng ka yone ya gore Jerusalema a tsosolosiwe a bo a agiwe go fitlhelela [go tla ga] yo o tloditsweng, ebong kgosana, e tla nna dibeke di le supa [tsa dingwaga], le dibeke di le masome a marataro le bobedi [tsa dingwaga].” (Daniele 9:25, AB) Ka jalo seno ke polelelopele e e malebana le nako ya go tla ga “yo o tloditsweng,” ebong Mesia. E ne ya diragadiwa jang?

31 Taelo ya gore Jerusalema a tsosolosiwe gape a bo a agiwe ‘e ne ya tswa’ ka “ñwaga oa mashomè mabedi oa ga Aretaserese kgosi” ya Peresia, ke gore, ka 455 B.C.E. (Nehemia 2:1-9) Fa dingwaga di le 49 di fela (dibeke di le 7 tsa dingwaga), bontsi jwa kgalalelo ya Jerusalema e ne e tsosolositswe. Mme morago ga moo, fa re bala dingwaga tse di tletseng tse 483 (re tlhakanya dibeke di le 7 le di le 62 tsa dingwaga) go tloga mo go 455 B.C.E., re fitlha kwa go 29 C.E. Totatota, ono e ne e le “ñwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio,” ngwaga o Jesu a neng a kolobediwa ke Johane Mokolobetsi ka one. (Luke 3:1) Ka nako eo, Jesu o ne a bontshiwa phatlalatsa gore ke Morwa Modimo mme a simolola bodihedi jwa gagwe jwa go rerela morafe wa Bajuda mafoko a a molemo. (Mathaio 3:13-17; 4:23) O ne a nna “eo o tloditsweñ,” kana Mesia.

32. Go ya ka polelelopele ya ga Daniele, bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng bo ne bo tla nna lobaka lo lokae, mme go ne go tla diragalang kwa bokhutlong jwa jone?

32 Polelelopele eno e oketsa jaana: “Mme morago ga dibeke di le some a marataro le bobedi [tsa dingwaga] motlodiwa o tla bolawa.” Gape e bolela jaana: “Mme o tla dira kgolagano e e nonofileng le e e tlhomameng le ba le bantsi ka beke e le nngwe fela [dingwaga di le supa]; mme mo gare ga beke o tla khutlisa setlhabelo le tshupelo.” (Daniele 9:26, 27, AB) Tumalanong le seno, Jesu o ne a ya fela go “ba le bantsi,” ebong Bajuda ba nama. Ka nako nngwe, o ne a ba a rerela le Basamaria, bao ba neng ba dumela Dikwalo dingwe mme ba ne ba itiretse lekoko la bodumedi leo le neng le farologane le jo bogolo jwa Bojuda. Morago ga moo, “mo gare ga beke,” morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo a ntse a rera, o ne a neela botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo mme ka go dira jalo a “bolawa.” Seno se ne sa raya bokhutlo jwa Molao wa ga Moshe ka ditlhabelo tsa one le go ntsha ditshupelo. (Bagalatia 3:13, 24, 25) Ka jalo, ka loso lwa gagwe, Jesu o ne a “khutlisa setlhabelo le tshupelo.”

33. Jehofa o ne a tla dirisana le Bajuda ka mo go kgethegileng sebaka se se kae, mme ke tiragalo efe e e neng ya tshwaya bokhutlo jwa lobaka lono?

33 Lefa go le jalo, mo dingwageng di le tharo le sephatlo tse dingwe phuthego ya Bokeresete eo e neng e sa tswa go tsalwa e ne ya neela bosupi fela mo Bajudeng, mme moragonyana, go Basamaria bao ba neng ba amana le bone. Lefa go le jalo, ka 36 C.E., fa dibeke di le 70 tsa dingwaga di ne di fela, moaposetoloi Petere o ne a kaelwa gore a rerele Moditšhaba mongwe, ebong Korenelio. (Ditihō 10:1-48) Jaanong, “kgolagano le ba le bantsi” e ne e sa tlhole e felela fela mo Bajudeng. Go ne go rerwa ka poloko le mo Baditšhabeng ba ba sa rupisiwang.

34. Tumalanong le polelelopele ya ga Daniele, ke eng seo se neng sa diragalela Iseraele wa nama ka ntlha ya go bo a ne a gana Mesia?

34 Ka gonne morafe wa Bajuda o ne wa gana Jesu mme wa loga maano a gore a bolawe, Jehofa ga a ka a ba sireletsa fa Baroma ba ne ba tla mme ba senya Jerusalema ka 70 C.E. Ka jalo, mafoko a mangwe ano a ga Daniele a ne a diragadiwa: “Me batho ba kgōsana e e tla tlañ ba tla senya motse le helō ga boitshèpō; me bokhutlō yoa gōna bo tla dihana le morwalèla, mme go ea hèla kwa bokhutloñ go tla nna ntwa.” (Daniele 9:26b) “Kgōsana” eno ya bobedi e ne e le Tito, ebong mogenerala wa Roma yo o neng a senya Jerusalema ka 70 C.E.

Polelelopele E E Neng ya Tlhotlhelediwa

35. Ke dipolelelopele dife tse dingwe tse di malebana le Jesu tseo di neng tsa diragala?

35 Ka tsela eno, polelelopele ya ga Daniele ya dibeke di le 70 e ne ya diragadiwa ka mo go opileng kgomo lonaka ka mo go gakgamatsang. Eleruri, bontsi jwa dipolelelopele tseo di begilweng mo Dikwalong tsa Sehebera di ne tsa diragadiwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga, mme di sekae tsa tseno di ne di amana le Jesu. Lefelo leo Jesu a tsaletsweng kwa go lone, go tlhoafalela ga gagwe ntlo ya Modimo, tiro ya gagwe ya go rera, go okiwa ga gagwe ka dipapetlana tsa selefera di le 30, tsela eo a suleng ka yone, lebaka la go bo go ne ga laolwa diaparo tsa gagwe ka bola—dintlha tseno tsotlhe di ne tsa bolelelwa pele mo Dikwalong tsa Sehebera. Go diragadiwa ga tsone go ne go bontsha kwantle ga pelaelo gore Jesu e ne e le Mesia, mme gape go ne ga bontsha gore dipolelelopele tseno di ne di tlhotlheleditswe.—Mika 5:2; Luke 2:1-7; Sakaria 11:12; 12:10; Mathaio 26:15; 27:35; Pesalema 22:18; 34:20; Yohane 19:33-37.

36, 37. Re ithuta eng mo ntlheng ya gore dipolelelopele tsa Bibela di ile tsa diragala, mme go itse seno go re naya tsholofelo efe?

36 Totatota, dipolelelopele tsotlhe tsa Bibela tseo di neng di tshwanetse tsa diragadiwa di ile tsa diragala. Dilo di ile tsa diragala fela ka tsela eo Bibela e neng e rile di tla diragala ka yone. Seno ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela ke Lefoko la Modimo. Go tshwanetse ga bo go ile ga nna le botlhale jo bo fetang jwa motho jo bo neng bo tlhotlheletsa dipolelo tseno tsa seperofeti gore di bo di ile tsa nna boammaaruri jaana.

37 Mme gape go na le dipolelelopele tse dingwe tse di mo Bibeleng tseo di ileng tsa seka tsa diragadiwa ka dinako tseo. Ka ntlhayang? Ka gonne di ne di tshwanetse tsa diragadiwa mo motlheng wa rona, tota le eleng mo isagweng ya rona. Lebaka la go bo dipolelelopele tseo tsa bogologolo di ile tsa ikanyega le dira gore re solofele gore dipolelelopele tseno tse dingwe ga di kitla di palelwa ke go diragala. Jaaka fa re tla bona mo kgaolong e e latelang, ruri go ntse fela jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Kgaolo 4, “‘Tesetamente E Kgologolo’ E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?” dirapa 16 le 17.

b Mo thanolong eno, mafoko a a mo masakaneng a ile a tsenngwa ke moranodi gore a phepafatse bokao jwa yone.

[Mafoko a a mo go tsebe 133]

Dipolelelopele tsotlhe tseo di neng di tshwanetse tsa diragadiwa di ne tsa dihala. Dilo di ne tsa diragala fela jaaka Bibela e ne e boletse gore di tla diragala ka gone

[Setshwantsho mo go tsebe 118]

Baithuta-marope ba ile ba lemoga gore Nebukadenesare o ne a senya Jerusalema gotlhelele

[Setshwantsho mo go tsebe 121]

Setshwantsho sa Ture wa segompieno. Ga go a ka ga sala le motlhala wa Ture e baperofeti ba Iseraele ba neng ba e itse

[Setshwantsho mo go tsebe 123]

Bajanala bao ba etelang lefelo la Babelona wa bogologolo ke basupi ba gore dipolelelopele tse di neng di le kgatlhanong le motse ono di ne tsa diragadiwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 126]

Dipolelelopele tsa ga Daniele tse di kaga go gwantela pele ga mebuso ya lefatshe di ne tsa diragadiwa ka mo go tlhomameng mo e leng gore batshwaya-diphoso ba segompieno ba akanya gore di ne tsa kwalwa morago ga gore di diragadiwe

BABELONA

PERESIA

GERIKA

ROMA

BORITHANE

[Setshwantsho mo go tsebe 130]

Daniele o ne a bolelela pele nako e e nepagetseng ya gore Mesia o ne a tla bonala leng mo Iseraele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela