-
BibelaGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Pego ngwe e e phasaladitsweng ka 1971 e bontsha gore go ka tswa go na le dikaelo tsa yone tse di kwadilweng ka seatla di le 6 000 tse di nang le dikarolo tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera; tse di kgologolo go di feta tsotlhe ke tsa lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. Tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tsone di 5 000 ka Segerika, mme tse di kgologolo go di feta tsotlhe ke tsa go simologa ga lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. E bile gape go na le dikaelo di le dintsi tsa dithanolo tsa ntlhantlha tse di neng tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe.
Mo ketapeleng ya dibolumo tse supa tsa gagwe go The Chester Beatty Biblical Papyri, Sir Frederic Kenyon o ne a kwala ka gore: “Phetso ya ntlha ebile e le e e botlhokwa thata e e ntshiwang mo tlhatlhobisong ya tsone [papyri] ke e e kgotsofatsang ya gore di netefatsa tlhaloso e e tlhokafalang ya mekwalo e e ntseng e le teng. Ga go pharologano epe e e tshosang kana ya konokono e e bontshiwang e ka tswa e le mo Testamenteng e Kgologolo kana e Ntšha. Ga go a tlogelwa sepe se se botlhokwa-tlhokwa kana ga okediwa dikarolo, mme ga go na dipharologano tse di amang dintlha tse di botlhokwa kana dithuto tsa motheo. Dipharologanyo tsa mokwalo di ama dikgang tse eseng tsa sepe, jaaka thulaganyo ya mafoko kana mafoko a tota a neng a dirisiwa . . . Mme seo se tshwaegang thata-thata mo go tsone ke go tiisetsa ga tsone, ka bosupi jwa bogologolo jwa tsone jo bo neng bo ise bo lemogiwe le jaanong, gore mekwalo ya rona e e gone e boikanngo.”—(Lontone, 1933), ts. 15.
Go boammaaruri gore dithanolo dingwe tsa Bibela di ngaparela thata-thata go seo eleng dipuo tsa kwa tshimologong go na le tse dingwe. Dibibela tsa bosheng tse di tlhabanyetsang di ile tsa itshegela mogodu mo ka dinako tse dingwe di neng tsa fetola bokao jwa kwa tshimologong. Baranodi bangwe ba ile ba letlelela ditumelo tsa bone tsa botho go tlhotlheletsa diphetolelo tsa bone. Mme makoa ano a ka lemogiwa ka go bapisiwa ga dithanolo tse di farologaneng.
Fa Mongwe A Re—
‘Ga ke dumele mo Bibeleng’
O ka nna wa araba ka go re: ‘Mme o dumela gore go na le Modimo, a gago jalo? . . . A ke ka botsa gore ke eng se se leng gone mo Bibeleng seo o se bonang go le bokete go se amogela?’
Kana o ka nna wa re: ‘A ke ka botsa, A o ikutlwile jalo ka metlha? . . . Ke utlwile ba bangwe ba rialo, lemororo ba se ka ba tlhatlhobisa Bibela ka botlalo. Mme ereka Bibela ka papamalo e bolela gore molaetsa wa yone o tswa go Modimo ka sebele mme le gore o tla re neela botshelo jo bo sa khutleng fa re dumela le go tshela kafa a bolelang ka teng, a ga o ka ke wa dumela gore bobotlana e tshwanetse ya tlhatlhobisiwa go bona gore a dipolelo tsa yone di boammaaruri kana nnyaa?’ (Dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 64-67.)
‘Bibela e a ikganetsa’
O ka nna wa araba ka go re: ‘Ke utlwile batho ba bangwe ba mpolelela seo, mme ga go ope wa bone yo o ileng a kgona go mpontsha se tota se ikganetsang. Mme mo go baleng Bibela ga me ka sebele ga ke ise ke bone sepe. A o ka mpha sekai?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Seo ke se boneng ke gore batho ba le bantsi ga ba kgone go bona dikarabo tsa dipotso tseo Bibela e dirang gore ba di akanyetse. Ka sekai, Kaene o tsere mosadi wa gagwe kae? (Dirisa kgang e e mo ditsebeng 158, 159.)’
‘Bibela e kwadilwe ke batho’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Go boammaaruri. Ba ba ka nnang 40 ba ne ba nna le karolo mo go yone. Mme e ne ya tlhotlhelediwa ke Modimo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Seo se rayang? Gore Modimo o kaetse go kwalwa ga yone, fela jaaka rakgwebo a ka dirisa mokwaledi go kwala dikwalo tsa gagwe.’ (2) ‘Mogopolo wa go amogela melaetsa go tswa go mongwe mo loaping ga o a tshwanela go re gakgamatsa. Le eleng batho ba ile ba romela melaetsa le ditshwantsho go tswa ngweding. Ba ile ba go dira jang? Ka go dirisa melao e e sa leng e tlholwa ke Modimo ka sebele bogologolo.’ (3) ‘Mme re ka tlhomamisega jang gore seo Bibela e se tshotseng eleruri se tswa go Modimo? E tshotse boikitsiso jo gotlhelele bo ka se tsweng mo motsweding wa motho. Wa mofuta ofe? Ditlhaloso kaga isagwe; mme tseno ka metlha di ile tsa itshupa di tlhomame eleruri. (Go bona dikai, bona ditsebe 64-66, gape le ditsebe 274-279, tlaseng ga setlhogo “Metlha ya Bofelo.”)’
‘Mongwe le mongwe o na le tlhaloso ya gagwe ya Bibela’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme tota ga se gore tsotlhe di siame.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Go sokamisa Dikwalo go tshwanela megopolo ya rona fela go ka felela ka kgobalo ya bosakhutleng. (2 Pet. 3:15, 16)’ (2) ‘Go na le dilo tse pedi tse di ka re thusang go tlhaloganya Bibela sentle. Santlha, akanyetsa mokwalo (ditemana tse di dikologileng) wa polelwana epe fela. Go tswa foo, bapisa mekwalo le dipolelo tse dingwe mo Bibeleng tse di dirisanang le kgang e e tshwanang. Ka tsela eo re letlelela Lefoko ja Modimo go kaela go akanya ga rona, mme tlhaloso ga se ya rona mme ya gagwe. E ke tsela eo dikgatiso tsa Watch Tower di e tsayang.’ (Bona tsebe 58, tlaseng ga setlhogo “Basupi ba ga Jehofa.”)
‘Ga e na mosola mo motlheng wa rona’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme re kgatlhegela dilo tse di mosola gompieno, ga go jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o ne o ka dumela gore go khutlisa ntwa go ne go tla bo go le mosola? . . . A ga o dumele gore fa batho ba ne ba ka ithuta go tshela mmogo ka kagiso le bao ba merafe e mengwe, seno e ne e tla bo e le tshimologo e e molemo? . . . Bibela e boleletse pele sone seo fela. (Isa. 2:2, 3) Ka ntlha ya thuto ya Bibela, go a diragala gompieno gareng ga Basupi ba ga Jehofa.’ (2) ‘Go na le sengwe se segolwane se se tlhokafalang—go tlosiwa ga batho le merafe e e tsalang dintwa. A selo se se ntseng jalo le ka motlha se tla diragala? Ee, mme Bibela e tlhalosa gore jang. (Dan. 2:44; Pes. 37:10, 11)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke anaanela kamego ya gago. Fa e le gore buka e e kaelang e ne e se mosola, re ne re tla bo re le boeleele go e dirisa, a gago jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘A o ne o tla dumela gore buka e e baakanyetsang ka kgakololo e e utlwalang e e ka re kgonisang go nna le botshelo jwa lelapa je le itumetseng e mosola? . . . Matlhajana le ditlwaelo tse di kopanyeletsang botshelo jwa lelapa di ile tsa fetoga ka makgetlo a mantsi, mme diphelelo tse re di bonang gompieno ga se tse di molemo. Mme bao ba itseng ba bo ba dirisa seo Bibela e se bolelang, ba na le malapa a a ritibetseng, a a itumetseng. (Bakol. 3:12-14, 18-21)’
‘Bibela ke buka e e molemo, mme ga go na selo seo go ka tweng ke boammaaruri tota-tota’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Go boammaaruri gore mongwe le mongwe o lebega a na le kgopolo e e farologaneng. Mme le eleng fa mongwe a akanya gore o tshwere selo sentle, gantsi o iphitlhela gore bobotlana go na le kgang e nngwe e a se kang a e akanyetsa. Mme go na le mongwe yo o se nang tlhaelo e e ntseng jalo. E ka nna mang? . . . Ee, Mmopi wa lobopo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) Ke ka gone moo Jesu a neng a re ka ga gagwe: “Lehoko ya gago ke boamarure.” (Yoh. 17:17) Boammaaruri joo bo mo Bibeleng. (2 Tim. 3:16, 17)’ (2) ‘Modimo ga a batle gore re kaile mo lefifing; o boletse gore thato ya gagwe ke gore re tle mo kitsong e e tlhomameng ya boammaaruri. (1 Tim. 2:3, 4) Ka mokgwa o o kgotsofatsang fela thata Bibela e arabela dipotso tse di jaaka . . . ’ (Go thusa batho ba bangwe, go ka tlhokafala lantlha gore o tlhalose bosupi jwa go dumela gore Modimo o gone. Bona ditsebe 287-294, tlaseng ga setlhogo “Modimo.”)
‘Bibela ke buka ya makgoa’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eleruri go boammaaruri gore ba ile ba gatisa dikaelo tse dintsi tsa Bibela. Mme Bibela ga e bolele gore morafe o mongwe o botoka mo go o mongwe.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bibela e tswa go Mmopi wa rona, mme ga a lebe bomang-mang jwa ga ope. (Dit. 10:34, 35)’ (2) ‘Lefoko ja Modimo le solofetsa batho ba merafe yotlhe le ditso sebaka sa go tshelela ruri mono mo lefatsheng tlaseng ga Bogosi jwa gagwe. (Tshen. 7:9, 10, 17)’
Kana o ka nna wa re: ‘Gotlhelele nnyaa! Mmopi wa setho e ne e le ene a neng a kgetha banna bao a tla ba tlhotlheletsang go kwala dibuka tse 66 tsa Bibela. Mme fa e le gore o ile a ikgethela go dirisa batho ba mmala o moswaanyana, moo e ne e le boikarabelo jwa gagwe. Mme molaetsa wa Bibela o ne o sa beelwa batho ba basweu fela.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Elatlhoko seo Jesu a neng a se bolela . . . (Yoh. 3:16) “Leha e le mañ” go akareletsa batho ba mmala lefa e ka tswa e le ofe. Gape, pele ga a ka tlhatlogela legodimong, Jesu o ne a sadisa barutwa ba gagwe sentle ka mafoko ano . . . (Math. 28:19)’ (2) ‘Ka mo go kgatlhisang, Ditihō 13:1 e bua kaga monna mongwe yo a neng a bidiwa Nigere, e le leina leo le rayang “bontsho.” E ne e le mongwe wa baperofeti le barutisi ba phuthego ya Antioka, mo Asiria.’
‘Le na le Bibela ya lona’
Bona setlhogo se segolo se se reng “‘New World Translation.’”
-
-
BodumediGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Bodumedi
Tlhaloso: Sebopego sa kobamelo. Se akareletsa tsamaiso ya maikutlo a sedumedi, ditumelo, le ditlwaelo; tseno e ka tswa e le tsa botho, kana di buelelwa ke phuthego nngwe. Gantsi bodumedi bo akareletsa go dumela mo Modimong kana mo palong e e rileng ya medimo; kana go leba batho, dilo tse di rileng, dikeletso, kana maatla mangwe jaaka dilo tse di ka obamelwang. Bodumedi jo bontsi bo ikaegile ka thuto ya motho ya tlholego; go na gape le bodumedi jo bo senotsweng. Go na le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka.
Ke goreng go na le ditumelo tse dintsi go le kana?
Patlisiso ya bosheng jaana e ile ya feleletsa ka gore go na le ditumelo tse dikgolo di le 10 le makoko a a ka nnang 10 000. Mo go ano, a a ka nnang 6 000 a mo Aferika, a le 1 200 a mo United States, mme makgolo a mangwe mo mafatsheng a mangwe.
Mabaka a mantsi a ile a tlatseletsa mo go goleng ga ditlhopha tse disha tsa bodumedi. Bangwe ba ile ba re ditumelo tsotlhe tse di farologaneng di emela ditsela tse di sa tshwaneng tsa go tlhalosa boammaaruri jwa bodumedi. Mme fa dithuto tsa tsone le ditlwaelo di bapisiwa le Bibela, go supega gore, go na le moo, go fapaana ga ditumelo ke ka go bo batho ba ile ba nna balatedi ba batho go na le go reetsa Modimo. Go a kgatlhisa gore, go ya bokgakaleng jo bogolo, dithuto tse ba dumalanang mo go tsone, mme di farologane le Bibela, di ne tsa simologa mo Babelona wa bogologolo. (Bona ditsebe 29, 30, tlaseng ga setlhogo “Babelona o Mogolo.”)
Motlhotlheletsi wa tlhakatlhakano e e ntseng jalo ya bodumedi ke mang? Bibela e kgetholola Satane Diabolo jaaka “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakor. 4:4, NW) Gape e re tlhagisa ka gore “dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo.” (1 Bakor. 10:20) Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang he, go tlhomamisa gore eleruri re obamela
-