LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hf karolo 9 karolo 1-2
  • Obamelang Jehofa lo le Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Obamelang Jehofa lo le Lelapa
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 NONOTSHA KAMANO YA GAGO LE JEHOFA
  • 2 ITUMELELENG KOBAMELO YA LELAPA
  • Go Thusa Malapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Kobamelo ya Lelapa ke Eng?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • “Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lelapa la Gago le ka Itumela
hf karolo 9 karolo 1-2
Banyalani ba ithuta Baebele mmogo

KAROLO 9

Obamelang Jehofa lo le Lelapa

“Obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe.”—Tshenolo 14:7

Jaaka o setse o ithutile mo boroutšhareng jono, Baebele e na le melaometheo e mentsi e e tla thusang wena le lelapa la gago. Jehofa o batla gore o itumele. O solofetsa gore fa o dira gore kobamelo ya gagwe e tle pele mo botshelong, “dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Tota o batla gore o nne tsala ya gagwe. Dira sotlhe se o ka se kgonang go nonotsha kamano ya gago le Modimo. Eno ke tshiamelo e e di gaisang tsotlhe e motho a ka nnang le yone.—Mathaio 22:37, 38.

1 NONOTSHA KAMANO YA GAGO LE JEHOFA

Monna le mosadi ba le mo tirelong ya tshimo

SE BAEBELE E SE BUANG: “‘Ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake,’ go bua Jehofa.” (2 Bakorintha 6:18) Modimo o batla gore o nne tsala ya gagwe e kgolo. Tsela nngwe ya go dira seo ke ka go rapela. Jehofa o go kopa gore o ‘rapele o sa kgaotse.’ (1 Bathesalonika 5:17) O nna a ikemiseditse go utlwa dikakanyo tsa gago tse di boteng le se se go tlhobaetsang. (Bafilipi 4:6) Fa o rapela le ba lelapa la gago, ba tla bona kafa Modimo e leng Motho wa mmatota ka gone mo go wena.

Ga o a tshwanela go bua le Modimo fela, mme o tshwanetse go mo reetsa. O ka dira seo ka go ithuta Lefoko la gagwe le dikgatiso tsa Baebele. (Pesalema 1:1, 2) Tlhatlhanya ka se o se balang. (Pesalema 77:11, 12) Gape go reetsa Modimo go tlhoka gore o ye dipokanong tsa Bokeresete ka metlha.—Pesalema 122:1-4.

Tsela e nngwe e e botlhokwa ya go nonotsha kamano ya gago le Jehofa ke go bua le ba bangwe ka ene. Fa o nna o dira jalo, o tla atamalana le ene.—Mathaio 28:19, 20.

SE O KA SE DIRANG:

  • Letsatsi le letsatsi, ipheng nako ya go bala Baebele le go rapela

  • Lo le lelapa, dirang gore dilo tsa semoya di tle pele ga go itlosa bodutu le go itapolosa

2 ITUMELELENG KOBAMELO YA LELAPA

Rre a baakanyetsa go ithuta le lelapa la gagwe mme moragonyana ba tshwara kobamelo ya lelapa

SE BAEBELE E SE BUANG: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Lo tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya kobamelo ya lelapa lo bo lo e latele. (Genesise 18:19) Mme ga se gone gotlhe. Modimo o tshwanetse go nna Motho wa botlhokwa mo botshelong jwa lona. Nonotshang kamano ya lelapa la lona le Modimo ka go bua ka ene ‘fa lo ntse mo ntlong ya lona le fa lo tsamaya mo tseleng le fa lo rapama le fa lo tsoga.’ (Duteronome 6:6, 7) Ikemisetseng go tshwana le Joshua, yo o neng a re: “Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.

SE O KA SE DIRANG:

  • Nnang le thulaganyo ya ka metlha e e akaretsang go thapisa mongwe le mongwe mo lelapeng go ya ka se a se tlhokang

Mmè a balela morwawe yo mmotlana; lelapa le dira terama ya pego ya Baebele; rre a ithuta le morwadie

BATLHANKA BA BA ITUMETSENG BA GA JEHOFA

Ga go sepe se se botoka go feta go obamela Jehofa Modimo. O itumelela go go bona le lelapa la gago lo mo direla ka bopeloephepa. Fa lo ntse lo dira seno, lo tla etsa Jehofa le go mo rata le go feta. (Mareko 12:30; Baefeso 5:1) Fa lo dira gore Modimo e nne Motho wa botlhokwa mo lenyalong la lona, kamano ya gago le molekane wa gago e tla nonofa. (Moreri 4:12; Isaia 48:17) Wena le lelapa la gago lo ka itumela ka bosaengkae, lo itse gore ‘Jehofa Modimo wa lona o lo segofaditse.’—Duteronome 12:7.

IPOTSE . . .

  • Ke leng la bofelo nna le molekane wa me re neng ra rapela mmogo?

  • Nka ithuta eng le lelapa la me se se tla nonotshang tumelo ya rona mo go Jehofa?

MOLAETSA GO DITLHOGO TSA MALAPA

  • O se ka wa letla gore sepe se kgoreletse kobamelo ya lona ya lelapa

  • Itsise ba lelapa la gago go sa le gale se go tla tlotliwang ka sone gore ba kgone go baakanyetsa

  • Tlhomamisa gore mongwe le mongwe mo lelapeng o nna gone

  • Dira gore botlhe ba itumelele thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela