-
Go Bua ka TheleloSolegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
-
-
THUTO 4
Go Bua ka Thelelo
FA O balela kwa godimo, a o a kgonya fa o bala mafoko mangwe? Kgotsa fa o ema fa pele ga bareetsi go neela puo, a ka metlha o fitlhela gore o tshwanelwa ke go batlana le mafoko a a siameng? Fa e le gore go ntse jalo, o ka tswa o na le bothata jwa go bua ka thelelo. Motho yo o buang ka thelelo o bala le go bua ka tsela e mafoko le dintlha tsa gagwe di itswelang fela ka thelelo, a se na mathata. Seno ga se bolele gore o buetse ruri a sa kgaotse, gore o bua ka bonako thata, kgotsa gore o bua fela a sa akanye. Motho o itumelela go mo reetsa fa a bua. Go bua ka thelelo go elwa tlhoko ka tsela e e kgethegileng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
Go na le dilo di le mmalwa tse di ka dirang gore motho a se ka a kgona go bua ka thelelo. A o tlhoka go akanyetsa dilo tse di latelang tseno ka kelotlhoko? (1) Fa o balela ba bangwe, fa go na le mafoko mangwe a o sa a tlwaelang, a ka nna a dira gore o se bale ka thelelo. (2) Go kgwa mowa gantsi thata go ka nna ga dira gore puo ya gago e se ka ya tsamaya ka thelelo. (3) Go sa baakanyetse go ka nna ga bo go baka bothata jono. (4) Fa o bua fa pele ga setlhopha, selo se gantsi se dirang gore o se ka wa kgona go bua ka thelelo ke go sa rulaganye dintlha tsa gago sentle. (5) Go sa itse mafoko a mantsi a puo e o e buang go ka nna ga dira gore motho a kgonye ka gonne a batlana le mafoko a a siameng. (6) Fa go gatelelwa mafoko a le mantsi thata, seno se ka dira gore motho a se ka a kgona go bua ka thelelo. (7) Go sa itse melao ya puo le gone go ka baka bothata jono.
Fa o sa kgone go bua ka thelelo, bareetsi ba ba mo Holong ya Bogosi ga ba na go tswa ba tsamaya ka tsela ya mmatota, mme gone ba ka nna ba eta ka mogopolo. Ka ntlha ya seo, ga ba na go solegelwa molemo ke bontsi jwa dilo tse o di buang.
Kafa letlhakoreng le lengwe, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore e se ka ya re fa o bua ka tsela e e maatla le ka thelelo, wa utlwala o le motho yo o gatelelang ba bangwe ka se ba tshwanetseng go se dira, kgotsa gongwe o bo o dire gore ba ikutlwe ba tlhabilwe ke ditlhong. Fa, gongwe ka gonne wena le bareetsi ba gago lo le ba ditso tse di sa tshwaneng, mme ba leba mokgwa wa gago wa go bua e le o o sa rekegeleng kgotsa o sa utlwale o bua go tswa pelong, seo se tla dira gore o se ka wa fitlhelela maikaelelo a gago. Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo, le fa a ne a le sebui se se nang le maitemogelo, o ne a bua le Bakorintha “ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata” gore a se ka a isa tlhokomelo e e sa tlhokegeng mo go ene ka boene.—1 Bakor. 2:3.
Mekgwa e re Tshwanetseng go Ikela Tlhoko mo go Yone. Batho ba le bantsi ba na le mokgwa wa go nna ba tsenya mafoko a a tshwanang le “eh” fa ba bua. Ba bangwe gantsi fela fa ba bua, ba tla bo ba simolola ka “ee,” kgotsa ka metlha ba tla nna ba ntse ba latlhela mafoko a a tshwanang le “ke gore” mo go sengwe le sengwe se ba se buang. Gongwe ga o lemoge gore o dirisa mafoko ano gantsi go le kana kang. Gongwe o ka nna wa leka go ikatisa mongwe a go reeditse mme a boeletse mafoko ao nako le nako fa o a bua. Seno se ka nna sa go gakgamatsa.
Batho bangwe fa ba bala le fa ba bua ba tla ba boaboela kwa morago gantsintsi. Ka mantswe a mangwe, ba simolola polelo mme fa ba le fa gare ga yone, ba bo ba ema, ba bo ba boeletsa karolo ya yone e ba setseng ba e badile.
Ba bangwe bone ba buela ka bonako thata, mme ba simolola ka go bua ntlha nngwe mme fa ba le fa gare ga yone, ba bo ba simolola ntlha e nngwe gape e sele. Le fa mafoko a itswela fela ka thelelo, go fetofetola dikgopolo jalo go sa lebelelwa go dira gore a se ka a bua ka thelelo.
Kafa o ka Tokafatsang ka Gone. Fa e le gore bothata jwa gago ke gore gantsi o batlana le mafoko a a siameng, o tshwanetse go leka ka natla go godisa kitso ya gago ya mafoko. Ela tlhoko thata mafoko a o sa a tlwaelang mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo, Tsogang!, le mo dikgatisong tse dingwe tse o ka tswang o di bala. A lebe mo dikishinaring, leba bokao jwa one le gore a bidiwa jang, mme o dirise mangwe a mafoko ano fa o bua. Fa e le gore ga o na dikishinare epe, kopa mongwe yo o buang puo sentle gore a go thuse.
Go itlwaetsa go balela kwa godimo ka metlha go tla go thusa go tokafatsa. Ela tlhoko mafoko a a thata, mme o a buele kwa godimo gangwe le gape.
Gore o kgone go bala ka thelelo, go botlhokwa gore o tlhaloganye gore mafoko a amana jang fa a le mmogo mo polelong. Gantsi mafoko a tlhoka go balwa a le setlhopha gore go fetisiwe mogopolo wa mokwadi sentle. Ela tlhoko thata ditlhopha tseno tsa mafoko. A tshwaye fa e le gore go dira jalo go tla go thusa. Mokgele wa gago ga se fela go bala mafoko sentle mme gape ke go fetisa mogopolo sentle. Fa o sena go sekaseka polelo e le nngwe, fetela kwa go e nngwe go fitlha o tla bo o ithutile serapa sotlhe. Tlwaelana le tsela e megopolo e latelanang ka yone. Morago ga moo ikatisetse go balela kwa godimo. Bala serapa gangwe le gape go fitlha o kgona go se bala o sa kgonye e bile o sa kgwe mowa mo o sa tshwanelang go dira jalo gone. Morago ga moo o bo o fetela kwa dirapeng tse dingwe.
Morago ga moo, leka go oketsa lobelo lwa gago. Fa o setse o lemogile kafa mafoko a amanang ka teng mo polelong, o tla kgona go bona mafoko a le mmalwa ka nako e le nngwe fela o bo o kgone go lebelela a a tshwanetseng go latela. Seno se tla thusa thata mo go direng gore go bala ga gago go nne le matswela.
Go itlwaetsa go bala sengwe le sengwe fela se o se bonang e ka nna thapiso e e molemo tota. Ka sekai, balela kwa godimo temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone o sa ikatisa pele; o dire jalo ka metlha. Tlwaela go dira gore leitlho la gago le lebe mafoko e le setlhopha se se tshwereng mogopolo o o feletseng go na le go leba lefoko le le lengwe fela ka nako.
Fa o tlotla, go bua ka thelelo go batla gore o akanye pele ga o bua. Itlwaetse go dira jalo letsatsi le letsatsi. Dira tshwetso gore ke dikgopolo dife tse o batlang go bua ka tsone le gore o tlile go di rulaganya jang; morago ga moo o bo o simolola go bua. O se ka wa itlhaganela. Leka go bua kgopolo ka botlalo o sa eme kgotsa o sa fetele kwa go e nngwe o ise o fetse e o buang ka yone. O ka nna wa fitlhela go thusa go dirisa dipolelo tse dikhutshwane tse di motlhofo.
Mafoko a tshwanetse go itlela fela fa o itse sentle se o batlang go se bua. Gantsi ga go tlhokege gore o tlhophe mafoko a o tlileng go a dirisa. Tota e bile, go botoka go tlhomamisa gore o itse sentle mo mogopolong wa gago kgopolo e o batlang go e bua mme o bo o akanya ka mafoko a o ka a dirisang fa o ntse o bua. Fa o dira jalo, e bile o boloka mogopolo wa gago mo dikgopolong go na le mo mafokong a o a buang, mafoko a tla itlela fela, mme o tla tlhalosa dintlha tsa gago jaaka fa o di utlwa. Mme fela fa o simolola go akanya ka mafoko go na le go akanya ka dikgopolo, o tla tla o kgonya fa o bua. Fa o ikatisa, o ka atlega mo go bueng ka thelelo, e leng nonofo e e botlhokwa mo go bueng le mo go baleng.
Fa Moshe a ne a abetswe gore a ye go emela Jehofa mo setšhabeng sa Iseraele le fa pele ga ga Faro wa Egepeto, o ne a ikutlwa a se na bokgoni jwa go dira jalo. Ka ntlha yang? O ne a sa kgone go bua ka thelelo; a ka tswa a ne a kwakwaetsa. (Ekes. 4:10; 6:12) Moshe o ne a ntsha diipato, mme ga go na sepe sa tsone se Modimo a neng a se amogela. Jehofa o ne a mo roma le Arone gore a nne mmueledi wa gagwe, mme gape O ne a thusa Moshe go bua. Gangwe le gape Moshe o ne a se ka a bua fela le batho le ditlhopha tse dinnye mme o ne a bua le setšhaba sotlhe le gone a bua ka tsela e e nang le matswela. (Dute. 1:1-3; 5:1; 29:2; 31:1, 2, 30; 33:1) Fa o leka bojotlhe go dira seabe sa gago mme kafa letlhakoreng le lengwe o ikantse Jehofa, le wena o ka dirisa puo ya gago go tlotla Modimo.
-
-
Go Kgwa Mowa ka Tsela e e TshwanetsengSolegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
-
-
THUTO 5
Go Kgwa Mowa ka Tsela e e Tshwanetseng
FA O bua, go botlhokwa go tla o kgwa mowa fa go tshwanetseng teng. Go ntse jalo e ka ne o neetse puo kgotsa o itlotlela fela le motho. Fa motho a sa kgwe mowa ka tsela e e ntseng jalo, fa a bua, go ka nna ga utlwala e kete o a balabala fela, ga a tlhalose dintlha ka tsela e e utlwalang. Go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng go thusa gore puo ya gago e utlwale sentle. Gape go ka dirisiwa ka tsela e e dirang gore dintlhakgolo tsa gago di se ka tsa lebalwa.
O ka bona jang gore o tshwanetse go kgwa mowa kae? Go kgwa mowa go tshwanetse ga tsaya lobaka lo lokae?
Go Kgwa Mowa fa Letshwaong la Puiso. Go dirisa matshwao a puiso ke karolo e e botlhokwa thata ya puo e e kwalwang. Go ka supa bokhutlo jwa polelo kgotsa potso. Mo dipuong tse dingwe, matshwao a puiso a dirisediwa go tlhaola mafoko a a nopotsweng. Matshwao mangwe a puiso a supa kafa karolo nngwe ya polelo e amanang le dikarolo tse dingwe ka gone. Motho yo o ipalelang a ka bona matshwao a puiso. Mme fa a balela kwa godimo gore ba bangwe ba kgone go mo utlwa, lentswe la gagwe le tshwanetse go fetisa mogopolo wa letshwao lepe la puiso le le leng mo dintlheng tse di kwadilweng. (Go bona dintlha tse dingwe, bona Thuto 1, “Go Bala Sentle.”) Go sa kgwe mowa fa letshwao la puiso le batla jalo go ka dira gore go nne thata gore ba bangwe ba tlhaloganye se o se balang kgotsa go ka nna ga dira gore bokao jwa se se kwadilweng bo se ka jwa utlwala sentle.
Mo godimo ga matshwao a puiso, tsela e dintlha tse di mo polelong di tlhalosiwang ka yone e tla laola gore ke kae mo motho a ka kgwang mowa teng. Seopedi sengwe se se tumileng se kile sa bua jaana: “Tsela e ke tshamekang dinoto tsa me ka yone e itshwanela fela le ya batshameki ba bangwe ba piano. Mme tsela e ke kgwang mowa ka teng fa gare ga dinoto, ehee, sephiri sa me se gone fela foo.” Go ntse jalo le ka go bua. Go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng go tla dira gore se o se buang se nne monate thata le gore puo ya gago e e baakanyeditsweng sentle e nne le bokao.
Fa o ipaakanyetsa go bala phatlalatsa, o tla go fitlhela go thusa go tshwaya mo o tla bong o bala teng. Thala mothalo o monnye o o yang kwa tlase mo o tshwanetseng go kgwa mowa ka boripana gone, gongwe go ema go le gonnye fela. Dirisa methalo e mebedi e e ntseng jalo fa o tla kgwang mowa ka lobakanyana gone. Fa o fitlhela gore tsela e mafoko mangwe a latelanang ka yone e go tshwarisa bothata mme gangwe le gape fa o fitlha foo o kgwa mowa fa go sa tshwanelang gone, golaganya mafoko otlhe a a dirang polelwana e e go tshwarisang bothata ka go a tshwaya ka pensele. Morago ga moo, bala polelo go tswa kwa tshimologong go ya bokhutlong. Dibui di le dintsi tse di nang le maitemogelo di dira jalo.
Go kgwa mowa fa o bua mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi gantsi ga go bake bothata ka gonne o itse dintlha tse o batlang go di bua. Le fa go ntse jalo, fa o na le mokgwa wa go kgwa mowa nako le nako, le fa go sa tlhokege, puo ya gago e tla nna bokoa e bile ga e kitla e utlwala. Mo go Thuto 4, e e reng “Go Bua ka Thelelo,” go neetswe dikakantsho tsa se o ka se dirang go tokafatsa.
Go Kgwa Mowa fa o Fetela Kwa Ntlheng e Nngwe. Fa o tswa mo ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe, go kgwa mowa go ka nna ga naya bareetsi ba gago sebaka sa go akanya, go fetola dintlha le mo megopolong ya bone, go bona gore o fetogela kwa ntlheng e nngwe, le go tlhaloganya sentle ka phepafalo ntlha e e latelang e o tlotlang ka yone. Go botlhokwa gore o kgwe mowa fa o tswa mo ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe fela jaaka go le botlhokwa go iketla fa o fetola tsela ya gago fa khoneng o tswa mo mmileng o mongwe o tsena mo go o mongwe.
Lebaka lengwe la go bo dibui dingwe di itlhaganela fa di tswa mo ntlheng e nngwe di ya kwa go e nngwe, mme di sa kgwe mowa go le gonnye, ke ka gonne di leka go akaretsa dintlha di le dintsi. Mo go ba bangwe, ono ke mokgwa o ba buang ka one letsatsi le letsatsi. Gongwe mongwe le mongwe yo ba nang le ene o bua jalo. Mme seo ga se dire gore go ruta ga bone go nne le matswela. Fa go na le sengwe se o batlang go se bua mme e le se ba bangwe ba tshwanetseng go se utlwa le go se gakologelwa, he tsaya nako e e lekaneng go dira gore se utlwale sentle. Lemoga gore go kgwa mowa go botlhokwa gore puo e tlhalose dintlha ka tsela e e utlwalang.
Fa o tlile go neela puo o dirisa aotlelaene, dintlha tsa gago di tshwanetse go rulaganngwa ka tsela e e bontshang sentle gore o tla kgwa mowa fa kae fa o tswa mo ntlheng e nngwe e kgolo o ya kwa go e nngwe. Fa e le gore o tla bo o neela puo e e balwang, tshwaya fa go nang le phetogo gone go tswa mo ntlheng e nngwe e kgolo go ya go e nngwe.
Gantsi fa o tswa mo ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe, o kgwa mowa lobakanyana go na le fa o kgwa mowa mo letshwaong la puiso—le fa go ntse jalo, ga o kgwe mowa lobaka lo loleele thata mo go ka dirang gore puo e nne telele. Fa o kgwa mowa lobaka lo loleele thata, go tla bonala jaaka e kete ga o a baakanyetsa mme o leka go bona gore ke eng gape se sengwe se o tshwanetseng go se bua.
Go Kgwa Mowa Gore o Gatelele Ntlha. Go kgwa mowa gore o gatelele ntlha gantsi go dirwa ka tsela e e tla ngokang tlhokomelo ya bareetsi, ke gore, ke fa o kgwa mowa pele ga ntlha kgotsa potso e e tlileng go gatelelwa kgotsa morago ga yone. Go kgwa mowa mo go ntseng jalo go naya bareetsi sebaka sa go akanya ka se se sa tswang go bolelwa, kgotsa go dira gore ba lebelele se se tla latelang. Tseno ke ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng tsa go kgwa mowa. Itirele tshwetso ya gore o tla dirisa mokgwa ofe. Mme gakologelwa gore go kgwa mowa gore o gatelele ntlha go tshwanetse ga dirwa fela mo dipolelong tse eleruri di leng botlhokwa. Go seng jalo, dipolelo tseo ga di kitla di nna le mosola ope.
Fa Jesu a ne a balela Dikwalo kwa godimo mo sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela. Santlha, o ne a bala ka thomo ya gagwe mo momenong wa ga moporofeti Isaia. Le fa go ntse jalo, pele a tlhalosa kafa e dirang ka gone, o ne a o mena, a o naya motlhokomedi a bo a nna fa fatshe. Morago ga moo, o ne a bua jaana botlhe mo sinagogeng ba mo tlhomile matlho: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.”—Luke 4:16-21.
Go Kgwa Mowa fa Maemo a Batla Jalo. Dilo dingwe tse di itayang tsebe le tsone di ka nna tsa batla gore o kgwe mowa nako le nako fa o ntse o bua. Modumo wa dikoloi tse di fetang kgotsa go lela ga ngwana go ka nna ga batla gore o didimale go sekae fa o ntse o bua le mong wa ntlo yo o kopaneng le ene mo tshimong. Kwa lefelong la kopano, fa selo se se tlhodiang se sa dire modumo o mogolo thata, o ka nna wa kgona go tsholetsa lentswe o bo o tswelela. Mme o tshwanetse go kgwa mowa fa dilo tse di tlhodiang di tsosa modumo o mogolo thata e bile modumo wa teng o tsaya lobakanyana. Ka gonne bareetsi ba gago ba tla bo ba sa go reetsa. Ka jalo, kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela, ka boitlhomo jwa go thusa bareetsi ba gago go solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tse di molemo tse o batlang go ba bolelela tsone.
Go Kgwa Moya Gore o Letele Karabo. Le fa o ka tswa o neela puo e mo go yone bareetsi ba sa nneng le seabe, go botlhokwa go letla bareetsi gore ba arabele e seng ka go bua, mme ka megopolo fela. Fa o botsa dipotso tse di dirang gore bareetsi ba gago ba akanye mme o bo o sa kgwe mowa ka mo go lekaneng, dipotso tseo ga di na go ba thusa ka sepe.
Ke boammaaruri gore go botlhokwa go kgwa mowa e seng fela fa o bua o le mo seraleng mme gape le fa o neela ba bangwe bosupi. Go bonala batho bangwe ba se ke ba kgwa mowa. Fa e le gore o na le bothata joo, leka ka bojotlhe gore o tlhagolele nonofo eno ya go bua. O tla tokafatsa fa o ntse o tlotla le ba bangwe e bile o tla nna le matswela a magolwanyane mo bodireding jwa tshimo. Go kgwa mowa ke go didimala go sekae, e bile go kile ga bolelwa boammaaruri gore go didimala go a gatelela, go gapa mogopolo, e bile go lapolosa tsebe.
Go buisana go go tlwaelegileng ga letsatsi le letsatsi go dirwa ke batho ba ba farologaneng ba ba naanang megopolo. Ba bangwe ba tla go reetsa fa o ba reetsa e bile o bontsha gore o kgatlhegela se ba se buang. Seno se bolela gore o kgwe mowa mo go lekaneng sentle gore o ba neye sebaka sa go itlhalosa.
Mo bodireding jwa tshimo, tiro ya rona ya go neela bosupi e nna le matswela sentle fa e dirwa ka mokgwa wa go tlotla. Basupi ba le bantsi ba fitlhela go le molemo gore fa ba se na go botsa matsogo, ba tlhalose se ba tlileng ka sone ba bo ba botsa potso. Ba kgwa mowa go naya motho sebaka sa go araba, morago ga moo ba bo ba bontsha gore ba anaanela se mong wa ntlo a se buileng. Fa ba ntse ba tlotla, ba ka nna ba naya mong wa ntlo sebaka se se ntsinyana sa go bua. Ba a itse gore gantsi ba ka kgona go thusa motho fela thata fa ba itse se a se akanyang ka kgang e go tlotlwang ka yone.—Dia. 20:5.
Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o tla arabang dipotso ka tsela e e siameng. Mme seo ga se a ka sa dira gore Jesu a se ka a kgwa mowa mo go lekaneng sentle go naya baganetsi ba gagwe sebaka sa go bua. (Mar. 3:1-5) Go naya motho yo mongwe sebaka sa go bua go dira gore a akanye, mme ka ntlha ya seno, a ka nna a senola se se mo pelong ya gagwe. Tota e bile bongwe jwa boikaelelo jwa bodiredi jwa rona ke go tlhotlheletsa dipelo tsa batho ka go tlotla le bone dikgang tse di botlhokwa tse di tswang mo Lefokong la Modimo tse ba tshwanetseng go dira ditshwetso ka tsone.—Baheb. 4:12.
Ruri ke botswerere go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng mo bodireding jwa rona. Fa o kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela, o tla kgona go tlhalosa dintlha ka tsela e e utlwalang sentle e bile bareetsi ba tla di gakologelwa lobaka lo loleele.
-
-
Go Gatelela Dintlha ka Tsela e e TshwanetsengSolegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
-
-
THUTO 6
Go Gatelela Dintlha ka Tsela e e Tshwanetseng
FA O bua kgotsa o balela kwa godimo, mo godimo ga gore o tshwanetse go bitsa mafoko sentle gape go botlhokwa gore o gatelele mafoko a konokono le dipolelo tsa konokono ka tsela e e tla dirang gore dintlha tseo di tlhalosiwe ka tsela e e utlwalang sentle.
Go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng ga se kgang fela ya go gatelela mafoko a le mmalwa kgotsa a le mantsinyana. Go tshwanetse ga gatelelwa mafoko a a tshwanetseng. Fa go gatelelwa mafoko a a sa tshwanelang go gatelelwa, bareetsi ba gago ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya se o se buang mme seno se ka nna sa dira gore megopolo ya bone e simolole go kgarakgatshega. Le fa puo eo e ka tswa e le e e rutang, ga e kitla e tlhotlheletsa bareetsi ba gago ka tsela epe fa o sa gatelele dintlha ka tsela e e tshwanetseng.
Go gatelela dintlha go ka dirwa ka ditsela tse di farologaneng, tse gantsi di dirisiwang mmogo: ka go tlhatlosa lentswe, ka go tsenya maikutlo thata, ka go bua ka bonya gore dintlha di nwelelele sentle mo bareetsing ba gago, ka go kgwa mowa pele o bua polelwana e e rileng kgotsa fa o sena go e bua (kgotsa go kgwa mowa pele o e bua le fa o sena go e bua) le ka go itshikinya mmele le go dirisa tebego ya sefatlhego. Mo dipuong dingwe, dintlha di ka gatelelwa le ka go diga modumo wa lentswe kgotsa go o tlhatlosa. Akanya ka dintlha tse o tlileng go di tlotla le maemo a o tla bong o di tlotla mo go one go bona gore ke tsela efe e e tshwanetseng ya go di gatelela.
Fa o leka go bona gore ke eng se o tshwanetseng go se gatelela, akanyetsa dilo tse di latelang. (1) Mo seeleng sengwe le sengwe mafoko a a tshwanetseng go gatelelwa go feta a mangwe ga a bontshiwe ke seele sotlhe fela mme gape a bontshiwa ke dintlha tse di dikologileng seele seo. (2) Ntlha e ka gatelelwa go bontsha gore go simologa ntlha nngwe e ntšha, e ka tswa e le ntlha ya konokono kgotsa e le tsela e nngwe ya go tlhalosa kgang. Gape go e gatelela go ka lebisa tlhokomelo kwa bokhutlong jwa tlhaloso nngwe. (3) Sebui se ka nna sa gatelela kgopolo go bontsha kafa se ikutlwang ka gone ka kgang e se tlotlang ka yone. (4) Gape, kgopolo e ka gatelelwa ka tsela e e tshwanetseng go tlhomolola dintlha tsa konokono tsa puo.
Gore sebui kgotsa yo o balang phatlalatsa a gatelele kgopolo ka ditsela tseno, o tshwanetse gore a bo a tlhaloganya dintlha tsa gagwe sentle e bile a batla gore bareetsi ba gagwe ba di tlhaloganye. Malebana le thuto e e neng e rutwa mo metlheng ya ga Esera, Nehemia 8:8 e tlhalosa jaana: “Ba tswelela ba balela buka kwa godimo, molao wa Modimo wa boammaaruri, o tlhalosiwa ka botlalo, gape o dirwa gore o nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.” Go phepafetse gore ba ba neng ba bala ba bo ba tlhalosa Molao wa Modimo ka nako eo ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go thusa bareetsi go tlhaloganya bokao jwa se se neng se balwa, go se tshwarelela le go se dirisa.
Se se Ka Bakang Bothata. Batho ba le bantsi ba kgona go itlhalosa sentle mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, fa ba bala sengwe se se kwadilweng ke mongwe o sele, ba ka nna ba fitlhela go le thata go bona gore ke mafoko afe kgotsa ke dipolelwana dife tse ba tshwanetseng go di gatelela. Selo sa botlhokwa ke gore motho a tlhaloganye sentle se a se balang. Seo se batla gore o ithute ka kelotlhoko se se kwadilweng. Ka jalo, fa o kopiwa gore o bale sengwe kwa pokanong ya phuthego, o tshwanetse go baakanyetsa ka tlhoafalo.
Batho bangwe ba na le mokgwa wa go gatelela “kgapetsakgapetsa” go na le go gatelela kgopolo. Ba gatelela mafoko ka dinako tse di rileng, go sa kgathalesege gore a go a tlhokega go dira jalo kgotsa nnyaa. Ba bangwe ba gatelela mafoko a a tlhalosang, gongwe a gatelele thata letlhaodi le lekopanyi. Fa go gatelela go sa dire gore ntlha e e buiwang e utlwale sentle, go fetoga tlwaelo fela e e serang.
Fa dibui dingwe di leka go gatelela ntlha, di tlhatlosa lentswe ka tsela e e ka nnang ya dira gore bareetsi ba itheye ba re ba a omanngwa. Gone ke boammaaruri gore ga se gantsi seo se nnang le matswela a a molemo. Fa dintlha di gatelelwa ka tsela e e sa tlwaelegang, go ka nna ga bonala e kete sebui se nyatsa bareetsi. A bo go ne go tla nna molemo jang ruri go bua le bone ka lorato le go ba thusa go bona gore se se buiwang se theilwe mo Dikwalong e bile se a utlwala!
Tsela ya go Tokafatsa. Gantsi motho ga a lemoge fa a na le bothata jwa go gatelela dintlha. A ka nna a tlhoka gore mongwe a mmontshe bothata joo. Fa e le gore o tlhoka go tokafatsa mo ntlheng eno, molebedi wa gago wa sekolo o tla go thusa. Gape, o se ka wa tshaba go kopa thuso mo go ope fela yo e leng sebui se se molemo. Mo kope gore a reetse ka kelotlhoko tsela e o balang ka yone le e o buang ka yone mme a go neye dikakantsho tsa go tokafatsa.
Sa ntlha, mogakolodi wa gago a ka nna a akantsha gore o dirise setlhogo sengwe se se mo kgatisong ya Tora ya Tebelo gore o ikatise ka sone. Ga go na pelaelo gore o tla go kopa gore o sekaseke seele sengwe le sengwe go bona gore ke mafoko afe kgotsa gore ke dipolelwana dife tse di tlhokang go gatelelwa go dira gore bokao bo tlhaloganngwe motlhofo. A ka nna a go gakolola gore o ele tlhoko thata mafoko mangwe a a kwadilweng ka ditlhaka tse di sekameng. Gakologelwa gore mafoko a a mo seeleng a dira mmogo. Mafoko a a leng setlhopha ke one a gangwe le gape a tshwanetseng go gatelelwa, e seng lefoko le le ikemetseng fela le le losi. Mo dipuong dingwe, baithuti ba ka nna ba kgothalediwa go ela tlhoko thata gore matshwao a kgatelelo a supa gore mafoko a gatelelwe jang.
Kgato e e latelang ya go ithuta se o tshwanetseng go se gatelela ke gore mogakolodi wa gago a ka nna a go kgothaletsa go leba kgang e e dikologileng seele se o se balang. Ntlha ya konokono e serapa sotlhe se tlotlang ka yone ke efe? E tshwanetse go ama jang se o se gatelelang mo dieleng tsa sone? Leba setlhogo se segolo sa kgang e o e balang le setlhogwana se se kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng se dintlha tsa gago di tlhagang kafa tlase ga sone. Di ama jang mafoko a o tlhophang go a gatelela? Tseno tsotlhe ke dintlha tse o tshwanetseng go akanya ka tsone. Mme ela tlhoko gore o se gatelele mafoko a mantsi thata.
Le fa e le gore o tla bo o neetse puo ka tlhogo kgotsa o bala, mogakolodi wa gago a ka nna a go kgothaletsa gore o dirise tsela e o tlhalosang mabaka ka yone go gatelela dintlha tsa gago. O tshwanetse go lemoga gore tsela e o tlhalosang mabaka ka yone e felela fa kae kgotsa gore ke kae fa o tswang mo ntlheng nngwe e e botlhokwa o ya kwa go e nngwe. Bareetsi ba gago ba tla anaanela thata fa puo ya gago e ba lemotsha mafelo ano. O ka dira seno ka go gatelela mafoko a a jaaka sa ntlhantlha, gape, sa bofelo, ka jalo, le go a utlwala gore.
Mogakolodi wa gago gape o tla go tlhokomedisa dintlha dingwe tse di batlang gore o di tsenye maikutlo a a kgethegileng fa o di bua. Gore o dire jalo, o ka nna wa gatelela mafoko a a jaaka thata, gotlhelele, legoka, ga go kgonege, botlhokwa le ka dinako tsotlhe. Go dira jalo go ka tlhotlheletsa tsela e bareetsi ba gago ba ikutlwang ka yone ka se o se buang. Re tla bua mo go oketsegileng ka seno mo go Thuto 11, “Go Nna le Maikutlo le go Tsenya Maikutlo fa o Bua.”
Go tokafatsa tsela e o gatelelang dintlha ka yone, o tla kgothalediwa gore gape o itse sentle dintlha tsa konokono tse o batlang gore bareetsi ba gago ba di gakologelwe. Go tla tlotliwa ka seno gape fa go sekasekwa kgang ya go bala phatlalatsa mo go Thuto 7, “Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe,” le fa go sekasekwa kgang ya go bua mo go Thuto 37, “Dintlhakgolo di Tlhomolotswe.”
Fa o leka go tokafatsa bodiredi jwa gago jwa tshimo, ela tlhoko thata tsela e o balang ditemana ka yone. Itlwaetse go ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke bala temana eno?’ Ga go a lekana gore morutisi a bitse mafoko sentle fela. Tota le go bala temana ka go tsenya maikutlo go ka nna ga bo go sa lekana. Fa o araba potso ya mongwe kgotsa o ruta boammaaruri jwa motheo, go molemo gore o gatelele mafoko kgotsa dipolelwana tse di mo temaneng eo tse di tshegetsang ntlha e lo tlotlang ka yone. Go seng jalo, motho yo o mmalelang a ka nna a se ka a tshwara ntlha.
E re ka go gatelela dintlha go akaretsa go gatelela mafoko mangwe le dipolelwana dingwe go feta tse dingwe, sebui se se se nang maitemogelo se ka nna sa sekamela mo go gateleleng mafoko ao le dipolelwana tseo ka tsela e e feteletseng. Diphelelo tsa teng di ka nna tsa tshwana le tsa fa motho a simolola go ithuta go tshameka seletswa sa mmino. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a tswelela pele go ithuta, “dinnoto” dingwe le dingwe di tla fetoga go nna karolo ya “mmino” o o monate.
Fa o sena go ithuta dintlha dingwe tsa motheo, o tla solegelwa molemo ke go leba kafa dibui tse di nang le maitemogelo di buang ka gone. Go ise go ye kae, o tla lemoga se o ka se fitlhelelang ka go gatelela dintlha ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme o tla tlhaloganya botlhokwa jwa go kgona go gatelela dintlha ka ditsela tse di sa tshwaneng go dira gore bokao jwa se o se buang bo utlwale sentle. Go nna le bokgoni jwa go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng go tla tokafatsa thata matswela a tsela e o balang ka yone le e o buang ka yone.
O se ka wa ithuta ntlha ya go gatelela dintlha e le go ikgolola fela. Gore o kgone go bua ka tsela e e nang le matswela, nna o tokafatse go bua ga gago go fitlha o nna le bokgoni jwa go gatelela kgopolo e bile o kgona go dira jalo ka tsela e e tlwaelegileng fela mo ditsebeng tsa ba bangwe.
-
-
Dintlha Tsa Konokono di GateletsweSolegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
-
-
THUTO 7
Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe
MMADI yo o setswerere ga a tlhome mogopolo fela mo seeleng se a se balang, le fa e le mo serapeng se seele seo se leng mo go sone fela. Fa a bala, o nna a ntse a akantse ka dintlha tsa konokono tse di tshwerweng ke setlhogo sotlhe se a se balang. Seno ke sone se se mo kaelang gore a gatelele dintlha dife.
Fa a sa bale ka mokgwa ono, mooko wa se a se balang ga o kitla o tlhomologa. Ga go na sepe se se tla tlhomologang ka tsela e e utlwalang sentle. Fa a fetsa go bua, go ka nna ga nna thata go gakologelwa sepe fela se se tlhomologileng mo puong ya gagwe.
Fa go elwa tlhoko gore dintlha tsa konokono di gatelelwa ka tsela e e tshwanetseng, gantsi seno se ka tokafatsa thata tsela e pego e e balwang mo Baebeleng e utlwalang ka yone. Go gatelela dintlha ka tsela e e ntseng jalo go ka dira gore go balwa ga dirapa kwa thutong ya legae ya Baebele kgotsa mo pokanong ya phuthego go nne le bokao. Mme seno se botlhokwa bogolo jang fa go neelwa puo e e balwang, jaaka go a tle go dirwe mo dikopanong tsa rona tse dikgolo.
Kafa go ka Dirwang ka Gone. O ka nna wa abelwa go bala karolo nngwe ya Baebele mo sekolong. Ke eng se se tshwanetseng go gatelelwa? Fa e le gore go na le ntlha nngwe ya konokono kgotsa tiragalo nngwe e e botlhokwa e dintlha tse o di balang di remeletseng mo go yone, go tla nna molemo go dira gore e tlhomologe.
Le fa karolo e o e balang e ka tswa e kwadilwe ka tsela ya poko kgotsa ka tsela e e tlwaelegileng fela, e le diane kgotsa kanelo, bareetsi ba gago ba tla solegelwa molemo fa o e bala sentle. (2 Tim. 3:16, 17) Gore o dire jalo, o tshwanetse go akanya ka ditemana tse o tlileng go di bala le ka bareetsi ba gago.
Fa e le gore o tlile go balela kgatiso nngwe kwa godimo kwa thutong ya Baebele kgotsa kwa pokanong ya phuthego, ke dintlha dife tsa konokono tse o tshwanetseng go di gatelela? Tsaya dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng e le tsone dintlha tsa konokono. Gape gatelela le dintlha tse di amanang le setlhogwana se se kwadilweng ka mokwalo o mokima se dintlha tseo di tlhagang ka fa tlase ga sone.
Go akantshiwa gore o se ka wa itlwaetsa go neela puo e e balwang fa o neela dipuo mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go baakanyediwa dipuo tse di balwang gore di neelwe mo dikopanong tse dikgolo gore dintlha tse di tshwanang di neelwe ka tsela e e tshwanang mo dikopanong tsotlhe. Gore sebui se kgone go gatelela dintlha tsa konokono mo puong e e ntseng jalo e e balwang, se tshwanetse gore pele se sekaseke puo eo ka kelotlhoko. Dintlha tsa konokono ke dife? O tshwanetse gore a kgone go di lemoga. Dintlha tsa konokono ga se dikgopolo tse a akanyang gore di a kgatlha. Ke dintlha tsa konokono tse puo e remeletseng mo go tsone. Ka dinako tse dingwe, polelo nngwe e khutshwanyane ya kgopolo ya konokono mo puong e e balwang e isa mogopolo kwa kgannyeng nngwe e e anelwang kgotsa kwa tseleng nngwe ya go tlhalosa mabaka. Gantsi go umakiwa ntlha nngwe e e nonofileng fa bosupi jo bo tshegetsang kgang eo bo sena go tlhalosiwa. Fa sebui se sena go lemoga dintlha tseno tsa konokono, se tshwanetse go di tshwaya. Gantsi di nna mmalwa fela, gongwe di sa fete di le nnè kgotsa di le tlhano. Morago ga moo, o tshwanetse go itlwaetsa go bala ka tsela e e dirang gore bareetsi ba kgone go di lemoga motlhofo. Ke tsone mooko wa puo. Fa puo e badilwe go gatelelwa dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go tla direga thata gore bareetsi ba gakologelwe dintlha tseno tsa konokono. Seo e tshwanetse go nna mokgele wa sebui.
Go na le ditsela tse di farologaneng tse sebui se ka gatelelang dintlha ka tsone go thusa bareetsi go lemoga dintlha tsa konokono. Fa re umaka di sekae fela, a ka nna a nna matlhagatlhaga go feta pele mo dikarolong dingwe, a fetola lobelo lo a buang ka lone, a tsenya maikutlo kgotsa a dirisa boitshikinyo jo bo tshwanetseng jwa mmele.
-