LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/13 ts. 8
  • Dikai Tsa Puisano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Puisano
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 3/13 ts. 8

Dikai Tsa Puisano

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha wa April

“Re kgothaletsa baagelani ba rona go bala Baebele. Batho ba le bantsi ba re go thata go tlhaloganya Baebele. A mme seo ke boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se se buiwang fano.” Mmontshe tsebe e e kwa morago ya Tora ya Tebelo ya April 1 lo bo lo sekaseka tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha mmogo le go bala bobotlana temana e le nngwe e e umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.

Tora ya Tebelo April 1

“Batho ba le bantsi ba re buisanang le bone ba na le mathata. Seno se dira gore batho bangwe ba akanye ka bokao jwa botshelo. Ke eng se se dirang gore o se ka wa itumelela botshelo? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo Modimo o tla fedisa mathata a re lebanang le one gone jaanong. [Bala Tshenolo 21:4.] Makasine ono o bua ka ditsholofetso tsa mo isagweng mmogo le kafa re ka bonang botshelo jo bo nang le bokao ka teng.”

Tsogang! April

“Tirisodikgoka mo lelapeng ke bothata jo bo leng teng mo lefatsheng lotlhe. Bangwe ba re mabaka a a rotloetsang seo ke dikgang tse di amanang le setso, tsela e motho a godileng ka yone le boitlosobodutu jo bo tletseng thubakanyo. O akanya gore ke eng se totatota se bakang tirisodikgoka mo lelapeng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e tlhalosa kamano e e siameng e monna le mosadi ba tshwanetseng go nna le yone. [Bala Baefeso 5:33.] Makasine ono o tlotla ka kafa manyalo mangwe a ileng a bolokiwa ka teng ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Baebele.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela