NSHOLO WE ZWIDIYO 23
LUMBO 2 Leina la Gago ke Jehofa
Zina la Jehova—Cha la ka fanila Dwa Mu Tili
“‘Imwi mu batendeki bangu, kojalo Yahwe.’”—IZA. 43:10.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tla bona gore re ka dira eng go bontsha gore Jehofa o boitshepo le gore dilo tsotlhe tse Satane a ileng a di bua ka ene ke maaka.
1-2. To ziba chini kuti zina la Jehova i chithu chikulu mu na Jesu?
LEINA la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go Jesu. Ga go na motho ope yo o kileng a itsise batho ka leina la ga Jehofa go feta Jesu. Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore Jesu o ne a ikemiseditse go swela leina la ga Jehofa e le go bontsha gore Jehofa o boitshepo le gore sengwe le sengwe se a se dirang se siame. (Mar. 14:36; Baheb. 10:7-9) Gape re ithutile gore morago ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla bo a ikemiseditse go busetsa taolo yotlhe kwa go Rraagwe ka gonne a batla gore Jehofa a galalediwe ke botlhe. (1 Bakor. 15:26-28) Sengwe le sengwe se Jesu a se dirileng ka ntlha ya leina la ga Jehofa, se bontsha gore o mo rata fela thata.
2 Jesu o ne a tla mo lefatsheng e le gore a bolelele batho dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a batla gore ba di itse. (Joh. 5:43; 12:13) O ne a itsise balatedi ba gagwe leina la ga Rraagwe. (Joh. 17:6, 26) Fa a ne a ruta batho le fa a ne a dira dikgakgamatso, o ne a tlhalosa gore Jehofa ke ene a neng a mo naya botlhale le maatla a go dira jalo. (Joh. 10:25) Tota e bile, Jesu o ile a kopa Jehofa gore a tlhokomele barutwa ba gagwe “ka ntlha ya leina la [Gagwe].” (Joh. 17:11) Go a bonala gore Jesu o ne a tsaya leina la ga Jehofa le le botlhokwa thata. Ka jalo, a go a utlwala gore motho a re ke molatedi wa ga Jesu mme a sa itse leina la ga Rraagwe e bile a sa le dirise?
3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
3 E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re etsa Jesu ka go bontsha gore re rata leina la ga Jehofa e bile re a le tlotla. (1 Pet. 2:21) Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng fa Jehofa a bitsa batho ba ba rerang “dikgang . . . tse di molemo tsa Bogosi” ka leina la gagwe. (Math. 24:14) Gape re tla bona gore ke eng fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go tsaya leina la ga Jehofa le le botlhokwa thata.
“BATHU BE ZINA LILE”
4. (a) Jesu wa ka pa badiyiwa babe nshingo upi a sathu a ka gwilila kudzimu? (b) Ti nga zwibuzwani ne kwe nshingo iwoyo?
4 Pele Jesu a boela kwa legodimong, o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) Ka jalo, barutwa ba ne ba tla rera dikgang tse di molemo gongwe le gongwe, e seng kwa Iseraele fela. Seo se ne se tla thusa batho mo lefatsheng lotlhe gore ba nne le tshono ya go nna balatedi ba ga Jesu. (Math. 28:19, 20) Mme gone, Jesu o ile a re: “Lo tla nna basupi ba me.” A barutwa bano ba ne ba tla nna basupi ba ga Jesu fela kgotsa a ba ne ba tla tlhoka go itse le Jehofa le go nna basupi ba gagwe? Ditiragalo tse di tlhalosiwang mo go Ditiro kgaolo 15 di re thusa go araba potso eo.
5. Baapostolo ne badala be Jerusalema ba ka lakidza chini kuti bathu bose ba ka fanila ziba zina la Jehova? (Bona itshwantsho.)
5 Ka ngwaga wa 49 C.E., baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema ba ile ba kopana gore ba tlotle ka kgang ya gore a batho ba e seng Bajuda ba ne ba tshwanetse go rupisiwa gore e nne Bakeresete. Kwa bofelong jwa motlotlo oo, monnawe Jesu e bong Jakobe, o ne a re: “[Petere] o sa tswa go re tlhalosetsa ka botlalo gore jaanong Modimo o amogetse ditšhaba tse dingwe, gore a ntshe batho ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe mo go tsone.” Jakobe o ne a bua ka leina la ga mang? O ile a nopola mafoko ano a ga moporofeti Amose: “Gore batho ba ba salang ba tle ba direle Jehofa ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go bua Jehofa.” (Dit. 15:14-18) Batho ba e neng e tla nna barutwa, ba ne ba se kitla ba ithuta ka Jehofa fela, mme gape ba ne ba tla ‘bidiwa ka leina la gagwe.’ Seno se raya gore ba ne ba tla bolelela batho ba bangwe leina la ga Jehofa e bile ba ne ba tla itsiwe ka lone.
Kwa pokanong ya setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, banna bao ba ba ikanyegang ba ile ba lemoga gore Bakeresete ba tshwanetse go bidiwa ka leina la Modimo (Bona serapa 5)
6-7. (a) Ini Jesu a ka zha mu shango? (b) I libaka gupi gukulu kakale gwa a ka be a zhila?
6 Leina la ga Jesu le kaya gore “Jehofa ke Poloko.” Jehofa o ile a dirisa Jesu go boloka batho botlhe ba ba dumelang mo go ene le mo go Morwawe. Jesu o ile a tla mo lefatsheng gore a ntshetse batho botshelo jwa gagwe e le thekololo. (Math. 20:28) Seo se ile sa dira gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo le gore ba nne le tshono ya go bona botshelo jo sa khutleng.—Joh. 3:16.
7 Mme gone, ke ka ntlha ya eng fa batho ba ne ba tlhoka thekololo? Ke ka ntlha ya se se neng sa direga kwa tshimong ya Edene. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ile ba tlhanogela Jehofa mme seo sa dira gore ba latlhegelwe ke tshono ya go tshelela ruri. (Gen. 3:6, 24) Mme gone, go na le lebaka le lengwe la botlhokwa thata la go bo Jesu a ile a tla mo lefatsheng. Satane o ne a buile maaka ka Jehofa. (Gen. 3:4, 5) Ka jalo, batho ba ne ba tlhoka go itse gore Jehofa o ne a sa dira sepe se se sa siamang le gore leina la gagwe le boitshepo. Mme Jesu ke ene a neng a ka kgona go ntsha bosupi jwa kgang eo ka gonne e ne e le moemedi wa ga Jehofa e bile o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a batla gore a se dire.
A motho a ka re ke molatedi wa ga Jesu mme a sa itse leina la ga Rraagwe e bile a sa le dirise?
8. Bathu bose ba no duma mu na Jesu ba ka fanila zibani?
8 Batho botlhe ba ba neng ba tla dumela mo go Jesu, Bajuda le batho ba e neng e se Bajuda, ba ne ba tlhoka go itse gore Rraagwe Jesu e bong Jehofa Modimo, ke ene yo o neng a tla ba boloka. (Joh. 17:3) Mo godimo ga moo, fela jaaka Jesu, ba ne ba tla bidiwa ka leina la ga Jehofa. Gape ba ne ba tlhoka go lemoga gore go botlhokwa go le kana kang go itshepisa leina leo. Ba ne ba tshwanetse go dira jalo e le gore Modimo a ba amogele a bo a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. (Dit. 2:21, 22) Ka jalo, balatedi botlhe ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go ithuta ka Jehofa le ka Jesu. Ke gone ka moo Jesu a ileng a konela thapelo ya gagwe e e mo go Johane kgaolo 17 ka mafoko ano: “Ke ba rutile ka ga leina la gago e bile ke tla tswelela ke dira jalo, gore ba rate batho ba bangwe fela jaaka o nthata le gore ke nne ke le seoposengwe le bone.”—Joh. 17:26.
“MU BAFAKAZI BANGU”
9. Ti nga lakidza chini kuti zina la Jehova i chithu chikulu mu tili?
9 Ka jalo, e re ka re le balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu, re tshwanetse go itshepisa leina la ga Jehofa. (Math. 6:9, 10) Leina la ga Jehofa le tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go rona. Seno se raya gore re tlhoka go dira sengwe go bontsha gore re le tsaya le le botlhokwa. Mme gone, re ka dira eng go itshepisa leina la ga Jehofa le go bontsha gore se Satane a neng a se bua ka Jehofa ke maaka?
10. Khani ye khuta ye chifaniso i no legwa ne kwayo mu ndima dze 42 ku noti 44 dze buka ye Izaya ini? (Izaya 43:9; 44:7-9) (Bona itshwantsho.)
10 Isaia kgaolo 42 go ya go 44 e re bontsha gore go botlhokwa thata gore re itshepise leina la ga Jehofa. Dikgaolo tseno, di tlhalosa Jehofa jaaka e kete o mo kgotlatshekelong mme go na le kgetsi e e amanang le gore Modimo wa mmatota ke mang. Jehofa o kopa botlhe ba ba ipitsang medimo gore ba ntshe bosupi jwa gore ruri ke medimo. Gape o bitsa batho ba ba e obamelang gore ba tle go e supela gore ke medimo. Mme ka maswabi, ga go na ope yo o kgonang go dira jalo.—Bala Isaia 43:9; 44:7-9.
Re bontsha gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri ka se re se buang le se re se dirang (Bona serapa 10-11)
11. Jehovah u no zibisani bathu babe se kwa ku lakidziwa mu na Izaya 43:10-12?
11 Bala Isaia 43:10-12. Jehofa o raya batho ba gagwe a re: “Lo basupi ba me, . . . mme ke nna Modimo.” Jehofa o ba kopa gore ba arabe potso eno: “A go na le Modimo yo mongwe ntle le nna?” (Isa. 44:8) Ka jalo, re na le tshiamelo ya go araba potso eo. Re ka bontsha gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri ka se re se buang le ka se re se dirang. Ga go na leina lepe le le tshwanang le la gagwe. Ka jalo, tsela e re tshelang ka yone e ka bontsha gore ruri re rata Jehofa le gore re ikanyega mo go ene, tota le fa Satane a re thatafaletsa botshelo. Fa re dira jalo, re a bo re itshepisa leina la ga Jehofa.
12. Buporofiti gu mu na Izaya 40:3, 5 gwa ka shingikadziwa chini?
12 Fa re bolelela ba bangwe gore se Satane a se buileng ka Jehofa ke maaka, re a bo re etsa Jesu Keresete. Gape Isaia o ile a bolelela pele gore mongwe o ne a tla ‘baakanya tsela ya ga Jehofa.’ (Isa. 40:3) Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa jang? Johane Mokolobetsi o ne a baakanyetsa Jesu tsela, mme tota o ne a baakanya “tsela ya ga Jehofa” ka gonne Jesu o ne a tlile mo lefatsheng ka leina la ga Jehofa e bile o ile a bolelela batho ba bangwe ka lone. (Math. 3:3; Mar. 1:2-4; Luke 3:3-6) Gape boporofeti joo bo ne jwa re: “Kgalalelo ya ga Jehofa e tla senolwa.” (Isa. 40:5) Seo se ne se tla direga jang? Fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, o ile a emela Jehofa sentle mo go neng go ntse jaaka e kete Jehofa ke ene a neng a tlile mo lefatsheng.—Joh. 12:45.
13. Ti nga yedza Jesu chini?
13 Fela jaaka Jesu, re naya bosupi ka Jehofa. Re bidiwa ka leina la gagwe e bile re bolelela batho ba bangwe ka dilo tse di kgatlhang tse a di dirileng. Mme gone, e le gore re kgone go ntsha bosupi jo bo utlwalang ka Jehofa, gape re tshwanetse go bolelela batho ba bangwe ka dilo tsotlhe tse Jesu a di dirileng go itshepisa leina la ga Jehofa. (Dit. 1:8) Ga go na motho ope yo o kileng a kgona go ntsha bosupi ka Jehofa jaaka Jesu, mme le rona re latela sekao sa gagwe. (Tshen. 1:5) Re tshwanetse go dira eng gape go bontsha gore leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go rona?
ZINA LA JEHOVA CHA LI NO DWA MU TILI
14. Se kwa ku lakidziwa mu na Pisalema 105:3, to zwihwa chini ne kwe zina la Jehova?
14 Re motlotlo ka leina la ga Jehofa. (Bala Pesalema 105:3.) Jehofa o itumela fela thata fa re ikgantsha ka leina la gagwe. (Jer. 9:23, 24; 1 Bakor. 1:31; 2 Bakor. 10:17) Go ‘ikgantsha ka Jehofa’ go kaya go nna motlotlo gore Jehofa ke Modimo wa rona. Re tsaya go bolelela batho ba bangwe gore Jehofa o boitshepo le gore sengwe le sengwe se a se dirang se siame, e le tshiamelo e kgolo. Ga re a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong go bolelela batho ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone, baagelani ba rona le batho ba bangwe gore re Basupi ba ga Jehofa. Satane o batla gore re emise go bolelela batho ba bangwe ka leina la ga Jehofa. (Jer. 11:21; Tshen. 12:17) Tota e bile, Satane mmogo le batho ba ba anamisang maaka ka Jehofa, ba batla gore batho ba lebale leina la ga Jehofa. (Jer. 23:26, 27) Mme gone, e re ka re rata leina la ga Jehofa, re dira sotlhe se re ka se kgonang go mmaka ka dinako tsotlhe.—Pes. 5:11; 89:16.
15. Ku dana zina la Jehova ko dwani?
15 Re nna re bitsa leina la ga Jehofa. (Joele 2:32; Bar. 10:13, 14) Go bitsa leina la ga Jehofa ga go kaye fela go itse leina la gagwe le go le dirisa. Go akaretsa le go itse gore ke Modimo yo o ntseng jang, go mo tshepa, go mo kopa gore a re thuse le gore a re kaele. (Pes. 20:7; 99:6; 116:4; 145:18) Gape go bitsa leina la ga Jehofa go kaya gore re bolelela batho ka leina la gagwe le ka dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang. Mo godimo ga moo, re ba thusa gore ba ikwatlhaye mme ba tshele ka tsela e e itumedisang Jehofa gore a ba amogele.—Isa. 12:4; Dit. 2:21, 38.
16. Ti nga lakidza chini kuti Satani u no leba manyepkhwa?
16 Re ikemiseditse go boga ka ntlha ya leina la ga Jehofa. (Jak. 5:10, 11) Fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa re bogisiwa, re a bo re bontsha gore Satane ke moaki. Mo motlheng wa ga Jobe, Satane o ile a bua jaana ka batho ba ba direlang Jehofa: “Motho o tla ntsha sengwe le sengwe se a nang le sone gore a boloke botshelo jwa gagwe.” (Jobe 2:4) Satane o ne a re batho ba ne ba tla direla Jehofa fela fa dilo di ba tsamaela sentle mo botshelong, mme ba ne ba tla mo tlogela fa go nna thata. Jobe o ile a bontsha gore Satane o ne a bua maaka a matala. Le rona gompieno, re na le tshiamelo ya go bontsha gore le fa Satane a ka re thatafaletsa botshelo, ga re kitla re tlogela go direla Jehofa. Re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla nna a re tlhokomela ka ntlha ya leina la gagwe.—Joh. 17:11.
17. Ti nga kudza zina la Jehova ne zila ipi ingwe, se kwa ku lakidziwa mu na 1 Pita 2:12?
17 Re tlotla leina la ga Jehofa. (Diane 30:9; Jer. 7:8-11) E re ka re emela Jehofa e bile re bidiwa ka leina la gagwe, re ka dira gore le tlotliwe kgotsa le tlontlololwe. (Bala 1 Petere 2:12.) Ka jalo, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go baka Jehofa ka se re se buang le se re se dirang. Fa re dira jalo, re tla galaletsa leina la ga Jehofa le fa gone re na le boleo.
18. Ti nga lakidza kuti zina la Jehova i chithu chikulu mu tili ne zila ipi ingwe? (Bona footnote.)
18 Re tsaya leina la ga Jehofa le le botlhokwa thata go feta se batho ba se akanyang ka rona. (Pes. 138:2) Goreng seo se le botlhokwa? Ka gonne fa re dira dilo tse di itumedisang Jehofa, gantsi batho ga ba itumelele seo e bile ba ka bua dilo tse di sa siamang ka rona.a Jesu o ne a ikemiseditse go swa jaaka senokwane gore leina la ga Jehofa le galalediwe. Ga a a ka “a tlhabiwa ke ditlhong” kgotsa a tshwenyega thata ka gore batho ba tla akanya eng ka ene. (Baheb. 12:2-4) O ne a amegile thata ka go dira thato ya Modimo.—Math. 26:39.
19. U no zwihwa chini ne kwe zina la Jehova, ngono ne kutini?
19 Re motlotlo ka gonne re direla Jehofa e bile re bidiwa Basupi ba gagwe. Seo se dira gore re tswelele re mmaka, tota le fa batho ba bangwe ba re nyatsa. Leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go rona go feta tsela e batho ba akanyang ka yone ka rona. Ka jalo, a re ikemisetseng go tswelela re baka leina la ga Jehofa le fa Satane a ka leka go re kgoba marapo. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go rona, fela jaaka le le botlhokwa mo go Jesu Keresete.
LUMBO 10 Bakang Jehofa Modimo wa Rona!
a Tota le monna yo o ikanyegang e bong Jobe, o ne a simolola go akanya thata ka se batho ba neng ba se akanya ka ene fa ditsala tsa gagwe tse tharo di ne di re o tshwanetse a bo a dirile sengwe se se phoso. Kwa tshimologong, fa Jobe a ne a tlhokafalelwa ke bana a bo a latlhegelwa ke dilo tse a neng a na le tsone, “ga a ka a leofa kgotsa a latofatsa Modimo a re o dirile sengwe se se phoso.” (Jobe 1:22; 2:10) Le fa go ntse jalo, fa a latofadiwa ka gore o dirile sengwe se se phoso, o ne a simolola go iphemela a bo a “bua fela [a] sa akanye.” O ile a akanya thata ka go itlhatswa leina go na le go itshepisa leina la ga Jehofa.—Jobe 6:3; 13:4, 5; 32:2; 34:5.