LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 15:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 “Fa mongwe wa bomorwarrago a humanega mo metseng mengwe ya lona e e mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago kgotsa wa tima morwarrago yo o humanegileng.+

  • Pesalema 41:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 41 Go itumela ope fela yo o akanyetsang motho wa maemo a a kwa tlase;+

      Jehofa o tla mo golola mo letsatsing la masetlapelo.

  • Pesalema 112:5
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  5 Motho yo o adimang ba bangwe ka bopelotshweu,* dilo di tla mo tsamaela sentle.+

      י [Yod]

      O dira ditiro tsa gagwe ka tshiamiso.

  • Diane 3:27
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 27 O se ka wa gana go direla batho dilo tse di molemo fa ba di tlhoka*+

      Fa e le gore o ka kgona go ba thusa.*+

  • Diane 19:17
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 Motho yo o utlwelang batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa,+

      Mme o tla mo duela ka ntlha ya se a se dirang.+

  • Mareko 14:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 Gonne bahumanegi ba na le lona ka metlha,+ mme lo ka ba direla molemo nako epe fela fa lo batla, mme nna ga nkitla ke nna le lona ka metlha.+

  • Ditiro 11:29
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 29 Ka jalo, mongwe le mongwe wa barutwa o ne a ikemisetsa go ntsha se a se kgonang,+ gore go romelwe thuso ya namolo+ kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea;

  • 1 Timotheo 6:18
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 18 Ba bolelele gore ba kgaratlhele go dira molemo, e nne bahumi ba ditiro tse di molemo, ba nne pelotshweu, ba itumelele go abelana,+

  • 1 Johane 3:17
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 Le fa go ntse jalo, ope fela yo o nang le dilo tse a itshedisang ka tsone mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka a bo a sa mo tlhomogele pelo, a tota a ka re o rata Modimo?+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela