Mantaga, October 27
Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone.—Baef. 5:28.
Jehofa o batla gore monna a rate mosadi wa gagwe, a mo tlhokomele le gore e nne tsala ya gagwe. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe go atamalana le Jehofa. Ka jalo, fa o le mokaulengwe e bile o batla go nyala, go nna le bokgoni jwa go akanya, go tlotla basadi le go dira maikarabelo a o a neilweng, go tla go tswela mosola. Fa o sena go nyala, o ka nna le bana. Go na le dilo tse o ka di ithutang mo go Jehofa ka go dira maikarabelo ao. (Baef. 6:4) Jehofa o ne a bolelela Morwawe gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17) Fa o nna le bana, ba bolelele gore o a ba rata o bo o ba akgolele dilo tse dintle tse ba di dirang. Borre ba ba etsang Jehofa, ba thusa bana ba bone gore e nne banna le basadi ba ba tlhomang sekao. O ka ipaakanyetsa maikarabelo ao ka go tlhokomela ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong, e bile o ka ba bolelela gore o a ba rata le gore ba botlhokwa.—Joh. 15:9. w23.12 28-29 ¶17-18
Labobedi, October 28
[Jehofa] ke ene yo o go sireletsang.—Isa. 33:6.
Le fa gone re direla Jehofa ka boikanyegi, re na le mathata e bile re a lwala fela jaaka batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, re ka nna ra bogisiwa ke batho ba ba sa re rateng. Le fa gone Jehofa a sa dire gore re se ka ra nna le mathata, o re solofetsa gore o tla re thusa. (Isa. 41:10) O re thusa gore re kgone go tswelela re itumetse, re dire ditshwetso tse di siameng le gore re ikanyege mo go ene le fa re na le mathata a a boima. Jehofa o solofetsa gore o tla re naya kagiso. (Bafil. 4:6, 7) Re nna le kagiso eno ka gonne re atamalane thata le ene. Baebele e a re kagiso eno, ke e “batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.” Ka sekai, a o kile wa rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme fa o sena go rapela o bo o ikutlwa o wetse makgwafo? O ile wa ikutlwa jalo ka gonne Jehofa o ile a go naya kagiso. w24.01 20 ¶2; 21 ¶4
Laboraro, October 29
Mma ke bake Jehofa; a sengwe le sengwe se se mo teng ga me se bake leina la gagwe le le boitshepo.—Pes. 103:1.
Batho ba ba ratang Jehofa ba baka leina la gagwe ka pelo yotlhe. Fa re utlwa leina Jehofa, re akanya ka mong wa lone, dinonofo tsa gagwe tse dintle, le dilo tse di gakgamatsang tse a di dirang. Dafide o ne a batla go baka leina la ga Jehofa, e bile o ne a batla go dira jalo ka “sengwe le sengwe se se mo teng” ga gagwe. Seno se raya gore o ne a batla go mmaka ka pelo yotlhe. Balefi le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo. Ba ile ba tlhalosa gore ga go kgonege gore ba bake leina la ga Jehofa ka botlalo. (Neh. 9:5) Ga go pelaelo gore tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ile ya dira gore Jehofa a itumele. w24.02 9 ¶6