LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 22:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 Ka jalo, bagolwane ba Moabe le bagolwane ba Midiana ba ne ba tsamaya ba tshotse tuelo ya go duelela boitseanape mme ba ya kwa go Balaame+ ba bo ba mmolelela molaetsa wa ga Balake.

  • Dipalo 25:1-3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 25 Fa Baiseraele ba ne ba nna kwa Shitime,+ batho ba ne ba simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le bomorwadia Moabe.+ 2 Basadi bano ba ne ba laletsa batho kwa ditlhabelong tsa medimo ya bone,+ mme batho ba ne ba simolola go ja le go ikobela medimo ya bone.+ 3 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba kopanela mo kobamelong ya ga* Baale wa Peore,+ mme Jehofa o ne a galefela Baiseraele fela thata.

  • Dipalo 25:17, 18
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 “Lo tshwenye Bamidiana lo bo lo ba kgemethe,+ 18 ka gonne ba ntse ba lo tshwenya ka go dirisana le lona ka boferefere mo tiragalong e e amanang le Peore+ le mo tiragalong e e amanang le Kosebi morwadia kgosana ya Midiana, kgaitsadiabone yo o neng a bolawa+ mo letsatsing la petso e e neng ya tla ka ntlha ya tiragalo e e amanang le Peore.”+

  • 1 Bakorintha 10:8
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 8 Gape a re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,* jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira, mme go bo go swa ba le 23 000 mo go bone ka letsatsi le le lengwe.+

  • Tshenolo 2:14
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 “‘Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le mmalwa tse ke di nyatsang ka wena, gore gone koo o na le ba ba ngangatletseng thuto ya ga Balaame.+ O ile a ruta Balake+ go raela bana ba Iseraele gore ba leofe ka go ja dilo tse di isediwang medingwana ditlhabelo le ka go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.*+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela