-
Dipalo 25:17, 18Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
17 “Lo tshwenye Bamidiana lo bo lo ba kgemethe,+ 18 ka gonne ba ntse ba lo tshwenya ka go dirisana le lona ka boferefere mo tiragalong e e amanang le Peore+ le mo tiragalong e e amanang le Kosebi morwadia kgosana ya Midiana, kgaitsadiabone yo o neng a bolawa+ mo letsatsing la petso e e neng ya tla ka ntlha ya tiragalo e e amanang le Peore.”+
-
-
Duteronome 4:3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
3 “Matlho a lona a bone se Jehofa a neng a se dira mo kgannyeng ya ga Baale wa Peore; Jehofa, Modimo wa lona o ne a nyeletsa motho mongwe le mongwe yo o neng a sala Baale wa Peore+ morago.
-
-
Joshua 22:17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
17 A molato o re neng ra o dira kwa Peore o ne o le monnye thata? Ga re ise re iphepafatse mo go one go fitlha mo letsatsing leno le fa gone phuthego ya ga Jehofa e ne ya tlelwa ke petso.+
-