LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 1:16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 16 Mme ditlogolwana tsa monna mongwe wa Mokene,+ mogwegadiagwe Moshe,+ di ne tsa tswa kwa motseng wa ditlhare tsa mokolane+ mmogo le batho ba Juda ba ya kwa nageng ya Juda kwa borwa jwa Arada.+ Ba ne ba ya koo mme ba aga le batho+ ba teng.

  • Baatlhodi 4:11
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Jaanong Hebere wa Mokene o ne a kgaogane le Bakene,+ ditlogolwana tsa ga Hobabe, mogwegadiagwe Moshe,+ mme tente ya gagwe e ne e tlhomilwe gaufi le setlhare se segolo kwa Saananime, e e kwa Kedeshe.

  • 1 Samuele 15:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 6 Go tswa foo, Saulo o ne a raya Bakene+ a re: “Tsamayang, tswang mo Baamalekeng, gore ke se ka ka lo nyeletsa le bone.+ Gonne lo ne lwa bontsha batho botlhe ba Iseraele lorato lo lo sa kgaotseng+ ka nako ya fa ba ne ba tswa kwa Egepeto.” Ka jalo, Bakene ba ne ba tswa mo Baamalekeng.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela