-
Ekesodo 17:5, 6Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsamaya kwa pele ga batho mme o tseye bangwe ba bagolwane ba Iseraele le thobane ya gago e o neng wa itaya Noka ya Nile ka yone.+ E tseye ka seatla mme o tsamaye. 6 Ke tla bo ke eme fa pele ga gago fa lefikeng kwa Horeba. O iteye lefika mme metsi a tla tswa mo go lone gore batho ba nwe.”+ Moshe o ne a dira jalo bagolwane ba Iseraele ba mo lebile.
-
-
Pesalema 78:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 O ne a phatlola mafika mo nageng,
O ne a dira gore ba nwe metsi ba bo ba kgotsofale jaaka e kete ba nwa mo letšheng le le boteng.+
-
-
Pesalema 114:8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Yo o fetolang lefika gore e nne mogobe wa metsi o o tletseng lotlhaka,
Yo o fetolang lefika le le thata gore e nne metswedi ya metsi.+
-