-
Baatlhodi 11:23, 24Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
23 “‘Jehofa, Modimo wa Iseraele ke ene yo o neng a leleka Baamore fa pele ga batho ba gagwe ba Iseraele,+ mme jaanong a wena o tla ba leleka? 24 A sengwe le sengwe se o nang le sone ga se se Kemoshe+ modimo wa gago a se go neileng? Ka jalo, mongwe le mongwe yo Jehofa, Modimo wa rona a mo lelekileng fa pele ga rona ke ene yo re tla mo lelekang.+
-
-
2 Dikgosi 23:13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Mme kgosi e ne ya dira gore mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a a neng a le fa pele ga Jerusalema a se ka a tshwanela kobamelo, e leng mafelo a a neng a le ka fa borwa* jwa Thaba ya Tshenyo,* a Solomone kgosi ya Iseraele a neng a a agetse Ashethorethe modimo wa mosadi yo o ferosang sebete wa Basidona; le Kemoshe modimo yo o ferosang sebete wa Moabe; le Milekome+ modimo yo o makgapha wa Baamone.+
-