-
Joshua 12:4-6Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
4 Gape ba ne ba gapa le karolo ya ga Kgosi Oge+ wa kwa Bashana, yo e neng e le mongwe wa Barefaime+ ba ba neng ba setse mme a nna kwa Ashetarothe le Ederei 5 e bile a busa mo Thabeng ya Heremone, mo Saleka le mo Bashana+ yotlhe, go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Bageshure le Bamaakathe,+ le halofo ya Gileade, go fitlha kwa karolong ya ga Kgosi Sihone wa Heshebone.+
6 Moshe motlhanka wa ga Jehofa le Baiseraele ba ne ba ba fenya,+ mme morago ga moo Moshe motlhanka wa ga Jehofa o ne a naya Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase+ lefatshe leo gore ba le rue.
-