LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipalo 22:5, 6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 5 O ne a romela barongwa kwa go Balaame morwa Beore kwa Pethore,+ e e fa Nokeng* kwa lefatsheng la gagabo. O ne a laela gore a bidiwe, a re: “Setšhaba se dule kwa Egepeto. Se khurumeditse sefatlhego* sa lefatshe*+ leno e bile se nna fela fa pele ga me. 6 Tsweetswee, jaanong tla kwano mme o mphutsetse batho bano+ ka gonne ba maatla go mpheta. Gongwe nka ba fenya mme ka ba leleka mo lefatsheng leno ka gonne ke itse sentle gore yo o mo segofatsang o segofetse e bile yo o mo hutsang o hutsegile.”

  • Dipalo 23:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 Go tswa foo, o ne a bua polelo eno ya seane:+

      “Balake kgosi ya Moabe o ne a ntsaya kwa Arame,+

      Go tswa kwa dithabeng tsa botlhaba:

      ‘Tla kwano gore o mphutsetse Jakobe.

      Ee, tla o atlhole Iseraele.’+

  • Dipalo 23:11
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Go tswa foo, Balake o ne a raya Balaame a re: “O ntirile eng? Ke go bileditse gore o tle go hutsa baba ba me, mme jaanong ke fano o ba segofaditse.”+

  • Dipalo 24:10
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 Foo Balake o ne a galefela Balaame fela thata. Balake o ne a opa diatla tsa gagwe ka tshotlo a bo a raya Balaame a re: “Ke ne ke go bileditse go tla go hutsa baba ba me,+ mme jaanong ke fano o ba segofaditse makgetlo ano a mararo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela