LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 22:25
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 25 “Fa o adima mongwe wa batho ba me yo o humanegileng* madi, yo o agileng le wena, ga o a tshwanela go tshwana le motho yo o adimisang batho madi a batla morokotso. Ga lo a tshwanela go mo duedisa morokotso.+

  • Lefitiko 25:36, 37
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 36 O se ka wa tsaya morokotso kgotsa wa dira poelo* mo go ene.+ O tshwanetse go boifa Modimo wa gago+ mme morwarrago o tla tswelela a tshela le wena. 37 Ga o a tshwanela go mo adima madi a gago o bo o batla morokotso+ kgotsa go mo naya dijo gore o bone poelo.

  • Nehemia 5:10
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 Mo godimo ga moo, nna, bomorwarre le batlhokomedi ba me re ba adima madi le dijo. Tsweetswee, a re tlogeleng go adima re batla morokotso.+

  • Pesalema 15:5
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  5 Ga a adimise madi a gagwe ka morokotso,+

      E bile ga a tseye pipamolomo gore a latofatse batho ba ba se nang molato.+

      Ope fela yo o dirang dilo tseno ga a kitla a kgopiwa.*+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela