Lefitiko 26:3, 4 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 3 “‘Fa lo tswelela lo tsamaya mo melaong ya me lo bo lo boloka ditaelo tsa me e bile lo di diragatsa,+ 4 ke tla lo nesetsa dipula tsa medupe ka dinako tsa tsone,+ mme lefatshe le tla ungwa+ le ditlhare tsa naga di tla ntsha maungo a tsone. Diane 10:22 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 22 Tshegofatso ya ga Jehofa ke yone e e humisang motho,+Mme ga a e oketse ka botlhoko.* Isaia 1:19 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 19 Fa lo ikemiseditse go reetsa,Lo tla ja dilo tse di molemo tsa naga ya lona.+
3 “‘Fa lo tswelela lo tsamaya mo melaong ya me lo bo lo boloka ditaelo tsa me e bile lo di diragatsa,+ 4 ke tla lo nesetsa dipula tsa medupe ka dinako tsa tsone,+ mme lefatshe le tla ungwa+ le ditlhare tsa naga di tla ntsha maungo a tsone.