-
Joshua 7:6Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
6 Foo Joshua o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la ga Jehofa go fitlha maitseboa, ene le bagolwane ba Iseraele, mme ba ne ba nna ba itshela lorole mo ditlhogong.
-
-
Jona 3:5, 6Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 Mme batho ba Ninife ba ile ba dumela mo Modimong+ ba bo ba bolela gore go itingwe dijo go bo go aparwe letsela la kgetsi, go simolola ka yo mogolo go fitlha ka yo monnye. 6 Fa kgosi ya Ninife e utlwa molaetsa oo, e ne ya ema mo setulong sa yone sa bogosi ya apola seaparo sa yone sa segosi mme ya apara letsela la kgetsi e bo e nna mo meloreng.
-