-
Jeremia 33:10, 11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
10 “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Mo lefelong leno le lo tla reng ke naga e e kgakgabetseng, e e se nang motho kgotsa leruo, mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema e e kgakgabetseng, e e se nang motho kgotsa monni kgotsa leruo, go tla utlwiwa gape 11 modumo wa boitumelo le modumo wa go ipela,+ lentswe la monyadi le lentswe la monyadiwa, lentswe la ba ba reng: “Ntshetsang Jehofa wa masomosomo ditebogo, ka gonne Jehofa o molemo;+ lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri!”’+
“‘Ba tla tlisa ditlhabelo tsa go leboga mo ntlong ya ga Jehofa,+ ka gonne ke tla busa batho ba lefatshe leno ba ba neng ba isitswe botshwarwa, fela jaaka kwa tshimologong,’ go bua Jehofa.”
-