-
2 Ditiragalo 36:15, 16Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo o ne a nna a ba tlhagisa a dirisa barongwa ba gagwe, a ba tlhagisa gangwe le gape, ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe le lefelo la gagwe pelo. 16 Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri,+ mme ba ne ba nyatsa mafoko a gagwe+ e bile ba kgoba baporofeti ba gagwe,+ go fitlha bogale jwa ga Jehofa bo tlela batho ba gagwe,+ go fitlha ba sa kgone go fodisiwa.
-
-
Isaia 42:24Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 Ke mang yo o letlileng gore Jakobe a gapiwe
Le yo o tsentseng Iseraele mo seatleng sa ba ba gapang?
A ga se Jehofa, Ene yo ba mo leofetseng?
-
-
Jeremia 40:2, 3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 Go tswa foo, molaodi wa bafemedi o ne a tsaya Jeremia mme a mo raya a re: “Jehofa, Modimo wa gago o ne a bolelela pele gore o tla tlisetsa lefelo leno masetlapelo ano, 3 mme Jehofa o a tlisitse fela jaaka a ne a buile, ka gonne lo leofetse Jehofa e bile ga lo a ka lwa ikobela lentswe la gagwe. Ke gone ka moo seno se lo diragaletseng.+
-