-
2 Samuele 16:5-7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 Fa Kgosi Dafide a goroga kwa Bahurime, monna mongwe wa losika lwa ga Saulo yo o bidiwang Shimei,+ morwa Gera, o ne a tswa a tla kwa go ene a ntse a mo hutsa.+ 6 O ne a konopa Dafide le batlhanka botlhe ba ga Kgosi Dafide ka maje, mmogo le batho botlhe le banna ba ba maatla ba ba neng ba le ka fa mojeng wa gagwe le ka fa molemeng wa gagwe. 7 Shimei o ne a bua jaana fa a ntse a mo hutsa: “Tswa, tswa wena monna yo o nang le molato wa madi! Wena monna yo o se nang mosola!
-