LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 10:4
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  4 Motho yo o bosula ga a dire dipatlisiso dipe ka gonne a le mabela;

      O nna a akanya go re: “Ga go na Modimo.”+

  • Pesalema 10:11
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 11 Motho yo o bosula o bua mo pelong a re: “Modimo o lebetse bosula jo ke bo dirileng.+

      Ga a kgathale.

      Ga a ntemoge.”+

  • Pesalema 94:3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  3 Ao tlhe Jehofa, batho ba ba bosula ba tla tswelela ka lobaka lo lo kae,

      Ba tla tswelela ba itumela ka lobaka lo lo kae?+

  • Pesalema 94:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  7 Ba re: “Jah ga a bone;+

      Modimo wa ga Jakobe ga a lemoge seno.”+

  • Esekiele 8:12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 12 O ne a nthaya a re: “Morwa motho, a o bona se bagolwane ba Iseraele ba se dirang mo lefifing, mongwe le mongwe a le mo diphaposing tse di kwa teng kwa medingwana ya gagwe e beilweng gone?* Gonne ba re, ‘Jehofa ga a re bone. Jehofa o dule mo lefatsheng leno.’”+

  • Sefania 1:12
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 12 Ka nako eo, ke tla tlhatlhoba Jerusalema ka kelotlhoko ka dipone,

      Mme ke tla atlhola batho ba ba sa tshwenyegeng ka sepe,* ba ba buang mo pelong ya bone ba re,

      ‘Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.’+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela