Ekesodo 6:6 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 6 “Ka jalo raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Jehofa, mme ke tla lo ntsha mo tirong e e boima ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone,+ e bile ke tla lo namola ka lebogo le le otlolotsweng* le ka dikatlholo tse dikgolo.+ Duteronome 9:29 Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha 29 Gonne ke batho ba gago le thuo ya gago,*+ ba o neng wa ba ntsha kwa Egepeto ka maatla a gago a magolo le ka lebogo la gago le le otlolotsweng.’+
6 “Ka jalo raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Jehofa, mme ke tla lo ntsha mo tirong e e boima ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone,+ e bile ke tla lo namola ka lebogo le le otlolotsweng* le ka dikatlholo tse dikgolo.+
29 Gonne ke batho ba gago le thuo ya gago,*+ ba o neng wa ba ntsha kwa Egepeto ka maatla a gago a magolo le ka lebogo la gago le le otlolotsweng.’+