LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ekesodo 14:21
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 21 Jaanong Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe kwa lewatleng;+ mme Jehofa o ne a busetsa metsi a lewatle kwa morago ka phefo e e maatla ya botlhaba bosigo jotlhe, a fetola boalo jwa lewatle go nna mmu o o omileng,+ mme metsi a ne a kgaogana.+

  • Joshua 3:16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 16 metsi a a elelang a a tswang kwa godimo a ne a ema fela a sa tshikinyege. A ne a tlhatlogela kwa godimo jaaka letamo* kgakala thata kwa Adame, motse o o gaufi le Sarethane, mme metsi a a fologelang kwa Lewatleng la Araba, e leng Lewatle la Letswai,* one a ne a kgala. A ne a kgaotsa go elela mme batho ba ne ba kgabaganya go lebagana le Jeriko.

  • Pesalema 114:1-3
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 114 Fa Iseraele a ne a tswa kwa Egepeto,+

      Fa lelapa la ga Jakobe le ne le tswa mo setšhabeng se se buang puo e sele,

       2 Juda e ne ya nna lefelo la Gagwe le le boitshepo,

      Iseraele ya nna puso ya Gagwe.+

       3 Lewatle le ne la bona seo mme le ne la tshaba;+

      Joredane le yone e ne ya boela morago.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela