-
Duteronome 6:21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
21 foo o reye morwao o re, ‘Re ne ra nna makgoba a ga Faro kwa Egepeto, mme Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng.
-
-
Duteronome 11:18, 19Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
18 “Lo tshwanetse go dira gore mafoko ano a me a nwelelele kwa teng mo pelong ya lona le mo mogopolong wa lona mme lo a bofelele mo seatleng sa lona e le sengwe se se lo gopotsang, mme a tshwanetse go nna jaaka lebanta la tlhogo mo phatleng ya lona.*+ 19 Lo a rute bana ba lona, lo bue ka one fa lo ntse mo matlong a lona le fa lo tsamaya mo tseleng le fa lo rapama le fa lo tsoga.+
-
-
Joshua 4:6, 7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
6 gore a nne sesupo mo go lona. Fa moragonyana bana ba lona* ba lo botsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa lo beile maje ano fano?’+ 7 lo tshwanetse go ba raya lo re: ‘Ka gonne metsi a Joredane a ne a kgaotsa go elela fa pele ga letlole+ la kgolagano ya ga Jehofa. Fa letlole le ne le kgabaganya Joredane, metsi a Joredane a ne a kgaotsa go elela. Maje ano a tla nna segopotso* se se tla nnelang ruri mo bathong ba Iseraele.’ ”+
-