-
Pesalema 81:11, 12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Le fa go ntse jalo, batho ba me ga ba a ka ba reetsa lentswe la me;
Iseraele ga a ka a inkobela.+
-
-
Jeremia 7:24-26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba reetsa e bile ga ba a ka ba tlhwaya tsebe;+ go na le moo ba ne ba tsamaya go dumalana le dikakanyo* tsa bone, ba latela dipelo tsa bone tse di bosula ka botlhogoethata,+ mme go na le gore ba tokafale ba ne ba nna maswe le go feta, 25 go simolola ka letsatsi le borraalonamogolo ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha mo letsatsing leno.+ Ka jalo, ke ne ka nna ka romela batlhanka ba me botlhe kwa go lona, e leng baporofeti, ke ba roma letsatsi le letsatsi, gangwe le gape.*+ 26 Mme ba ne ba gana go ntheetsa, e bile ga ba a ka ba ntlhwaela tsebe.+ Go na le moo, ba ne ba le tlhogoethata,* e bile ba ne ba dira bosula go feta borraabonemogolo!
-