-
Nehemia 9:17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
17 Ba ne ba gana go reetsa,+ e bile ga ba a ka ba gakologelwa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang tse o neng wa di ba direla, mme ba ne ba nna tlhogoethata* ba bo ba tlhoma moeteledipele gore ba boele kwa Egepeto+ kwa ba neng ba le makgoba gone. Le fa go ntse jalo, o Modimo yo o ikemiseditseng go itshwarela, yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,*+ mme ga o a ka wa ba latlha.+
-
-
Jona 4:2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 Ka jalo, o ne a rapela Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, a seno ga se se ke neng ke tshwenyega ka sone fa ke ne ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo kwa tshimologong ke neng ka leka go tshabela kwa Tareshishe;+ gonne ke ne ke itse gore o Modimo yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng+ le yo o utlwisiwang botlhoko ke masetlapelo.
-