-
1 Bakorintha 3:11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Gonne ga go na motho ope yo o ka thayang motheo ope o mongwe ntle le o o thailweng, e bong Jesu Keresete.+
-
-
1 Petere 2:4-7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
4 Fa lo tla mo go ene, yo e leng leje le le tshelang le le gannweng ke batho+ mme le ne la tlhophiwa ke Modimo e bile le le tlhwatlhwakgolo mo go ene,+ 5 lona ba lo leng maje a a tshelang lo ntlo e e agilweng ka moya wa Modimo+ gore lo nne baperesiti ba ba tlhophetsweng Modimo, gore lo ise ditlhabelo tse di dumalanang le moya wa Modimo+ e bile di amogelesega mo go ene ka Jesu Keresete.+ 6 Gonne Lokwalo lwa re: “Ke tlhoma leje le le tlhophilweng mo Siona, leje la sekhutlo* la motheo le le tlhwatlhwakgolo, mme ga go na ope yo o dumelang mo go lone yo o tla swabisiwang ka gope.”+
7 Ka jalo, lo mo tsaya a le tlhwatlhwakgolo ka gonne lo dumela mo go ene; mme ba ba sa dumeleng mo go ene go kwadilwe ka bone go twe, “leje le baagi ba neng ba le gana,+ jaanong le fetogile leje le legolo la sekhutlo”*+
-