LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esethere 7:10
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 10 Ka jalo, ba ne ba kaletsa Hamane mo koteng e a neng a e baakanyeditse Moredekai, mme bogale jwa kgosi bo ne jwa kokobela.

  • Pesalema 7:14, 15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 14 Bona motho yo o imileng se se bosula;

      O ima mathata mme o tla belega maaka.+

      15 O epa khuti e bile o nna a e epela kwa teng,

      Le fa go ntse jalo, o wela mo go yone khuti e a e epileng.+

  • Pesalema 9:15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 Ditšhaba di nwetse kwa tlase mo khuting e di e epileng;

      Lonao lwa tsone lo tshwerwe ke letlowa le di le fitlhileng.+

  • Pesalema 57:6
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  6 Baba ba me ba mpeetse serai;*+

      Ke tshwenyegile thata.+

      Ba epile khuti kwa pele ga me,

      Le fa go ntse jalo, ke bone ba ba welang mo go yone.+ (Selah)

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela