-
Ruthe 3:10, 11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
10 Boase o ne a mo raya a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse lorato lo lo sa kgaotseng mo lekgetlong leno la bofelo go feta mo go la ntlha,+ ka go sa latele makawana, a ka tswa a humile kgotsa a humanegile. 11 Mme jaanong morwadiaka, o se ka wa boifa. Ke tla go direla sengwe le sengwe se o se buang,+ ka gonne mongwe le mongwe mo motseng* o a itse gore o mosadi yo o molemo thata.
-