-
Diane 23:21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
21 Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega,+
Le motho yo o ratang boroko o tla apara makgasa.
-
-
Luke 15:13, 14Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Morago ga malatsi a le mmalwa, morwawe yo mmotlana o ne a phutha dilo tsa gagwe tsotlhe a bo a ya kwa nageng e e kgakala, mme fa a le koo o ne a di dirisa botlhaswa ka go tshela botshelo jwa botlhapelwa.* 14 Fa a sena go fetsa dilo tsa gagwe tsotlhe, go ne ga nna leuba le legolo mo nageng eo yotlhe, mme o ne a simolola go sotlega.
-