LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 31:20
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 20 Fa ke ba tlisa mo lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe+ le ke ikanneng gore ke tla le naya borraabonemogolo+ mme ba ja gore ba kgotsofale ba bo ba atlega,*+ ba tla ya kwa medimong e mengwe ba bo ba e direla mme ga ba kitla ba ntlotla e bile ba tla tlola kgolagano ya me.+

  • 2 Dikgosi 17:13, 14
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 13 Jehofa o ne a nna a tlhagisa Iseraele le Juda a dirisa baporofeti botlhe ba gagwe le mmoni mongwe le mongwe wa diponatshegelo,+ a re: “Boang mo ditseleng tsa lona tse di bosula!+ Bolokang ditaelo tsa me le melao ya me go ya ka molao otlhe o ke o laetseng borraalonamogolo le o ke o lo romeletseng ka batlhanka ba me e bong baporofeti.” 14 Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba reetsa, mme ba ne ba tswelela ba le tlhogoethata jaaka* borraabonemogolo ba ba neng ba se ka ba bontsha tumelo mo go Jehofa, Modimo wa bone.+

  • Nehemia 9:26
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 26 “Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba go reetsa mme ba go tlhanogela+ ba bo ba tlola Molao wa gago.* Ba ne ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa ba leka go ba busetsa kwa go wena, mme ba ne ba dira dilo tse di bontshang gore ba go nyatsa thata.+

  • Isaia 1:4
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  4 Ruri setšhaba seno se se leofileng,+

      Batho ba ba imetsweng ke molato wa bone,

      Losika lwa batho ba ba bosula, bana ba ba senyegileng, ba tla atlholwa.

      Ba tlogetse Jehofa;+

      Ba nyaditse Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele;

      Ba mo tlogetse.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela