-
2 Samuele 23:5Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 A losika* lwa me ga lo a nna jalo fa pele ga Modimo?
Ka gonne o dirile kgolagano e e nnelang ruri le nna,+
E e rulagantsweng sentle e bile go tlhomamisitswe gore e boammaaruri.
Ka gonne e kaya poloko ya me e e feletseng le boitumelo jotlhe jwa me,
A leo ga se lone lebaka la go bo a dira gore e atlege?+
-
-
Jeremia 33:25, 26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
25 “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Fela jaaka kgolagano e ke e dirileng le motshegare le bosigo e sa fetoge,+ le melao ya legodimo le lefatshe e sa fetoge,+ 26 ka tsela e e tshwanang lefoko la me ga le fetoge la gore ga nkitla ke latlha losika lwa ga Jakobe le lwa motlhanka wa me e bong Dafide, mme ke tla tlhopha babusi mo losikeng lwa gagwe ba ba tla busang ditlogolwana* tsa ga Aborahame, Isake le Jakobe. Gonne ke tla phutha batho ba bone ba ba neng ba isitswe botshwarwa+ ke bo ke ba tlhomogela pelo.’”+
-